Tlayang, Ntshaleng Morago
Sedimonthole 21–27. “Re Ne Re Mo Emetse, mme O Tlaa Re Boloka”:


“Sedimonthole 21–27. ‘Re Ne Re Mo Emetse, mme O Tlaa Re Boloka’: keresemose,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Sedimonthole 21–27. “Re Ne Re Mo Emetse, mme O Tlaa Re Boloka”: Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Jeso wa losea a robetse

Go Rona Ngwana O Tshotswe, ka Simon Dewey

Sedimonthole 21–27: “Re Ne Re Mo Emetse, mme O Tlaa Re Boloka”

Keresemose

Kgolagano e Kgologolo e rwele mowa wa paakanyetso e kgolo. Ka tsela e o, e tshwana le paka ya keresemose. Go simolola ka Atame le Efa, bapatiriaka, baperofeti, baboki, le batho ba Kgolagano e Kgologolo ba lebeletse ka tsholofelo malatsi a a botoka, ba tletse ka tsholofelo ka ga ntšhafatso le kgologolo ke Mesia. Mme Baiseraele ba ne kgapetsa kgapetsa ba le mo letlhokong lwa tsholofelo e o—fa ba ne ba le mo tshwarong kwa Egepeto kgotsa Babilone kgotsa mo ba tshwerweng ke dibe le tsoulogo tsa bone. Mo go yone yotlhe, baperofeti ba ba gakolotse gore Mesia, Mogolodi, o tlaa tla “go itsise batshwarwi kgololo” (Isaia 61:1).

Tsholofelo e e simolotse go lemogiwa fa Jeso Keresete a tsholwa kwa Bethelehema. Mogolodi yo o maatla wa Iseraele o tsholetswe mo setaleng e bile a beilwe mo bojelong jwa diruiwa (bona Luke 2:7). Mme e ne e se fela Mogolodi wa Baiseraele ba bogologolo. O ne a tlile go golola wena—go rwala bopelobotlhoko jwa gago, go sikara mahutsana a gago, go ketekelwa maikepo a gago, gore dititeo tsa Gagwe o ka fodisiwa (bona Isaia 53:4–5). Mo ke gone gore Keresemose e tlale ka boitumelo jwa paakanyetso le gompieno. Mesia o ne a tla dingwaga di feta 2,000 tse di fetileng, e bile o tswelela go tla mo matshelong a rona nako nngwe le nngwe fa re Mo senka.

ekhone ya ithutontsho

Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

ekhone ya seminari
Ke itumelela mo Morekoloding wa me.

Keresemose e itsiwe e le paka ya boitumelo ka gonne Jeso Keresete o tlisa boitumelo mo lefatsheng. Makgolokgolo a dingwaga pele ga Jeso a tsholwa, baperofeti ba Kgolagano e Kgologolo le bone ba ikutlwetse boitumelo jaaka ba ne ba bua ka ga go tla gwa Mesia. Bala dingwe tsa ditemana tse di latelang, mme o akanye ka go reng di ne di ka nna boleng mo bathong ba ba lebeletseng pele ka tirelo ya Mmoloki: Pesalema 35:9; Isaia 25:8–9; 44:21–24; 51:11; Sekaria 3:14–20; Moše 5:5–11. Ke eng ditemana tse di leboleng mo go wena? Ke mabaka afe a ditemana tse tsa dikwalo tse di boitshepo di a fang go itumedisa?

Bona le gone Dallin H. Oaks, “Good Tidings of Great Joy” (First Presidency Christmas devotional, Dec. 4, 2022), Motlobo wa Efangele; “Joy to the World,” Hymns, no 201.

naledi e e galalelang mo loaping lwa bosigo

Dikao di ka nthusa go gakologelwa Jeso Keresete.

Dingwao ka bontsi tse di amanngwang le Keresemose di ka nna le bokao jo bo supang kwa go Keresete. Jaaka o ne o ithutontsha Kgolagano e Kgologolo ngwaga o, o ka tswa o tshwaetse dikao tse dintsi tsa ga Mmoloki. Di le mmalwa ke dinankotswe fa tlase. Akanyetsa go ithutontsha tse mme o kwale se di se go rutang ka Ene.

  • Naledi (Dipalo 24:17; Mathaio 2:2; Tshenolo 22:16).

  • Badisa (Pesalema 23; Luke 15:4–7; Johane 10:11)

  • Kwana (Genesise 22:8; Ekesodo 12:5; 1 Petere 1:18–20).

