“Megopolo ya go Tokafatsa go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)
Megopolo ya go Tokafatsa go Ithuta kwa Gae le kwa Kerekeng
Jaaka o ithutontsha efangele ya Mmoloki kwa gae le kwa kerekeng, sekaseka dipotso tse di latelang:
-
O ka laletsa jang Mowa mo ithutontshong ya gago?
-
O ka tlhoma mogopolo jang mo go Mmoloki mo ithutontshong ya gago?
-
O ka dirisa jang tšhono ya dinako tsa letsatsi le letsatsi tsa go ithuta?
-
O ka rotloetsa jang maloko a lelwapa le maloko a tlelase go ithutontsha dikwalo tse di boitshepo ka bo bone le go abelana se ba se ithutang?
Fano ke ditsela dingwe tse di motlhofo tsa go oketsa boleng jwa go ithutontsha lefoko la Modimo.
Rapelela Tlhotlheletso
Dikwalo tse di boitshepo ke lefoko la Modimo, ka jalo Mo lope thuso go di tlhaloganya.
Batla boammaaruri ka ga Jeso Keresete
Dilo tsotlhe di paka ka ga Keresete (bona 2 Nefi 11:4; Mošhe 6:63), ka jalo akanya ka go kwala kgotsa go tshwaya ditemana tse di pakang ka Mmoloki, Mo rate thata, mme o rute ka fa o ka mo salang morago ka teng. Nako dingwe boammaaruri ka ga Mmoloki le efangele ya Gagwe di buiwa go tlhamaletswe, mme nako tse dingwe di kaiwa ka sekai kgotsa polelo. Ipotse, “Ke bofe boammaaruri jwa bosakhutleng jo bo rutiwang mo ditemaneng tse? Boammaaruri jo bo nthuta eng ka ga Mmoloki?”
Reetsa Mowa
Ela tlhoko dikakanyo tsa gago le maikutlo, le fa e kare ga di amane le se o se balang. Dikakanyo tseo e ka nna tseo tota tse Rara wa gago wa Legodimo a batlang gore o di ithute.
Kwala dikakanyo tsa gago
Go na le ditsela tse dintsi tsa go kwala dikakanyo tse di tlang jaaka o ithutontsha. Sekai, o ka fitlhela gore mafoko mangwe le dipolelwana mo dikwalong tse di boitshepo di a go kgatlha; mme o ka di tshwaya le go di kwala le dikakanyo tsa gago e le mokwalonyana mo dikwalong tse di boitshepo. Gape o ka boloka jenale ya diponatshego, maikutlo, le dikakanyo tse o di amogelang.
Abelana se o se ithutang le ba bangwe
Go buisana ka megopolo go tswa mo ithutontshong ya gago ke tsela e e siameng ya go ruta ba bangwe, mme gape e thusa go nonotsha go tlhaloganya ga gago ka se o se badileng. Abelana se o se ithutang le maloko a lelwapa le ditsala (ka bowena kgotsa maranyane), mme o ba laletse go dira mo go tshwanang.
Tshwantshanya dikwalo tse di boitshepo le botshelo jwa gago
Akanya ka fa dipolelo le dithuto tse o di balang di amanang le botshelo jwa gago ka teng. Sekai, o ka ipotsa, “Ke maitemogelo afe a ke kileng ka nna le one a a tshwanang le se ke se balang?”
Botsa dipotso jaaka o ithutontsha
Jaaka o ithutontsha dikwalo tse di boitshepo, dipotso di ka tla mo tlhaloganyong. Dipotso tse di ka amana le se o se balang kgotsa botshelo jwa gago ka kakaretso. Tlhatlhanya dipotso tse mme o batle dikarabo jaaka o tswelela o ithutontsha dikwalo tse di boitshepo.
Dirisa dithuso tsa go ithutontsha dikwalo tse di boitshepo
Go amogela diponatshego tse dingwe tsa tlaleletso mo ditemaneng tse o di balang, dirisa mekwalo e e kwa bofelong jwa tsebe, Topical Guide, le Bible Dictionary, le Guide to the Scriptures, le dithuso tse dingwe tsa ithutontsho.
