2025
Efangele ya ga Jeso Keresete e e Remeletseng mo Lwapeng
Ngwanatsele 2025


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le Kgwedi, Ngwanatsele 2025

Efangele ya ga Jeso Keresete e e Remeletseng mo Lwapeng

Thuto ya rona le tumelo ya rona mo malwapeng a a sa khutleng di a re nonotsha le go re tshwaraganya.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba lorato, ke lebogela dithapelo tsa lona mo boemong jwa me. Ke di utlwile.

I.

Thuto ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e ikaegile ka lelwapa. Se se botlhokwa mo thutong ya rona ka ga lelwapa ke tempele. Ditao tse di amogelwang koo di re kgontsha go boa jaaka malwapa a bosakhutleng kwa boleng teng jwa ga Rara wa Legodimo.

Go tloga ka khonferense ya kakaretso ya Moranang 2025, Moporesidente Russell M. Nelson o ne a itsisitse kago ya ditempele tse disha di le 200. O ne a rata go itsise ditempele tse disha kwa bokhutlong jwa khonforense nngwe le nngwe ya kakaretso, mme rotlhe re ne re itumela le ene. Le fa go ntse jalo, ka palo e kgolo ya ditempele jaanong e le mo dikgatong tsa ntlha thata tsa thulaganyo le kago, go maleba gore re fokotse kitsiso ya ditempele tse disha. Ke gone ka moo, ka kamogelo ya Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, ga re kitla re itsise ditempele dipe tse disha mo khonferenseng e. Jaanong re tlaa gatela pele mo go neeleng maloko a Kereke lefatshe ka bophara ditlhomo tsa tempele, go akaretsa gore leng le kae go itsise kago ya ditempele tse disha.

Karolo ya puo ya me e ke sa tswang go e neela e kwadilwe morago ga loso lwa ga Poresidente ya rona e e rategang Russell M. Nelson. Se jaanong se latelang se kwadilwe le go amogelwa dibeke pele, mme se santse se emela dithuto tsa me, tse di tlhotlheleditswe ke Morena.

II.

Kanamiso ya lelwapa, e e neng ya itsisiwe dingwaga di le 30 tse di fetileng, e bolela gore “lelwapa le tlhomilwe ke Modimo” mme “le botlhokwa thata mo togamaanong ya Mmopi ya phelelo e e sa khutleng ya bana ba Gagwe.” Gape e bolela “gore taelo ya Modimo ya gore bana ba Gagwe ba ntsifale le go tlala lefatshe e sa ntse e le mo taolong.” Mme “re bolela gape gore Modimo o laetse gore thata e e boitshepo ya go dira bana e tshwanetse go dirisiwa fela fa gare ga monna le mosadi, ba ba nyalaneng ka fa molaong jaaka monna le mosadi.” Jaaka Mogolwane wa nako eo Russell M. Nelson a ne a ruta bareetsi ba Yunibesithi ya Brigham Young, lelwapa le “botlhokwa mo togamaanong ya Modimo. Tota e bile, boikaelelo bongwe jwa togamaano eno ke go godisa lelwapa.”

Kereke ya ga Jeso Keresete ka dinako tse dingwe e itsege jaaka kereke e e remeletseng ka lelwapa. E ntse jalo! Kamano ya rona le Modimo le maikaelelo a botshelo jwa rona jwa go swa di tlhalosiwa go ya ka lelwapa. Efangele ya ga Jeso Keresete ke togamaano ya Rara wa rona wa Legodimo go thusa bana ba Gagwe ba semowa. Re ka bua ka boammaaruri gore re ne ra rutiwa togamaano ya efangele la ntlha mo lekgotleng la lelwapa la bosakhutleng, le diragadiwa ka malwapa a rona a botshelo jwa go swa, mme maikaelelo a lone ke go godisa bana ba Modimo mo malwapeng a a sa khutleng.

III.

