Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le Kgwedi, Ngwanatsele 2025
Leba kwa Modimong mme o Tshele
Ke fela ka go leba kwa Modimong gore batho ka bongwe, malwapa, le tota ditšhaba di ka tlhogonolofala.
Mo kgweding e e fetileng ya Seetebosigo, go ne ga diragala kotsi e e boitshegang kwa lefatsheng la Lesotho kwa borwa jwa Aforika. Bese e nnye e e neng e pegile makgarejwana a le masome a mabedi a Lekala la Kereke la Maputsoe le baeteledipele ba bone ba le supa e ne e lebile kwa toropong kgolo ya Maseru, go ya kokoanong ya makgarejwana a a tswang kwa kgaolong ya bone. Fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng e kgolo ya mela e mebedi mo dioureng tsa mo mosong, koloi e e neng e tla ka tsela e e fapaaneng, e leka go feta koloi e nngwe, e ne ya tsena mo tseleng e bese e neng e le mo go yone. Go ne go sena sebaka kgotsa nako ya go tila thulano ya kwa pele, mme mo metsotswaneng e se kae fela dikoloi tseno di ne tsa thulana, tsa pitikologa go tswa mo tseleng mme tsa thunya ka malakabi.
Ka kakaretso, batho ba le 15 ba tlhokafetse mo kotsing e, go akaretsa le makgarejwana a le marataro, baeteledipele ba le babedi ba Makgarejwana, le poresidente ya lekala le mosadi wa gagwe. Bafalodi, maloko a lelwapa le ditsala ba ne ba bontsha maikutlo a a farologaneng, go akaretsa le dinako tsa go galefa, manyaapelo, le e leng go ipona molato. Ntswa go le jalo mo maikutlong ano le dipotso tse di sa arabiwang, ba ne ba gomotsana mme ba retologela kwa Modimong ka moopelo o o boitshepo, dikwalo tse di boitshepo, le thapelo, koo ba boneng kgomotso gone. Mofalodi wa dingwaga di le lesome le bosupa Setso’ana Selebeli o ne a paka, “Jeso Keresete o a re rata e bile o na le rona, le fa dipelo tsa rona di le botlhoko.”
Setshwantsho ka Jeffrey D. Allred, Deseret News
Lekgarejwana le moeteledipele ba ba neng ba robaditswe kwa kokelong ka ntlha ya dikalafi tsa go fisiwa ba ne ba ithutontsha Buka ya ga Momone mmogo. Mongwe o ne a re, “Bosheng jaana re ntse re bala mo go Moroni, mme Moroni o bua sentle se ke ntseng ke se ikutlwa. … Fa a bua, go ntse jaaka e kete o a re, ‘O tshwanetse go ithuta mafoko ano ka gonne a kwaletswe wena go go thusa go ralala se.’”
Kwa tirelong ya phitlho e e kopanetsweng ya ba ba neng ba nyelela, Mogolwane wa Area Seventy Siyabonga Mkhize o ne a gakolola jaana, “Rotlhe re tshwanetse go sokologela kwa Moreneng ka nako eno mme re mo kope go gomotsa dipelo tsa rona le … go okobatsa botlhoko jo re bo utlwang.” Poresidente ya Makgarejwana go tswa kwa Lekaleng le le mabapi la Leribe, Mampho Makura, o ne a rotloetsa jaana: “Sokologela kwa Moreneng, mme lo bone nonofo ya go amogela thato ya Gagwe. Jeso Keresete ke ‘mosimolodi le mofetsi wa tumelo ya rona’ [Bahebera 12:2]. O se ka wa leba kwa thoko, mme o lebe kwa go Ene.”
