Tlayang, Ntshaleng Morago
Go dirisa Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke


“Go dirisa Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke,” Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke: Kgolagano e Kgologolo 2026 (2026)

banyalani ba ithutontsha mmogo

Go dirisa Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke

Sedirisiwa Se Ke Sa Bo Mang?

Tlayang, Ntshalang Morago ke ya mongwe le mongwe yo o batlang go ithuta go tswa mo dikwalong tse di boitshepo—motho ka bongwe, ele lelwapa, le mo ditlelaseng tsa Kereke. Fa o ise o ithutuntshe dikwalo tse di boitshepo ka galea mo nakong e e fetileng, sedirisiwa se se ka go thusa go simolola. Fa o setse o na le mokgwa o montle wa go ithutontsha dikwalo tse di boitshepo, sedirisiwa se se ka go thusa go nna le maitemogelo a a nang le bokao.

Batho ka bongwe le Malwapa kwa Gae

Lefelo le le siametseng go ithuta efangele ke kwa gae. Baruti ba gago kwa kerekeng ba ka go rotloetsa, mme o ka bona kgothatso go tswa mo malokong a mangwe a wate. Mme go falola ga semowa, mongwe le mongwe wa rona o tlhoka kotlo ya letsatsi le letsatsi go tswa “mo lefokong le le molemo la Modimo” (Moroni 6:4; bona le gone Russell M. Nelson, “Opening Remarks,” Liahona, Nov. 2018, 6–8).

Dirisa sedirisiwa se ka tsela epe fela e e tlaa go thusang Ditshoboko di tshwaya boammaaruri bongwe jo bosakhutleng jo bo bonwang mo Kgolagano e Kgologolo. Le gone di kaya megopolo le ditiro go go thusa go ithutontsha dikwalo tse di boitshepo ka bongwe, le ba lelwapa lwa gago, kgotsa le ditsala. Jaaka o ithutontsha, sala morago kaelo ya Mowa go bona boammaaruri jwa bosakhutleng jo bo nang le bokao mo go wena. Batla melaetsa ya Modimo go wena, mme o sale morago ditlhotlheletso tse o di amogelang.

Baruti le Baithuti kwa Kerekeng

Tlaya, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke ke thulaganyo ya ditlelase tsa Tshipi mo Poraemari, banana le bagolo ba Sekolo sa Tshipi, tlelase ya Makgarejwana, le diphuthego tsa khoramo ya Boperesiti jwa ga Arone. Fa e le gore o ruta mo go epe ya mafelo a, o kgothalediwa go dirisa ditshoboko tse di mo sedirisiweng se mo thutong ya gago ya motho le fa o ntse o ipaakanyetsa go ruta. Simolola ka go nna le maitemogelo a gago a dikwalo tse di boitshepo. Go ipaakanya ga gago mo go botlhokwa thata go tlaa diragala fa o sekaseka dikwalo tse di boitshepo mme o batla tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo. Batla boammaaruri jwa bosakhutleng jo bo go thusang go nna thata jaaka Rara wa Legodimo le Jeso Keresete. Tlayang, Ntshalang Morago e ka go thusa go supa dingwe tsa boammaaruri jo le go tlhaloganya dintlha tsa dikwalo tse di boitshepo.

Gakologelwa gore go ithuta efangele, ka botlalo jwa yone, go remelela mo gae e bile go tshegediwa ke Kereke. Ka mafoko a mangwe, boikarabelo jwa gago jwa konokono ke go rotloetsa batho ba o ba rutang mo maitekong a bone a go ithuta le go tshela efangele kwa lwapeng. O seka wa tshwenyega ka go nna le diteng tse di farologanyeng tse o ka di ba nayang mo tlelaseng. Mo boemong, ba neele menyetla ya go abelana maitemogelo a bone, dikakanyo, le dipotso ka ditemana tsa dikwalo tse di boitshepo tse ba di badileng kwa gae. Ba laletse go abelana boammaaruri jwa bosakhutleng jo ba bo boneng. Se se botlhokwa go feta go na le go ama selekanyo sengwe sa didirisiwa.

Ditlelase tsa Sontaga tsa Banana le Bagolo

Lebaka le le lengwe la konokono le ka lone re phutheganelang mo ditlelaseng tsa Sekolo sa Sontaga ke go thusana le go kgothatsana jaaka re ntse re leka go itse le go sala morago Jeso Keresete. Tsela e motlhofo ya go dira se ke go botsa potso e tshwanang le “Mowa o o Boitshepo o go rutile eng beke e jaaka o ne o ithuta dikwalo tse di boitshepo?” Dikarabo tsa potso e di ka gogela kwa dipuisanong tse di nang le bokao tse di agang tumelo mo go Jeso Keresete le efangele ya Gagwe.

Ke gone o ka laletsang puisano e e remeletseng mo megopolong ya go ithuta mo Tlayang, Ntshalang Morago. Ka sekai, mogopolo wa ithutuntsho o ka go tlhagisa go batla Isaia 53, o batla mafoko a a tlhalosang thomo ya Mmoloki. O ka nna wa kopa maloko a tlelase go abelana dikakanyo dingwe kgotsa maikutlo a mafoko a a ba tlhotlheleditseng. Kgotsa le ka dirisa nako nngwe le batla mafoko a le le tlelase.

