Tlayang, Ntshaleng Morago
Motsheganong 11–17. “Itise gore O se ka wa Lebala Morena”: Duteronome 6–8; 15; 18; 29–30; 34


“Motsheganong 11–17. ‘Itise gore O se ka wa Lebala Morena’: Duteronome 6–8; 15; 18; 29–30; 34,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

“Motsheganong 11–17. ‘Itise gore O se ka wa lebala Morena,’” Tlayang, Ntshalang Morago: Kgolagano e Kgologolo 2026

Moše mo Thabeng ya Nebo

Moses on Mount Nebo, ka John Steel, © Providence Collection/licensed from goodsalt.com

Motsheganong 11–17: “Itise gore O se ka wa Lebala Morena”

Duteronome 6–8; 15; 18; 29–3034

Tirelo ya ga Moshe ya selefatshe e simolotse mo thabeng, fa Modimo O ne a bua le ene A le mo setlhereng se se tukang (bona Ekesodo 3:1–10). Le gone e ne ya felela mo thabeng, dingwaga di feta masome a mane moragonyana, fa Modimo a ne o mo naya kgabodiso ya lefatshe la tsholofetso go tswa kwa setlhoeng sa Thaba ya Nebo (bona Duteronome 34:1–4). Moše o ne a ntse botshelo jwa gagwe jotlhe a baakanyetsa bana ba Iseraele go tsena mo lefatsheng leo la tsholofetso, mme lokwalo la Duteronome le kwala ditaelo tsa gagwe tsa bofelo, dikgakololo, dikgothatso le dikopo tsa gagwe le Baiseraele. Go bala mafoko a gagwe go tlhalosa sentle gore maikaelelo a a konokono a tirelo ya ga Moše—ipaakanyo e batho ba neng ba e tlhoka—e ne e se ka ga go falola mo nageng, go fenya baba, kgotsa go aga setšhaba. E ne e le ka go ithuta go rata Modimo, go mo obamela le go nna re ikanyega mo go Ene. Ke yone paakanyo e rotlhe re e tlhokang go tsena mo lefatsheng la tsholofetso la botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo le fa Moshe a ise a ko a beye dinao mo “lefatsheng le le elelang mashi le dinotshe” (Ekesodo 3:8), ka ntlha ya tumelo le boikanyegi jwa gagwe, o ne a tsena mo lefatsheng la tsholofetso leo Modimo a le baakanyeditseng botlhe ba ba mo salang morago.

Go bona tshekatsheko ya Duteronome, bona “Deuteronome” mo Bible Dictionary.

aekhone ya ithuthuntsho

Megopolo ya go ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng

Deuteronome 6:4–7; 8:2–5, 11–17; 29:18–20; 30:6–10, 14–20

aekhone ya seminari
“Rata Morena Modimo wa gago ka pelo ya gago yotlhe.”

Molao wa ga Moše o ne o akaretsa meletlo le dingwao tse dintsi tsa ka fa ntle. Jaaka o tla bona mo kgakololong ya ga Moše mo go Duteronome, Morena o ne a tshwenyegile gape ka seemo sa ka fa teng sa batho ba Gagwe—seemo sa semowa sa dipelo tsa bone.

Mo ditemaneng tse di fa tlase, batla lefoko pelo, mme o akanye ka se le ka tswang le tshwantshetsa sone. O ka nna wa akanya ka ditemana tseno e le mofuta wa tlhatlhobo ya semowa ya pelo ya gago. Ke tlhatlhobo efe e o ka ineelang? Ke dikalafi dife tse o ka di nayang go tokafatsa botsogo jwa semowa jwa pelo ya gago? Kwala ditlhotlheletso tsa gago:

  • Duteronome 6:4–7:

  • Duteronome 8:2–5:

  • Duteronome 8:11–17:

  • Duteronome 29:18–20:

  • Duteronome 30:6–10:

  • Duteronome 30:14–20:

Tsela nngwe ya go rulaganya dikakanyo tsa gago e ka nna go tshwantsha pelo mme o kwale mo teng ga yone dilo tse Morena a reng o tshwanetse go nna le tsone mo pelong ya gago. Go tswa foo o ka kwala kwa ntle ga yone dilo tse o tshwanetseng go di tshegetsa kwa ntle ga pelo ya gago.