Leba kwa go Ene. Mafoko a gagwe a boeletsa thuto ya ga Alema mo go morwae Helamane: “Bona gore o leba kwa Modimong mme o tshele. Alema o ne a nopola maitemogelo a ga Lehi le batho ba gagwe ka Liahona jaaka setshwantsho: “Go motlhofo fela jaaka go ela tlhoko lefoko la ga Keresete, le le tlaa go supegetsang tsela e e tlhamaletseng go ya kwa boitumelong jo bosakhutleng, fela jaaka go ne go ntse go borraarona go ela tlhoko sesupatsela se, se se neng se tlaa ba supegetsa tsela e tlhamaletseng go ya kwa lefatsheng la tsholofetso.” Alema o rile: “fa ba ka leba ba ka tshela. … Mme fa re … leba re ka tshela ka metlha.”
Mo lobakeng le lengwe, Alema o ne a nopola sekai sa noga ya kgotlho e e neng ya tsholediwa ke Moše fa Baiseraele ba bogologolo ba ne ba bogisiwa ke dinoga tse di bolayang. Morena o ne a bolelela Moše go dira setshwantsho sa noga mme a se tsholetse mo paleng, ka tsholofetso “gore mongwe le mongwe yo o lomilweng, fa a e leba, o tlaa tshela.” Alema o ne a tlhalosa gore setshwantsho sa kgotlho e ne e le setshwantsho kgotsa sekao sa ga Keresete, yo o neng a tlaa tsholediwa mo mokgorong. Ba le bantsi ba ne ba leba mme ba tshela, mme ba bangwe ba ne, ka mafoko a ga Alema, “ba thatafaditswe thata” mo ba neng ba ka se lebe fela mme ba nyelela.
Alema o ne a botsa:
“Fa lo ka fodisiwa fela ka go latlhela matlho a lona gore lo tle lo fodisiwe, a ga lo kake lwa bona ka bonako, kgotsa bogolo lo ka thatafatsa dipelo tsa lona mo go tlhokeng tumelong mme lwa tshwakgafala, gore lo seka lwa latlhela matlho a lona, gore lo tle lo nyelele?
“… Foo latlhelang matlho a lona mme lo simolole go dumela mo go Morwa Modimo, gore o tlaa tla go rekolola batho ba gagwe, le gore o tlaa sotlega a ba a a swa go lefela dibe tsa bone; le gore o tlaa tsoga gape mo baswing, se se tlaa diragatsang tsogo, gore batho botlhe ba tlaa ema fa pele ga gagwe go atlholwa ka letsatsi la bofelo le la katlholo, go ya ka fa ditirong tsa bone.
Jaaka go solofetswe, kgakololo ya “leba kwa Modimong mme o tshele” ga e na bokao fela mo go rona mo bosakhutleng mme gape e dira pharologanyo yotlhe mo sebopegong le boleng jwa matshelo a rona a go swa. Gakologelwa mafoko a ga Kgaitsadi yo mmotlana Selebeli wa kwa Lesotho a a setseng a umakilwe—“Jeso Keresete o a re rata e bile o na le rona, le fa dipelo tsa rona di le botlhoko.”
Go mo tlholegong ya lefatshe le le weleng—kwa diabolo a galefileng le kwa mongwe le mongwe a sa itekanelang—gore go tlaa nna le go swaba le go kgopisa, pogisego le kutlobotlhoko, go palelwa le tatlhegelo, pogiso le tshiamololo. Ke fela ka go leba kwa Modimong gore batho ka bongwe, malwapa, le tota ditšhaba di ka tlhogonolofala. Poresidente Russell M. Nelson o ne a ruta, “Gonne Mmoloki, ka Tetlanyo ya Gagwe e e senang selekanyo, o re rekolotse mo bokoeng, diphoso le sebe, mme ka ntlha ya gore O itemogetse botlhoko bongwe le bongwe, matshwenyego le morwalo o o kileng wa nna le one [bona Alema 7:11–13], ke gone jaaka o ikwatlhaya ka boammaaruri mme o batla thuso ya Gagwe, o ka fenya lefatshe le la gompieno le leng dikgwetlho.
