“Ngwanatsele 9–15. “Ga Gona Modimo O Mongwe Yo o Ka Gololang”: Daniele 1–7,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
“Ngwanatsele 9–15. Ga Gona Modimo O Mongwe Yo o Ka Gololang”: Daniele 1–7,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026
Daniele a Tolokolola Toro ya ga Nebukatenesare], ka Grant Romney Clawson
Ngwanatsele 9–15: “Ga Gona Modimo O Mongwe Yo o Ka Gololang”
Daniele 1–7
Go ka se direge gore mongwe o ka tshosetsa go go latlhela mo leubelong le le tukang kgotsa mo logageng lwa ditau ka ntlha ya tumelo ya gago mo go Jeso Keresete. Mme ga go ope wa rona yo o ralalang botshelo jo go sena teko ya tumelo. Ka jalo rotlhe re ka sologelwa molemo ke dikai tsa batho ba ba tshwanang le Daniele, Shateraka, Mešake, le Abetenego, ba ba neng ba tshwerwe ba sale makolwane a mabotlana ke bogosi jo bo nonofileng jwa Babilone (bona 2 Dikgosi 24:10–16). Ba dikaganyeditswe ke ditso tse ba sa di tlwaelang di na le melaometheo e e farologanyo, ba kopane le dithaelo tse dikgolo go latlha ditumelo tsa bone le dingwao tse di boitshepo. Le fa go ntse jalo ba ne a tsepama mo boammaruring jwa dikgolagano tsa bone. Ba dirile se jang? Ka go dira dilo tse dinnye le tse di motlhofo tse Modimo a di kopang mo rona rotlhe—go rapela, go itima dijo, go tlhopha ditsala tse dimolemo, go ikanya mo go Ene, le go nna bokao mo go ba bangwe. Jaaka Josefa kwa Egepeto le Esethere kwa Peresia, Daniele le ditsala tsa gagwe kwas Babilone ba ne ba boloka tumelo ya bone mo Modimong, mme Modimo a dira dikgakgamatso tse di tlhotlheletsang badumedi le ka letsatsi le.
Ka ga tshoboko ya buka ya ga Daniele, bona “Daniel” in the Bible Dictionary
Megopolo ya go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Daniel 1; 3; 6
Ke ka tshepha Morena fa tumelo ya me e lekwa.
Ka tsela nngwe, rotlhe re tshela mo Babilone. Re kopana gantsi le dithaelo go tlhanogela ditekanyetso tsa rona le go ikgatholosa tumelo ya rona mo go Keresete. Jaaka o bala Daniele 1, 3, le 6, tshwaela ditsela tse ka fa Daniela, Shateraka, Mešake, le Abetenego ba neng ba le mo kgatelelong go dira dilo tse di sa siamang. Ba ne ba tsibogela jang diemo tse? (bona Daniel 1:10–13; 3:15–18; 6:10). Maduo a tumelo tsa bone e ne e le eng? O ithuta eng mo maitemogelong a se se ka go thusang go ikanya mo Modimo fa o kopana le kganetso? Le gone akanyetsa dipotso tse di latelang:
-
O ikutlwile leng o gateletswe go dira sengwe se o itseng gore ga se a siama? Morena o go segofaditse jang gore o tshegeditse ditaelo tsa Gagwe?
-
Fa jaanong tumelo ya gago e ka seke ya gogela kwa dikgakgamatsong tse o di batlang? (Ka sekai, bona Alema 14:8–13). O beeleditse ka se o se badileng mo Daniele 3:13–18, o akanya gore Shateraka, Mešake, le Abetenego ba ka bo ba arabile dipotso tse jang? Ke ka jang dikai tsa bone di ka ama ka fa o lebang diteko tsa gago?
-
Ke ka jang maikgethelo a a boitshepo a gago a ka gogelang ba bangwe kwa tumelong e kgolo mo Moreneng? (bona Daniele 2:47; 3:28–29). Tlhatlhanya ka fa maikgethelo a gago a ka amang ba bangwe ka teng.