Le fa go na le bokao joo jwa thuto, go na le kganetso. Mo United States re boga ka ntlha ya go senyega ga lenyalo le go tshola bana. Mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo palo ya malwapa a a eteletsweng pele ke banyalani e ne ya fokotsega, mme go ntse fela jalo le ka palo ya matsalo. Manyalo le dipalo tsa matsalo tsa maloko a rona a Kereke di siame thata, mme gape di wetse tlase thata. Go botlhokwa gore Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba seka ba latlhegelwa ke go tlhaloganya maikaelelo a lenyalo le boleng jwa bana. Ke yone isago e e re e kgaratlhelang. “Kgalalelo ya bosakhutleng ke morero ya lelwapa,” Poresidente Nelson o re rutile. “Ke fela ka ditao tse di bolokang tsa efangele ya ga Jeso Keresete malwapa a ka godisiwang.”

Dipokotsego mo setšhabeng tsa lenyalo le go tshola bana go a tlhaloganyesega ka mabaka a ditso, mme boleng le mekgwa ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e tshwanetse go tokafala—e seng go sala morago—ditlwaelo tseo.

Mo bosimaneng jwa me dingwaga di le 80 tse di fetileng, ke ne ke nna mo polasing ya ga rremogolo le mmèmogolo mo lefelong le mo go batlileng tsotlhe tse di neng di direga motshegare di neng di le ka fa tlase ga kaelo ya lelwapa. Go ne go se na thelebishene kana didirisiwa tse dingwe tsa ileketeroniki tse di neng di ka itaya tsebe mo ditirong tsa lelwapa. Go farologana le seo, mo setšhabeng sa gompieno sa ditoropo, ke maloko a le mmalwa fela a a itemogelang ditiro tse di tlhomameng tse di remeletseng mo lelwapeng. Go tshela mo ditoropong le dipalangwa tsa segompieno, boitlosobodutu jo bo rulagantsweng le puisano e e bonako di dirile gore go nne motlhofo gore banana ba tseye magae a bone e le matlo a bonno, koo ba robalang gone le go ja dijo ka dinako tse dingwe mme gone go se na kaelo e ntsi thata ya batsadi ya ditiro tsa bone.

Ditlhotlheletso tsa batsadi le tsone di ne tsa fokodiwa ke tsela e bontsi jwa maloko a bosheng a Kereke a itshedisang ka yone. Mo dinakong tse di fetileng, nngwe ya ditlhotlheletso tse dikgolo tse di neng di kopanya malwapa e ne e le maitemogelo a go sokola mmogo go fitlhelela maikaelelo a a kopanetsweng—a a jaaka go lemolola naga kgotsa go bona madi a go itshedisa. Lelwapa e ne e le Karolo ya tlhamo ya ikonomie e rulagantsweng le go tsamaisiwa. Gompieno, malwapa a mantsi ke karolo ya tiriso ya ikonomi, tse di sa tlhokeng selekanyo se se kwa godimo sa thulaganyo ya lelwapa le tirisanommogo.

IV.

Jaaka ditlhotlheletso tsa botsadi di fokotsega, Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba santse ba na le boikarabelo jo ba bo neetsweng ke Modimo go ruta bana ba bone go ipaakanyetsa phelelo ya lelwapa la rona mo bosakhutleng (bona Dithuto le Dikgolagano 68:25). Bontsi jwa rona re tshwanetse go dira se fa malwapa a rona otlhe a sa sale morago mekgwa ya bogologolo. Tlhalo, loso le go kgaogana ke dilo tsa nnete. Ke ne ka itemogela seo mo lelwapeng le ke goletseng mo go lone.

Lelwapa la ga Oaks

Rre o ne a tlhokafala fa ke na le dingwaga di le supa, ka jalo nna le morwarre yo mmotlana le kgaitsadiake re ne ra godisiwa ke mmè yo o neng e le motlholagadi. Mo diemong tse di thata go gaisa, o ne a tswelela pele. O ne a le esi e bile a phatlogile pelo, mme ka thuso ya Morena, go ruta ga gagwe go go maatla ga thuto ya Kereke e e tsosolositsweng go ne ga re kaela. Ka fa a neng a rapelela thuso ya selegodimo ka teng gore a godise bana ba gagwe, mme o ne a segofadiwa! Re goletse mo legaeng le le itumetseng le mo go lone rraarona yo o tlhokafetseng a neng a nna motho wa nnete ka metlha. O ne a re ruta gore re na le rre mme ene o na le monna mme re tlaa nna re le lelwapa ka metlha ka ntlha ya lenyalo la bone la tempele. Rraarona o ne a seo fela ka nakwana ka gonne Morena o ne a mmileditse tiro e e farologaneng.