O supa jang gore o rata Modimo ka pelo ya gago yotlhe? Ka megopolo, bona “Rata Modimo, rata moagisanyi wa gago” mo Go Nonofo ya Banana: Kaelo ya go Dira Boitshenkelo, 10–12.

Bona le gone M. Russell Ballard, “Lovest Thou Me More Than These?,” Liahona, Nov. 2021, 51–53.

Batla ditshedimosetso tsa gago tsa semoya. Tlayang, Ntshalang Morago e akantsha ditemana le melawana e o tshwanetseng go tlhoma mogopolo mo go yone mo dikwalong tse di boitshepo, mme o se ka wa letla seo go lekanyetsa ithutontsho ya gago . Fa o ntse o bala Duteronome, o ka nna wa lemoga molawana o o sa tlhomololweng fano. Letla Mowa o go kaele mo go se o tlhokang go se ithuta.

Duteronome 6:4–12, 20–25

“Itise gore o se ka wa lebala Morena.”

Bontsi jwa Baiseraele ba ba neng ba tla tsena mo lefatsheng la tsholofetso ba ne ba ise ba bone dipetso tsa kwa Egepeto kgotsa go kgabaganya Lewatle le Lehibidu. Moše o ne a itse gore bone—le dikokomana tsa lobaka lo lo tlang—ba ne ba tlaa tlhoka go gakologelwa dikgakgamatso tsa Modimo le melao ya Modimo gore ba nne ba le batho ba Modimo.

Ke kgakololo efe e o e bonang mo Duteronome 6:4–12, 20–25 e e ka go thusang go gakologelwa dilo tse dikgolo tse Modimo a go di diretseng? O tlhotlhelediwa go dira eng gore lefoko la Morena letsatsi le letsatsi “le nne mo pelong ya gago”? (temana 6).

Gape o ka nna wa ithuta molaetsa wa ga Mokaulengwe Jan E. Newman o o reng “Preserving the Voice of the Covenant People in the Rising Generation” (Liahona, Nov. 2023, 36–38) mme o akanye ka fa o tlaa fetisetsang tumelo ya gago mo go Keresete mo dikokomaneng tsa lobaka lo lo tlang.

Bona le gone Duteronome 11:18–21; Dale G. Renlund, “Consider the Goodness and Greatness of God [Akanya ka Bomolemo le Bogolo jwa Modimo],” Liahona, May 2020, 41–44; Bible Dictionary, “Frontlets or phylacteries.”

Duteronome 15:1–15

Go thusa batho ba ba tlhokang go akaretsa diatla tse di lebole le dipelo tse di ratang.

Ga re ise re goroge mo letsatsing leo “go tla bong go sena bahumanegi mo go lona” (Duteronome 15:4), ka jalo melawana ya go thusa bahumanegi mo go Duteronome 15 e santse e le botlhokwa, le fa mekgwa e e rileng e fetogile. Ela tlhoko gore ditemana 1–15 di ruta eng ka gore ke eng re thusa batho ba ba tlhokang le gore maikutlo a rona a tshwanetse go nna jang ka ga seo.

Go “bulela batho ba ba tlhokang seatla sa gago” go raya eng? (temana 8, 11). O ithuta end mo sekaong sa Morena ka go thusa batho ba ba tlhokang? (bona temana 15).

Bona le gone “Have I Done Any Good?,” Hymns, no. 223.

Duteronome 18:15–19

Moše o ne a “tshwana le” Jesu Keresete.

Petere, Nifae, Moronae, le Mmoloki ka boene botlhe ba ne ba akgela ka ga seperofito sa Duteronome 18:15–19 (bona Ditiro 3:20–23; 1 Nifae 22:20–21; Joseph Smith—Ditso 1:40; 3 Nifae 20:23). O ithuta eng ka ga Mmoloki go tswa mo ditemaneng tse? Akanya ka se o se badileng ka Moše mo dibekeng di le mmalwa tse di fetileng. Moše o “tshwana” jang le Jesu Keresete?

Jeso a ruta Banifae

Jeso Keresete o boleletse batho ba Gagwe kwa Amerika wa bogologolo, “Ke nna yo moperofeti Moše a neng a bua ka ene” (3 Nifae 20:23).

Duteronome 29:9; 30:15–20

Morena o ntaletsa go tlhopha fa gare ga molemo le bosula.