  • Metsi (Ekesodo 17:1–6; Jeremia 2:13; Esekiele 47:1–12; Johane 4:7–14).

  • Lentswe (1 Samuele 2:2; 2 Samuele 22:2–3; Pesalema 118:22–23; Isaia 28:16; Baefeso 2:20).

  • Kala (Isaia 11:1–2; Jeremia 23:5; 33:15).

  • Lesedi (Pesalema 27:1; Isaia 9:2; 60:19; Mika 7:8; Johane 8:12).

Ke dife tse dingwe dikao, ditemana, le dipolelo tse o di boneng mo dikwalong tse di boitshepo tse di bakang ka Jeso Keresete?

Bona le gone 2 Nefi 11:4; Mosia 3:14–15; Moše 6:63; “Types or Symbols of Christ” le “Jesus Christ,” gotlhe mo Kaedi ya Dikwalo tse di Boitshepo (Gospel Library).

“Leina la Gagwe le tlaa bidiwa Kgakgamatso.”

Jeso Keresete o umakiwa ka maina le ditlhogo tse dintsi tse di farologanyeng. Batla ditlhogo tse mo ditemaneng tse di latelang: Dipesalema 23:1; 83:18; Isaia 7:14; 9:6; 12:2; 63:16; Amose 4:13; Sekaria 14:16; Moše 7:53. Ke dife ditlhogo tse dingwe tse o ka di akanyang? O ka nna wa itumelela go nankola ditlhogo tsa ga Jeso Keresete tse o di bonang mo moopelong wa Keresemose. Ke ka jang setlhogo se sengwe le se sengwe se tlhotlheletsa tsela e o akanyang ka Ene?

Akanyetsa go tlhopha setlhogo kgotsa karolo ya ga Mmoloki e e tlaa go thusang go Mo gakologelwa go ralala ngwaga e e tlang.

Bona le gone Quentin L. Cook, “Personal Peace in Challenging Times,” Liahona, Nov. 2021, 89–92; “Hark! The Herald Angels Sing,” Hymns, no. 209.

Go feta fa, bona dikgatiso tsa kgwedi e mo Liahona le Go Nonofo ya Banana dimakasine.

ekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Kgolagano e Kgologolo e nthuta ka ga Jeso Keresete.

  • Wena le bana ba gago le ka tswa le nna le mekgabisa mengwe ya Keresemose e lo ka e dirisang go simolodisa puisanyo ka ga Jeso Keresete. Gongwe lo ka bua ka fa naletsana ya Keresemose, dipone, kgotsa mpho e re gakololang ka ga Mmoloki. Ke gone lo ka batlang mo go e le nngwe kgotsa go feta ya dikwalo tse di boitshepo tse di latelang sengwe se se kayang Jeso Keresete: Genesise 22:8; Dipalo 24:17; Dipesalema 23:1; 27:1. Gongwe bana ba gago ba ka tshwarela kwa godimo setshwantsho kgotsa mokgabisa tse di tsamaelanang le temana e nngwe le e nngwe jaaka o bala. Ke ka jang Jeso a tshwanang le kwana, naledi, modisa, kgotsa lebone? Akanyetsa go opela pina ya Keresemose mmogo, jaaka “Stars Were Gleaming” (Children’s Songbook, 37).

  • Bana ba gago le gone ba ka leba ditshwantsho kwa bofelelong jwa thulaganyo e jaaka o bala Isaia 9:6 go bone. Kopa bana ba gago go supa losea Jeso fa ba utlwa seele “ngwana o tshotswe.” Abelana bopaki jwa gago gore baperofeti ba Kgolagano e Kgologolo ba ne ba itse gore Jeso O tlaa tsholwa.

  • Jaaka o ipaakanyetsa go ithutontsha ka botshelo jwa ga Jeso Keresete mo Kgolagano e Ntšha ngwaga o o latelang, akanyetsa go sekaseka le bana ba gago se ba se ithutileng ka ga Ene ngwaga o mo Kgolaganong e Kgologolo. Lo ka sekaseka dithulaganyo tse di mo sedirisiweng se le mekwalo epe fela ya ithutontsho ya motho go lo thusa go gakologelwa se lo se ithutileng. Bana ba ba botlana ba ka nna ba sologelwa mosola ke go lebelela mo Old Testament Stories kgotsa ditshwantsho mo Tlayang, Ntshalang Morago. Ke dife diperofeso kgotsa dipolelo tse di kgatlhileng leitlho? Ke eng se re se ithutileng ka ga Mmoloki?