Dikhoramo tsa Boperesiti jwa ga Arone le Ditlelase tsa Makgarejwana

Fa dikhoramo tsa Boperesiti jwa ga Arone le ditlelase tsa makgarejwana di kopana ka Sontaga, maikaelelo a tsone a farologane go sekae le tlelase ya Sekolo sa Sontaga. Mo tlaleletsong ya go thusana go ithuta efangele ya ga Jeso Keresete, ditlhopha tse le gone di kopana go gakololana mmogo ka ga go diragatsa tiro ya poloko le kgalalelo ya bosakhutleng (bona General Handbook, 1.2). Ba dira se ka kaelo ya boporesidente ba khoramo le tlelase.

Ka lebaka le, khoramo nngwe le nngwe kgotsa bokopano jwa tlelase bo tshwanetse go simolola ka leloko la khoramo kgotsa poresidente wa tlelase a etelela pele dipuisano ka ga maiteko a go, ka sekai, tshela efangele, go direla batho ba ba tlhokang, go abelana efangele, kgotsa go tsaya karolo mo tirong ya tempele le ditso tsa lelwapa.

Morago ga nako e ya go gakololana, mokaedi o etelela pele tlelase kgotsa khoramo mo go ithuteng efangele mmogo. Baeteledipele ba bagolo kgotsa maloko a tlelase kgotsa khoramo ba ka neelwa go ruta. Boporesidente ba tlelase kgotsa Khoramo, ba buisana le baeteledipele ba bagolo, ba dira dithomo tse.

Batho ba ba neetsweng go ruta ba tshwanetse go ipaakanya ka go dirisa megopolo ya go ithuta mo tshobokong ya beke le beke ya Tlayang, Ntshalang Morago. Mo tshobokong nngwe le nngwe, aekhone e aekhone ya seminari e bontsha tiro e segolo bogolo e amanang le banana. Le fa go ntse jalo, megopolo e e mo tshobokong e ka dirisiwa e le tiro ya go ithuta ya banana.

Ka sesupo sa lenaneo la dikopano tsa Khoramo le tlelase, bona aphentekisix D.

Poraemari

Ipaakanyo ya gago go ruta Poraemari e simolola ka ithutuntsho dikwalo tse di boitshepo ka bo wena le ba lelwapa la gago. Fa o ntse o dira jalo, bulegela ditlhotlheletso tsa semowa le ditshedimosetso go tswa mo Moweng o o Boitshepo ka bana mo tlelaseng ya gago ya Poraemari. O rapele, mme Mowa o ka go tlhotlheletsa ka megopolo go ba thusa go ithuta efangele ya ga Jeso Keresete.

Jaaka o ipaakanyetsa go ruta, o ka amogela tlhotlheletso ya tlaleletso ka go sekaseka megopolo ya go ruta mo Tlayang, Ntshalang Morago—Ya Legae le Kereke. Tshoboko nngwe le nngwe mo sedirisiweng se e na le karolo ya setlhogo “Megopolo ya go Ruta Bana.” Akanya ka megopolo e jaaka dikaedi go tsibosa tlhotlheletso ya gago. O itse bana mo tlelaseng ya gago ya Poraemari—mme o tlaa ba itse mo go botoka jaaka o amana le bone mo tlelaseng. Modimo o a ba itse le ene, mme O tlaa go tlhotlheletsa ka ditsela tse di gaisang go ba ruta le go ba segofatsa.

Go na le kgonagalo ya gore bana mo tlelaseng ya gago ba ka tswa ba setse ba dirile dingwe tsa ditiro mo Tlayang, Ntshalang Morago le ba malwapa a bone. Seo se Siame. Poeletso e molemo. Akanyetsa go laletsa bana go abelana ka se ba se ithutileng kwa gae—le fa o tshwanetse go dira togamaano ya ditsela tse bana ba ka tsayang karolo le fa bana ba sa ithute kwa gae. Bana ba ithuta boammaaruri jwa efangele ka tlhagafalelo thata fa boammaaruri jo bo rutiwa ka poeletso ka ditiro tse di farologanyeng. Fa o bona gore tiro ya go ithuta e tlhaga mo baneng, akanyetsa go e boeletsa, segolo bogolo fa o ruta bana ba bannye. Le gone o ka soboka tiragalo go tswa mo thutong e e fetileng.

Mo dikgweding tse di nang le matsatsi a Tshipi a matlhano, Baruti ba Poraemari ba rotloediwa go emisetsa tshedimoso e e rulagantsweng ya Tlayang, Ntshalang Morago ka letsatsi la Tshipi lwa botlhano ka ditiro tsa go ithuta e le nngwe kgotsa go feta mo “Aphentekise B: Ya Poraemari—Go Baakanyetsa Bana ba Gago Botshelo jotlhe jwa Tsela ya Kgolagano le Modimo.”