Go ka nna ga nametsa go tshwantshanya mafoko a ga Moše mo go Duteronome 29:9; 30:15–20 ka dingwe tsa dithuto tsa bofelo tsa ga Lehi go lelwapa la gagwe mo 2 Nifae 2:26–29; 4:4. Lihae o ne a atolosa jang se Moše a neng a se ruta? Ke eng se o se bonang mo ditemaneng tsena se se go tlhotlheletsang “tlhopha botshelo”? (Duteronome 30:19).

aekhone ya kgaolo ya bana

Megopolo ya go Ruta Bana

Duteronome 6:5

Nka rata Modimo ka pelo yotlhe.

  • Go thusa bana ba gago go tlhaloganya Duteronome 6:5, o ka tshwantsha pelo, mola wa mmele, le seatla se se thata. Bana ba gago ba ka supa ditshwantsho fa o bala mafoko, “pelo,” “mowa,” le “nonofo” mo temaneng. Re supegetsa Morena jang gore re a Mo rata ka pelo yotlhe ya rona, ka mowa otlhe le ka nonofo yotlhe ya rona?

Duteronome 6:6–15

Ke ka tshegetsa lefoko la Modimo mo pelong ya me.

  • Bala le bana ba gago kgakololo ya Morena mo Baiseraeleng go baya ditemana tsa dikwalo tse di boitshepo fa ba tlaa di bonang teng letsatsi le letsatsi (bona Duteronome 6:6–9). Seno se ka go tlhotlheletsa le bana ba gago go akanya ka ditsela tsa go netefatsa gore ga le “lebale Morena” (temana 12) le go gakologelwa se a se le diretseng.

  • O ka supa gore Duteronome 6:13, 16 le 8:3 di thusitse Mmoloki ka nako ya botlhokwa mo botshelong jwa Gagwe. Go bona gore jang, balang mmogo Mathaio 4:1–10. Go tswa foo lo ka abelana le ba bangwe ditemana dingwe tsa dikwalo tse di go thusitseng mo dinakong tsa letlhoko.

lekawana le bala dikwalo tse di boitshepo

Duteronome 18:15–18

Baperofeti ba re ruta ka ga Jeso Keresete.

  • Fa lo ntse lo bala Duteronome 18:18 mmogo, thusa bana ba gago go tlhaloganya gore Moperofeti yo o tshwanang le Moshe mo temaneng e ke Jeso Keresete. Gongwe o ka leba ditshwantsho tsa dilo tse Moše a di dirileng le dilo tse Jeso Keresete a di dirileng, mme o letle bana ba gago go di tshwantshanya (bona Gospel Art Book, dinomoro 15, 16, 3839). Moperofeti wa rona gompieno o re rutile eng ka ga Mmoloki?

Duteronome 29:12–13; 30:8–10

Ka ntlha ya dikgolagano tsa me, ke karolo ya batho ba Modimo.

  • Go bua ka Duteronome 29:12–13 go go neela tshono le bana ba gago go bua ka dikgolagano tse ba tlaa di dirang kgotsa tse ba di dirileng le Rara wa Legodimo. Go raya eng go nna batho ba Modimo? Ditsholofetso tsa rona di re dira jang batho ba Modimo? (bona temana 13; bona gape Mosaia 18:8–10).

  • Fa bana ba gago ba tlhoka thuso go tlhaloganya gore kgolagano ke eng, ba akantshe gore ba batle tlhaloso mo go “Covenant” mo Guide to the Scriptures (Gospel Library). Ke ditsholofetso di fe tse Modimo le Baiseraele ba neng ba di direlana Duteronome 30:8–10? Ke ditsholofetso dife tse re di dirileng le Modimo? (Bona Dithuto le Dikgolagano 20:37, 77). Ditsholofetso tseno di re golaganya jang le Ene? Akanyang go opela mmogo pina ka dikgolagano, jaaka “Standing on the Promises” (Motlobo wa Efangele).

Ka ga megopolo e mentsi, bona kgatiso ya kgwedi e ya Friend makasine.

Moše a lebile kwa lefatsheng la tsholofetso

The Lord Shewed Him All the Land [Morena o mmontshitse lefatshe lotlhe], ka Walter Rane

Tsebe ya tiro ya Poraemari: Nka tshegetsa lefoko la Modimo mo pelong ya me