“Sedimonthole 14–20. ‘Ke Lo Ratile, Go Bua Morena’: Malaki,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Sedimonthole 14–20. ‘Ke Lo Ratile, Go Bua Morena,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Sedimonthole 14–20: “Ke Lo Ratile, Go Bua Morena”
Malaki
“Ke lo ratile,” Morena a bolelela batho ba gagwe ka moperofeti Malaki. Mme Baiseraele, ba ba bogile ditshika tsa pogisego le tshwaro, ba botsa, “O re ratile jang?” (Malaki 1:2). Morago ga tsotlhe tse Iseraele e se raletseng, ba ka tswa ba ne ba ipotsa gore a ditso tsa bone ka nnete ke polelo ya lorato lwa Modimo mo Bathong ba Gagwe ba kgolagano. Ka tsela dingwe, go motlhofo go se bona e le polelo ya bokoa le tsuologo ya setho. Mme mo go tsone tsotlhe, Modimo ga a ise a emise go leke go itshwaraganya ka lorato. Fa barwa Jakobe ba tswara morwarraabone Josefa makgwakgwa, Morena o ne a ba boloka mo leubeng (bona Genesise 45:4–8). Fa Iseraele a ngongorega mo nageng, O ne a ba fepa ka mana (bona Ekesodo 16:1–4). Lefa Iseraele a mo ikgatholosetsa kwa badimong ba bangwe mme ba phatlaladiwa, Modimo o ne a solofetsa gore fa ba ka ikwatlhaya, O tlaa ba kgobokanya le go ba rekolola “ka mautlwelobotlhoko a magolo” (bona Isaia 54:7). Ka nnete, Kgolagano e Kgologoloke polelo ya bopelotelele, lorato la boitshoko tsa Modimo. Mme polelo e e tswelela gompieno. Jeso Keresete, “Letsatsi lwa Tshiamo,” jaaka Malaki a Mo biditse, o tlile ka “Kalafi mo diphukeng tsa gagwe” (Malaki 4:2). Ke sesupo segolo sa lorato lwa Modimo go Iseraele wa bogologolo le rona rotlhe.
Mo gontsi ka tshedimosetso ka ga buka ya ga Malaki, bona “Malachi” mo the Bible Dictionary.
Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Malaki 1-4
“Boelang go nna mme ke tlaa boela go lona.”
Ka letsatsi la ga Malaki, Baiseraele ba ne ba setse ba agile sešha tempele kwa Jerusalema, mme ele batho ba ba ne ba tlhoka go aga sešha kamano ya bone le Morena. Jaaka o ithutontsha Malaki, batla dipotso tse Morena a di boditseng Baiseraele kgotsa ba di mmoditse. Akanyetsa go ipotsa dipotso tse di tshwanang (dikai dingwe di akantshitswe fa tlase) go go thusa go sekaseka kamano ya gago le Morena le go atumela gaufi le Ene.
-
Ke ukutlwetse lorato lwa Morena jang? (bona Malaki 1:2).
-
A ditshupelo tsa me go Morena ka nnete di a Mo tlotlomatsa? (bona Malaki 1:6–11)
-
Ke tlhoka go “boela” go Morena ka ditsela dife? Malaki 3:7).
-
A ke tsietsa Modimo ka tsela epe? (bona Malaki 3:8–11).
-
Ke ka jang maitshwaro a me ka dinako tse di thata a supang maikutlo a me go Morena? (bona Malaki 3:13–15; bona le gone 2:17).
Malaki 1:6–14
Morena o kopa “tshupelo e e senang selabe.”