Bona le gone Dieter F. Uchtdorf, “Be Not Afraid, Only Believe,” Liahona, Nov. 2015, 76–79.
Leka go akaretsa mongwe le mongwe. Mmoloki “o … laletsa botlhe go tla kwa go ene le go tlhakanela le ene molemo wa gagwe” (2 Nefi 26:33). Fa e le gore o ruta lelwapa la gago kgotsa tlelase, tlhatlhanya ka ditsela tse o ka neelang mongwe le mongwe tshono go tsaya karolo ka tsela nngwe. Ka sekai, o ka neela motho o mongwe le o mongwe temana ya dikwalo tse di boitshepo, kgaolo ya molaetsa wa khonferense, kgotsa temana go tswa bukeng ya kopelo go e tlhatlhanya mme a e tsibogele. O seka wa gatelela ope go tsaya karolo, mme ba fe ditshono.
Shateraka, Mešake, le Abetenegoba Mo Ntlong Ya Molelo, ka William Maughan
Daniele 2
Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ke bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.
Ka tshenolo, Daniele o ne a bona gore toro ya ga Nebukatenesare e ne e bolela pele ka ga magosi a selefatshe a isago, go akaretsa le magosi a Modimo a isago, a “a sekang a senngwa” (Daniele 2:44). “Kereke ke bogosi jwa malatsi a bofelo jo bo perofetilweng,” Mogolwane D. Todd Christofferson o rutile, “e sa bopiwa ke motho mme e tlhamilwe ke Modimo wa legodimo e bile e kgokologela pele jaaka lejwe ‘le kgolwa mo thabeng go sa dirisiwe diatla’ go tlatsa lefatshe” (“Why the Church,” Liahona, Nov. 2015, 111). Akanya ka bogosi jwa malatsi a bofelo jwa Modimo jaaka o bala ditlhaloso tsa lejwe mo Daniele 2:34–35, 44–45. Karolo ya gago ke eng mo go thuseng perofeso e go diragala?
Le gone bona “Hark, All Ye Nations!,” Hymns, no. 264; “God Gave Them Knowledge” (setshwantsho sa motshikinyego), ChurchofJesusChrist.org.
God Gave Them Knowledge
Daniele 2: 1–30
Go amogela tshenolo go lopa paakanyo ya semowa.
Jaaka o sekaseka Daniele 2:1–15, akanyetsa ka fa o ka ikutlwang ka teng fa o ka iphitlhela ka sebele o le mo maemong a ga Daniele. Daniele o dirile eng? (bona Daniele 2:16–18). O ka ithuta eng go tswa mo Daniele 1:17 mabapi le ka fa Modimo a baakantseng Daniele ka teng? O ka ithuta end mo mafokong le ditiro tsa ga Daniele morago ga go amogela thuso ya Morena? (bona Daniele 2:19–30).
Daniele 7:13–14
Jeso Keresete ke Morwa wa Rara wa Bosakhutleng.
Ka nako ya tirelo ya ga Mmoloki mo lefatsheng, Bajuta ka bontsi ba ne ba tsaya setlhogo “Morwa Motho” go tswa Daniele 7:13 go umaka go tleng gwa Mesia. O ithuta eng ka ga Mesia go tswa Daniele 7:13–14? (bona le gone Moše 6:57).
Mmoloki gantsi o ne a ikaya ka sebele jaaka “Morwa Motho.” Akanyetsa go sekaseka dikai dingwe: Mathaio 25:31; Mareko 9:31; 10:45. O ruta eng ka ga Gagwe mo ditemaneng tse? Mo Mareko 14:61–64, Jeso o dirisitse setlhogo se mo letsatsing la bofelo la botshelo jwa go swa jwa Gagwe. Tshwaela tsibogo ya batho ba ba utlwileng pego ya Gagwe. Ke ka jang perofeso ya ga Daniele ka ga Morwa Motho e ama maikutlo a gago ka ga se se Mo diragaletseng mo Mareko 15?