Ke a itse gore malwapa a mangwe a le mantsi ga a itumela jalo, mme mme mongwe le mongwe yo o sa nyalwang o ka ruta ka lorato lwa ga Rara wa Legodimo le ditshegofatso tsa bofelo tsa lenyalo la tempele. Le wena o ka dira se! Togamaano ya ga Rara wa Legodimo le netefaletsa kgonagalo e mo go mongwe le mongwe. Rotlhe re lebogela lenyalo la tempele le ditshegofatso tse di solofetsweng tsa go kanwa jaaka lelwapa la bosakhutleng. Jaaka mme wa me, re rata go nopola tsholofetso ya ga Lehi mo morweng wa gagwe Jakobe ya gore Modimo “o tlaa tshwaela dipogisego tsa gago go go thusa” (2 Nefi 2:2). Seo se ama lelwapa lengwe le lengwe la Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, le le feletseng kgotsa le le sa felelang mo bosheng. Re kereke ya lelwapa.

Thuto ya rona le tumelo ya rona mo malwapeng a a sa khutleng di a re nonotsha le go re tshwaraganya. Ga nkitla ke lebala tsholofetso ya ga Rremogolo Harris wa ga mme, fa rona bana re ne re nna mo polasing ya gagwe gaufi le Payson, Utah. O ne a nneela dikgang tse di utlwisang botlhoko tsa gore rre o tlhokafetse kgakala kwa Denver, Colorado. Ke ne ka tabogela mo ntlwaneng ya borobalo mme ka khubama fa thoko ga bolao, ke lela sa bohutsana. Rremogolo o ne a ntshala morago mme a khubama fa thoko ga me mme a re, “Ke tlaa nna rraago.” Tsholofetso eo e e bonolo ke sekai se se nonofileng sa se borremogolo le bommèmogolo ba ka se dirang go tlatsa diphatlha fa malwapa a latlhegelwa ke leloko kgotsa a tlhoka leloko.

Batsadi, ba ba sa nyalang kgotsa ba ba nyetseng—le ba bangwe, jaaka borremogolo le bommèmogolo, ba ba tlatsang seabe seo mo baneng—ke bone barutisi ba ba ditswerere. Thuto ya bone ya natla thata ke ka go tlhoma sekao. Sediko sa lelwapa ke lefelo le le siameng la go supa le go ithuta mekgwa e e sa khutleng, jaaka botlhokwa jwa lenyalo le bana, boikaelelo jwa botshelo, le motswedi wa boammaaruri wa boitumelo. Gape ke lefelo le le molemolemo la go ithuta dithuto tse dingwe tse di botlhokwa tsa botshelo, tse di jaaka bopelonomi, boitshwarelo, boikgapo le botlhokwa jwa thuto le tiro e e ikanyegang.

Ke nnete, maloko a le mantsi a Kereke a na le maloko a lelwapa a a rategang a a sa amogeleng mekgwa le ditsholofelo tsa efangele. Maloko a a ntseng jalo a tlhoka lorato lwa rona le bopelotelele jwa rona. Mo go amaneng le ba bangwe, re tshwanetse go gakologelwa gore boitekanelo jo re bo batlang ga bo lekanyediwe fela mo diemong tse di gatelelang tsa botshelo jwa go swa. Thuto e kgolo mo Dithuto le Dikgolagano 138:57–59 e re netefaletsa gore boikotlhao le kgolo ya semowa di ka tswelela mo lefatsheng la mowa le le latelang botshelo jwa go swa. Se se botlhokwa go feta, jaaka malwapa a kopana go nonotshana, rotlhe re tshwanetse go gakologelwa gore dibe le ditlhaelo tse di ka se tilweng tse rotlhe re di itemogelang mo botshelong jo jwa go swa di ka itshwarelwa ka boikotlhao ka ntlha ya Tetlanyo e e galalelang le e e bolokang ya ga Jeso Keresete.