Jaaka o bala ka ga ditshupelo tse di tlhalositsweng mo Malaki 1, o tshwaela eng ka ditlhabelo tse baperisiti ba neng ba di supa? Ke eng se ditlhabelo tse di se akantshisang ka ga maikutlo a baperisiti go Morena? (bona Malaki 1:13). Akanyetsa go dira nankolo ya ditshupelo, kgotsa ditlhabelo, tse o di direlang go Morena. Nngwe le nngwe ya dilo tse nankotsweng, tlhatlhanya ka ga se se ka e dirang tshupelo e e “kgotlhelesegileng” kgotsa tshupelo e e “senang selabe” (Malaki 1:2, 11).
Malaki 3:8–12
Morena o bula dikgoro tsa legodimo jaaka ke supa tumelo ya me ka go duela ditsabosome.
Akanyetsa gore o na le tsala yo o sa tswang go itse gore o duela ditsabosome. “Ke eng o dira se?” tsala ya gago ya botsa. Akanya ka se jaaka o bala Malaki 3:8–12. O bona eng teng se se ka go thusang go araba potso ya tsala ya gago? Ke eng gape se o ka batlang tsala ya gago a se tlhaloganya ka ga ditsabosome? Go go thusa mo gontsi, o ka sekaseka molaetsa wa Mogolwane Neil L. Andersen “Tithing: Opening the Windows of Heaven” (Liahona, Nov. 2023, 32–35), o batla dikarabo tsa dipotso tsa go tshwana le tse:
-
Ke eng Morena a batla re duela ditsabosome?
-
Ke eng se se ka itsang motho mongwe go duela ditsabosome, e bile re ka kgona jang go fenya dikgoreletso tse?
-
Ke ka jang go duela ditsabosome di thatafatsang tumelo ya rona go Rara wa Legodimo le Jeso Keresete?
Le gone o ka abelelana le tsala ya gago ka fa Morena a go segofaditseng ka teng fa o duela ditsabosome. O ka bona megopolo mo kgaolo ya setlhogo sa “Lesson Number 1—Significant but Subtle Blessings” mo molaetseng wa Mogolwane David A. Bednar “The Windows of Heaven” (Liahona, Nov. 2013, 17–18). Re nna batho ba mofuta ofe ka go duela ditsabosome?
O akanya gore seele “go bula dikgoro tsa legodimo” (temana 10) e ka tswa e raya eng? Gongwe o ka leba kwa ntle ga fensetere mme wa akanya ka maikaelelo a difensetere. Ke eng “dikgoro tsa legodimo” e le tsela e e siameng ya go tlhalosa ka fa Morena a re segofatsang ka teng fa re duela ditsabosome?
Ponatshegelo kwa tempeleng ya Kirtland, ka Gary E. Smith
Malaki 4:5–6
“Ke tlaa lo romelela Elija moperofeti.”
Fa Moroni a nopola Malaki 4:5–6 go Joseph Smith, o dirile se “ka pharologanyonyana go tswa ka fa e balegang ka teng” mo Baebeleng (bona Joseph Smith—Ditso 1:36–39). Ke eng se pharologanyo ya ga Moroni e se oketsang mo go tlhaloganyeng ga gago ka perofeso e? Segolo bogolo, tlhatlhanya dipotso jaaka tse:
-
Ke bo mang “borraeno”? (bona Duteronome 29:13). Ke ditsholofetso dife tse ba di diretsweng? (bona Aberahame 2:9–11). O thusa jang go diragatsa ditsholofetso tse?
-
Ke maitemogelo a fe a a go thusitseng go busetsa pelo ya gago go bagologolo ba gago? Ke eng se se le botlhokwa mo togamaanong ya Rara wa Legodimo?
Go ithuta mo gontsi ka ga go tla ga ga Elija le ka fa perofeso e e diragadiwang ka teng gompieno, bona Dithuto le Dikgolagano 110:13–16 le D. Todd Christofferson, “The Sealing Power” (Liahona, Nov. 2023, 19–22). Ke eng o itumelela gore Elija o tlile?
Bona le gone Gerrit W. Gong, “We Each Have a Story,” Liahona, Motsheganong 2022, 43–46; “Turn Your Hearts,” Hymns, no. 291; “The Sealing Power” (setshwantsho sa motshikinyego), ChurchofJesusChrist.org.