Ga go tsholofetso epe e e boelediwang gantsi mo lokwalong lo lo boitshepo lwa Buka ya ga Momone go feta se: “E re ka jaaka lo tlaa tshegetsa ditaelo tsa me lo tlaa tlhogonolofala mo lefatsheng; mme e re ka jaaka lo se kitla lo tshegetsa ditaelo tsa me lo tlaa kgaolwa mo ponalong ya me.” Maitemogelo a a tshetsweng a batho ba Buka ya ga Momone mo makgolong a dingwaga a supa boammaaruri jwa mafoko a. “Go tlhogonofala” go ne go kaya go itumelela kaelo le ditshegofatso tsa legodimo mo matshelong a bone. “Go tlhogonofala” go ne go raya go fitlhelela maemo a a itekanetseng a ikonomi a a neng a dira gore ba kgone go nyala, go godisa malwapa le go direla ba bangwe ka ditlhoko tsa bone. “Go tlhogonolofala” go ne go akaretsa bokgoni jwa go fenya mathata le diteko. Ka tshegofatso ya ga Keresete, “dilo tsotlhe di [ne tsa] dirisanya mmogo go ba direla molemo,” tsa ba itshekisa, le go tsenyeletsa kamano ya bone le Ene.
Alema o ne a tlhalosa gore go leba kwa Modimong ke go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe, go lelela kwa go Ene ka gale go bona tshegetso ya Gagwe, go gakololana le Ene mo ditirong tsotlhe tsa lona, mme a pelo ya gago e tlale ka ditebogo mo go Ene motshegare le bosigo. Ditaelo le dikgakololo tsa Modimo di fitlhelwa mo dikwalong tse di boitshepo le mo mafokong a batlhanka ba Gagwe. Melawana le megopolo tse di beilweng mo go “Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe” ke sekai se segolo. E nngwe ke kaelo e e fitlhelwang mo bukaneng For the Strength of Youth Setlhogo sa Makawana le Makgarejwana sa ngwaga o ke “Leba kwa go Keresete,” se se tserweng go tswa mo kaelong e e gomotsang ya Morena mo go Joseph Smith le Oliver Cowdery: “Leba mo go nna mo kakanyong nngwe le nngwe; se belaeleng, se boifeng.” For the Strength of Youth e bua ka ditaelo le dielo di le mmalwa tsa Modimo tsa potlako thata mme e ruta kafa o ka lebang ka gone kwa Moreneng mo go direng ditshwetso tse di siameng. Ga se kaelo ya banana fela mme ke ya rona rotlhe.
Jaaka sekai sengwe se se botlhokwa thata, For the Strength of Youth [Go Nonofo ya Banana] e na le kaelo e e botlhokwa thata mo kgaolong e e bidiwang “Mmele wa Gago o Boitshepo.” E laela jaana: “Tshwara mmele wa gago—le mebele ya ba bangwe—ka tlotlo. Fa o ntse o dira ditshwetso mabapi le diaparo tsa gago, setaele sa moriri, le tsela e o lebegang ka yone, ipotse jaana, ‘A ke tlotla mmele wa me jaaka mpho e e boitshepo e e tswang kwa Modimong?’”
For the Strength of Youth e bolela jaana gape: “Boloka tlhakanelodikobo le maikutlo a tlhakanelodikobo di le boitshepo. Ga di a tshwanela go nna setlhogo sa metlae kgotsa sa boitlosobodutu. Kwa ntle ga lenyalo fa gare ga monna le mosadi, go phoso go ama dikarolo tsa mmele wa motho yo mongwe tsa sephiri, tse di boitshepo le fa a apere. Mo maikgethelong a gago ka se o se dirang, se o se lebang, se o se balang, se o se reetsang, se o se akanyang, se o se phousetang kana se o se romelang mo founong, tila sepe fela se se tsosang maikutlo a keletso ya tlhakanelodikobo ka boomo mo bathong ba bangwe kana mo go wena.”