Dingwao tsa Keresemose di ka supa kwa go Jeso Keresete.

  • Ba malwapa a Baiseraele ba ne ba na le dingwao, jaaka Tlolanganyo le meletlo e mengwe, tse di neng di raeletswe go supegetsa dipelo le ditlhaloganyo tsa bone kwa go Morena (bona Ekesodo 12). Ke dife dingwe dingwao, ditemana, le dipolelo tse wena le bana ba gago lo nang le tsone ka nako ya Keresemose tse di lebaganeng le Jeso Keresete? Ke dingwao dife tse lo itseng ka ga tsone go tswa mo ditsong tsa lelwapa lwa lona? O ka akanyetsa go buisana le bana ba gago ka dingwao dingwe tse o batlang go di simolodisa. Megopolo mengwe e ka akaretsa go direla mongwe yo o mo letlhokong, go tlhopha sengwe se lo tlaa se fang e le “mpho” go Mmoloki, go laletsa tsala go lebelela difošhinale Keresemose ya Boporesidente Jwa Ntlha le wena (broadcasts.ChurchofJesusChrist.org), go ikwalela pina ya Keresemose, kgotsa go batla tsela e e tlhamilweng ya go abelana molaetsa wa tsalo ya ga Keresete.

Mo gae, go ithuta le go tshela ga go kgaogane. “Efangele e tsaya boleng jo bo rileng ka bonako mo gae. Kwa batho ba o ithutang le bone efangele ke batho ba o tlaa e tshelang le bone—letsatsi lengwe le lengwe. Ka nnete, nako e ntsi, go tshela efangele ke ka fa re ithutang efangele. Ka jalo jaaka o ithuta go ruta efangele mo gae, batla ditsela go gokaganya se o se ithutang le se o se dirang. Mo legaeng lwa gago, letla efangele go nna sengwe se o lekang go tshela ka sone, e seng fela sengwe se lo buang ka sone” (Teaching in the Savior’s Way31).

tiragalo ya Botsalo

Setshwantsho sa tiragalo ya Botsalo, ka Ethan Brown

Rara wa Legodimo o mphile Morwa wa Gagwe ele mpho ya me go nna Mmoloki wa me.

  • O ka thusa jang bana ba gago go ikutlwela tlotlo le boitumelo tsa botsalo jwa ga Keresete? Lo ka lebelela setshwantsho sa motshikinyego “The Christ Child” (Motlobo wa Efangele) kgotsa bala mmogo Mathaio 1:18–25; 2:1–12; Luke 1:26–38; 2:1–20. Ngwana o mongwe le o mongwe ba ka tlhopha motho go tswa mo setshwantshong sa motshikinyego kgotsa polelo ya dikwalo tse di boitshepo mme ba abelana ka fa motho yo o a ikutlwileng ka teng ka ga Mmoloki. Ke gone lo ka abelanang le ba bangwe maikutlo a lona ka ga Ene.

    17:57

    The Christ Child

  • Gongwe wena le bana ba gago lo ka bua ka dimpho tse lo di abileng kgotsa amogetseng mo dingwageng tsotlhe tse di le tliseditseng boitumelo. Ke gone le ka Isaia 25:9 mmogo mme lo bue ka gore ke eng lo itumelela gore Rara wa Legodmo o re romeletse Mmoloki. Go thusa bana go tlhaloganya botoka seabe sa ga Jeso Keresete jaaka Mmoloki, ba laletse go bala Isaia 25:8–9; 53:3–5; le Hosea 13:14. Ke eng se dikwalo tse di boitshepo di se re rutang ka fa Morena a re bolokang ka teng?

  • Le gone lo ka opela pina ya Keresemose mmogo, jaaka “Away in a Manger” (Children’s Songbook, 42–43) kgotsa “O Little Town of Bethlehem” (Hymns, no. 208). Thusa bana ba gago go batla diele mo pineng tse di ba thusang go itse gore Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba a ba rata?

Go feta fa, bona kgatiso ya makasine wa kgwedi e ya Tsala .

tiragalo ya Botsalo

Botsalo, ka N. C. Wyeth

Tsebe ya ditiragatso ya Poraemari: Kgolagano e Kgologolo e nthuta ka ga Jeso Keresete