Fela jaaka Jeso a ne a ilelwa go bega gore E ne ele “Morwa motho,” le wena o ka nna wa lebagana le kgokgontsho ka go bega boammaruri. Tshwantshanya perofeso mo Daniele 7:13–14 le ditsholofetso mo Dithuto le Dikgolagano 121:29, 46.
Le gone bona Dithuto le Dikgolagano 49:6; Guide to the Scriptures, “Son of Man,” Motlobo wa Efangele.
Megopolo ya go Ruta Bana
Daniele 1; 3; 6
Jeso o tlaa nthusa go dira se se siameng le fa go le thata.
-
Go thusa bana ba gago go ithuta mo dipolelong tse di tlhotlheletsang tse di mo bukeng ya ga Daniele, o ka nna wa batla ditshwantsho tsa ditiragalo tse di mo Daniele 1, 3, le 6 (bona tsebe ya ditiragatso ya beke e kgotsa Gospel Art Book, nos. 23, 25, 26). Gone o ka nna wa baya ditshwantsho di ribame mme wa laletsa ngwana go ribolola e le nngwe le go bua ka polelo e e e kayang. (Ka thuso, bona “Daniel and His Friends,” “Shadrach, Meshach, and Abed-nego,” le “Daniel and the Lions’ Den” mo Old Testament Stories, 154–56, 160–62, 163–65.)
1:39Daniel and His Friends
1:39Shadrach, Meshach, and Abed-nego
1:45Daniel and the Lions’ Den
-
Thusa bana ba gago go akanya ka seemo se ba nnang mo kgatelelong go dira tshwetso e e seng yone, jaaka Daniele le ditsala tsa gagwe mo Daniele 1, 3, le 6. Abelanang ka fa lo segofaditsweng ka teng ke go dira ditshwetso tse di siameng le fa go ne go le thata. Le gone lo ka opela mmogo pina e e amang le setlhogo se, jaaka “Choose the Right” (Hymns, no. 239).
Boikanyo mo Lefokong la Tlhalefo
Daniele 1: 1– 17
Rara wa Legodimo o batla ke tlhokomela mmele wa me.
-
Go bala polelo ka ga Daniele le ditsala tsa gagwe ba gana go ja nama le mofine tsa kgosi go ka tlhotlheletsa puisanyo ka ga molao wa botsogo o Rara wa Legodimo a re o fileng gompieno (bona Dithuto le Dikgolagano 89). Gonwe lo ka batla ditshegofatso tse Daniele le ditsala tsa gagwe ba di amogetseng mme lwa di tshwantshanya le ditshegofatso tse di solofeditsweng mo Lefokong la Tlhalefo (bona Daniele 1:15–17 le Dithuto le Dikgolagano 89:18–21).
Daniele 2
Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ke bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.
-
Jaaka o bala Daniele 2:31–35, 44–45 le bana ba gago, o ka ba laletse go tshwantsha toro ya ga Nebukatenesare. Ba thuse go tlhaloganya gore lejwe le le mo torong e le kaya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Ke eng se re se ithutang ka ga Kereke go tswa mo torong e? Bana ba gago ba ka fa maina a dilo dingwe tse Rara wa Legodimo a di dirileng go tlhama Kereke ya Gagwe mo malatsing a bofelo. Fa ba ka tlhoka thuso, o ka supa ditshwantsho tsa ditiragalo tsa Tsosoloso ya Kereke (bona Gospel Art Book, Nos. 90–95).
Daniele 6
Rara wa Legodimo o batla ke rapela kgapetsa kgapetsa.
-
Ke eng go rapela Rara wa Legodimo go ne go le botlhokwa thata mo go Daniele? Gongwe wena le bana ba gago lo ka bua ka potso e jaaka lo bala Daniele 6 mmogo. Mme lo ka bolelelana gore ke eng go rapela go le botlhokwa mo go lona. Bana ba gago ba ka nna ba itumelela go tshwantsha ditshwantsho tsa ba rapela mo diemong tse di farologanyeng. O ka nna wa dirisa ditshwantsho tsa bone go rutana gore re ka rapela Rara wa Legodimo go sa kgathalesege gore re kae kgotsa re tlhoka eng.
Mo gontsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Tsala makasine.