V.

Mmoloki wa rona, Jeso Keresete, ke sekao sa rona sa bofelo. Re tlaa segofadiwa fa re dirisa sekao sa matshelo a rona ka fa dithutong tsa Gagwe le go intsha setlhabelo. Go sala Keresete morago le go ineela mo tirelong ya mongwe le mongwe ke pheko e e gaisang ya bopelotshetlha le go nna motho ka bongwe tse jaanong di lebegang di tlwaelegile thata.

Batsadi gape ba na le tiro ya go ruta bana ba bone kitso e dirisegang kwa ntle ga melawana ya efangele. Malwapa a tshwaragana fa a dira dilo tse di nang le bokao mmogo. Ditshingwana tsa lelwapa di aga botsalano jwa lelwapa. Maitemogelo a a itumedisang a lelwapa a nonotsha dikgolagano tsa lelwapa. Go kampa, metshameko le boitlosobodutu jo bongwe ke dilo tse di botlhokwa thata go kopanya malwapa. Malwapa a tshwanetse go rulaganya dikopano tsa malwapa go gopola bagologolwane, tse di isang kwa tempeleng.

Batsadi ba tshwanetse go ruta bana bokgoni jwa botlhokwa jwa go tshela, go akaretsa le go bereka mo jarateng le mo gae. Go ithuta dipuo ke paakanyetso e e mosola ya tirelo ya boanamisa efangele le botshelo jwa segompieno. Baruti ba dithuto tse e ka nna batsadi kgotsa borremogolo kgotsa maloko a lelwapa le le atolositsweng. Malapa a tlhogonolofala fa a ithuta e le setlhopha e bile a gakololana mmogo mo dikgannyeng tsotlhe tse di amang lelwapa le maloko a lone.

Bangwe ba ka nna ba re, “Mme ga re na nako ya go dira epe sa dilo tseo.” Go bona nako ya go dira se tota se nang le mosola, batsadi ba le bantsi ba tla fitlhela gore ba ka kgona kgatlhisa malapa a bone fa botlhe ba ka timadithekenoloji tsa bone. Mme batsadi, gakologelwang, se bana bao ba se batlang tota ka dijo tsa maitseboa ke nako le lona.

Ditshegofatso tse di kgolo di tla mo malwapeng fa ba rapela mmogo, ba khubama bosigo le phakela go lebogela ditshegofatso le go rapela ka matshwenyego a a tlhakanetsweng. Malwapa le one a segofadiwa fa a obamela mmogo mo ditirelong tsa Kereke le mo mafelong a mangwe a boineelo. Dikgolagano tsa lelwapa gape di nonotshiwa ke dipolelo tsa lelwapa, go tlhama dingwao tsa lelwapa, le go abelana maitemogelo a a boitshepo. Poresidente Spencer W. Kimball o ne a re gakolola gore “dipolelo tsa tlhotlheletso go tswa mo matshelong a rona le a bagologolwane ba rona … ke didirisiwa tse di maatla tsa go ruta.” Gantsi ke metswedi e e gaisang ya tlhotlheletso mo go rona le mo dikokomaneng tsa rona.

Ke paka ka Jeso Keresete, yo e leng Morwa yo o Tsetsweng a le Esi wa Rara wa Bosakhutleng. O re laletsa go sala morago tsela ya kgolagano e e isang kwa kopanong ya lelwapa la selegodimo. Dithata tsa go kana tsa boperesiti, tse di kaelwang ke dilotlele tse di tsosolositsweng mo Tempeleng ya Kirtland, di kopanya malwapa ka bosakhutleng (bona Dithuto le Dikgolagano 110:13–16). Mo bosheng di dirisiwa mo palong e e golang ya ditempele tsa Morena go ralala lefatshe Se ke nnete. A re nneng karolo ya yone, ke a rapela, mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.