Akanya ka seemo sa dikwalo tse di boitshepo
O ka bona megopolo ka ga dikwalo tse di boitshepo fa o akanya ka se di buang ka sone, go akaretsa diemo kgotsa lefelo le a tswang mo go lone. Sekai, go itse tlholego le ditumelo tsa batho ba Modimo a buang le bone go ka go thusa go tlhaloganya maikaelelo a melaetsa ya Gagwe.
Ithutontshe mafoko a baperofeti le baaposetole ba malatsi a bofelo
Bala se baperofeti le baaposetole ba malatsi a bofelo ba se rutang ka ga melawana e o e bonang mo dikwalong tse di boitshepo.
Tshela ka se o se ithutang
Ithutontsho ya dikwalo tse di boitshepo e ka re tlhotlheletsa le go re gogela go fetola ka fa re tshelang ka teng. Reetsa se Mowa o go rotloetsang go se dira fa o bala, mme ke gone ineele go dira dithotloetso tseo.
Dirisa moopelo
Difela le dipina tsa bana tse di tlhopilweng di bonwa mo Tlayang, Ntshalang Morago. Dirisa moopelo o o boitshepo go laletsa Mowa le go nonotsha tumelo ya gago le bopaki jwa boammaaruri jwa efangele.
Tshwara dikwalo tse di boitshepo ka tlhogo
Tlhopha temana ya lekwalo le le boitshepo e e nang le bokao mo go wena, mo lelwapeng la gago, kgotsa mo tlelaseng ya gago, mme le e tshware ka tlhogo ka go e boeletsa letsatsi le letsatsi kgotsa go tshameka motshameko wa go e tshwara ka tlhogo.
Abelana dithuto tsa sedirisiwa
Batla didirisiwa tse di amanang le dikgaolo le ditemana tse o di balang. Akanya ka fa sedirisiwa sengwe le sengwe se amanang le dithuto tse di mo dikwalong tse di boitshepo.
Tshwantsha, batla, kgotsa tsaya senepe
Bala ditemana di se kae, mme jalo tshwantsha sengwe se se amanang le se o se balang. Kgotsa o ka lebelela setshwantsho mo go Gospel Art Book kgotsa gongwe go sele mo Motlobong wa Efangele. O ka tsaya senepe se se supang se o se ithutileng.
Diragatsa polelo
Morago ga go bala polelo, laletsa maloko a lelwapa kgotsa a tlelase go e diragatsa. Morago ga moo, buisanang ka fa polelo e amanang ka gone le dilo tse lo di itemogelang ka bongwe le jaaka lelwapa.
Phuthologang kwa gae
Fa o na le maloko a lelwapa a a sa eletseng go tsaya karolo mo ithutontshong ya dikwalo tse di boitshepo ya lelwapa, batla ditsela tse dingwe go ikgolaganya le bone. Ka sekai, a o ka abelana boammaaruri jwa bosakhutleng mo go gololesegileng mo dipuisanong tsa gago kgotsa go abelana dikwalo tse di boitshepo ka tsela e e keteng ga o rere kgotsa o pateletsa? Ithutontsho ya dikwalo tse di boitshepo ga e a tshwanela go tshwana mo lelwapeng lengwe le lengwe. Bana bangwe ba ka nna botoka mo go ithutontsheng dikwalo tse di boitshepo bongwe ka bongwe. O rapele le go sala morago tlhotlheletso ya Mowa.
Phuthego ya khansele ya baruti ya batsadi. Fa o tlhoka thuso e nngwe mo maikaelelong a gago go ruta bana ba gago, batla go itse gore a wate ya gago e tshegetsa dikopano tsa khansele ya baruti ya batsadi (bona General Handbook, 17.5). Dkopano tse ke menyetla ya batsadi go gakololana le go ithuta mmogo ka fa ba ka tokafatsang dithuto tsa bone. Ba ka buisana ka melawana mo go Teaching in the Savior’s Way, megopolo mo ditsebeng tse go tokafatsa ithutontsho ya dikwalo tse di boitshepo ya lelwapa, le dikakanyo tsa go ithuta le go ruta tse di bonwang mo go Tlayang, Ntshalang Morago.