The Sealing Power
Mo gontsi, bona dikgatiso tsa kgwedi e tsa Liahona le Go Nonofo ya Banana dimakasine.
Megopolo ya go Ruta Bana
Malaki 1-2
Morena o a nthata.
-
Wena le bana ba gago lo ka araba jang dipotso mo Malaki 1:2—“[Morena] o re ratile jang?” Abelanang mongwe le mongwe ka mabaka a o itseng A go rata. Gongwe bana ba gago ba ka tshwantsha ditshwantsho tse di gakololang ka lorato lwa Gagwe.
Akaretsa bana mo dipuisanyong tsa efangele. Fa ele gore o ruta bana ba ba botlana, o ka tswa o ka tlhoka go tlhama ditsela go ba akaretsa mo dipuisanyong tsa efangele. Ka sekai, bana ba gago ba ka fitisa bolo go dikologa; fa ba tshwere bolo, ba ka abelana lebaka le le lengwe fa ba itse Jeso a ba rata.
Malaki 3:8–12
Morena o tlaa ntshegofatsa fa ke duela ditsabosome.
-
O tlaa thusa jang bana ba gago go ithuta ka ga ditsabosome? O ka ba kopa go bala didirisiwa tse dinnye di le lesome, jaaka madi a tshipi mo tsebeng ya ditiragatso ya beke e. Mme ba ka farologanya nngwe ya didirisiwa tse mo go tse dingwe—se ke selekanyo sa se re se fang Morena e le ditsabosome. Go ya ka Malaki 3:8–12, ke eng Morena a batla re duela ditsabosome? (bona le gone “Malachi the Prophet” mo Old Testament Stories, 171–72; “First Things First!” [setshwantsho sa motshikinyego], Motlobo wa Dibuka tsa Efangele).
0:58Malachi the Prophet
1:18First Things First!
-
Jaaka lo bala Malaki 3:10 mmogo, o ka laletsa bana ba gago go ema fa fensetereng fa o bala seele “dikgoro tsa legodimo.” Kgotsa lo ka tshela metsi mo koping go fitlhelela a tshologela kwa ntle go supegetsa seele “go se kitla go nna le bonno jo bo lekaneng go di amogela.” Bolelela bana ka ga ditshegofatso tse Modimo a di go fileng jaaka o duela ditsabosome. Bana ba gago ba ka tshwantsha ditshwantsho go kaya ditshegofatso tse le go di kaletsa mo kgotsa go bapa le fensetere mo legaeng lwa lona.
Malaki 4:5–6
Elija o tlile go busetsa dipelo tsa rona kwa malwapeng a rona.
-
Mo Malaki 4:5–6, bana ba gago ba ka batla dikarabo tsa dipotso tse di latelang ka ga perofeso ya ga Malaki: Ke mang yo Morena a solofetsang go mo romela? Ke leng a re motho yo o tlaa tla? Ke eng se Morena a reng motho yo o tlile go se dira? Ka go re eng motho yo a tlhoka go tla? Ke fa kae kwa perofeso e e diragaditsweng? (bona Dithuto le Dikgolagano 110:13–16).
-
Go bona jaaka tsholofetso mo Malaki 4:5 e diragaditsweng ka teng, le gone o ka sekaseka “Joseph and Oliver Receive Priesthood Keys” mo Doctrine and Covenants Stories, 26–30. Pina jaaka “The Hearts of the Children” (Children’s Songbook, 92) e ka ruta bana ba gago go ithuta gore ke eng go le botlhokwa gore Elija a tle. Le gone o ka etela FamilySearch.org/discovery, ko FamilySearch Tree app, kgotsa Lelwapa bukana ya ka ditiragatso tse di ka go thusang le bana ba gago go busetsa dipelo tsa lona kwa bagologolong ba lona.
Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.