Se se re gakolola kgakololo ya bosheng ya ga Poresidente Nelson:
“Dilo di le mmalwa fela tse di tlaa thatafatsang botshelo jwa gago ka bonako go feta go tlola molao o wa selegodimo [wa boitsholo jo bo itshekileng]. Go bao ba ba dirileng kgolagano le Modimo, boitshekologo ke nngwe ya ditsela tse di bonako tsa go latlhegelwa ke bopaki jwa gago.
“… Thata ya go bopa botshelo ke tšhiamelo e le nngwe ya bomodimo e Rara wa Legodimo a letlelelang bana ba Gagwe ba botshelo jo jwa go swa go e dirisa. Ka jalo, Modimo o ne a baya dikaelo tse di tlhamaletseng go dirisa thata e, e e tshelang ya selegodimo. Thobalano ke fela ya monna le mosadi ba ba nyalaneng.
Bontsi jwa lefatshe ga ba dumele se, mme maikutlo a batho ga se moatlhodi wa boammaaruri. Morena o boletse gore ga go na motho yo o itshekologileng yo o tlaa amogelang bogosi jwa selesetiale. … Mme fa o ntse o itshekologile, ke a go kopa ikwaatlhaye. Tlaya kwa go Keresete mme o amogele tsholofetso tsa Gagwe tsa boitshwarelo jo bo feletseng jaaka o ikwatlhaela dibe tsa gago ka botlalo [bona Isaia 1:16–18; Dithuto le Dikgolagano 58:42–43].”
Gakologelwa gore mo tsholofetsong ya Buka ya ga Momone, bolebana jwa katlego e ne e se lehuma—e ne e le go kgaolwa go tswa mo boleng teng jwa Morena. Boleng teng jwa Gagwe bo kaya tlhotlheletso ya Mowa wa Gagwe mo botshelong jwa motho. Botlhe ba tletse ka Lesedi la ga Keresete fa ba tla mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, bangwe ba dira tshwetso go kolobediwa le go amogela mpho le lesedi le le okeditsweng la Mowa o o Boitshepo. O tlisa tlhotlheletso le kaelo, o godisa le go tokafatsa dimpho le bokgoni jwa motho wa tlholego, le go thusa go tila ditlhotlheletso tse di bosula, ditshwetso tse di sa siamang, le ditsela tse di sa iseng gope.
Jaaka wena, Ke itse bangwe ba ba kileng ba itumelela mpho ya Mowa o o Boitshepo mme ka go palelwa ke go tshegetsa ditaelo tsa Modimo ba latlhegetswe ke tshegofatso eo. Mongwe segolobogolo o tla mo tlhaloganyong yo boloko jwa gagwe mo Kerekeng bo neng bo gogetswe morago ka ntlha ya tlolomolao. O ne a bolela gore tsibogo ya gagwe ya ntlha e ne e le go ikutlwa a kgopisitswe. O ne a ikutlwa a atlholwa ke baeteledipele ba ba sa itekanelang. O ne a itse gore boitshwaro jwa gagwe bo ne bo sa siama, mme o ne a bo ntsha mabaka ka go supa diphoso le diphoso tsa ba bangwe. Morago ga nako, o ne a simolola go ikutlwa a phuthologile mo mokgweng wa botshelo kwa ntle ga Kereke kwantle ga tlamego ya dipitso le ditsholofelo tsa go tsenelela ditirelo tsa kobamelo le go direla ba bangwe.
Seno se ne sa tswelela ka nako nngwe, mme o ne a simolola go utlwa ka tlhoafalo go tlhokega ga Mowa o o Boitshepo—go nna teng ga Modimo—mo botshelong jwa gagwe. Ka maitemogelo, o ne a itse gore go ntse jang go nna le, letsatsi le letsatsi, kgomotso, kaelo, le tshepo e e tsetsweng ke Mowa, mme o ne a e tlhologelelwa. Kwa bofelong, o ne a dira se se neng se tlhokega go ikwatlhaya le go tshwanelega gape go kolobediwa ka metsi le ka Mowa.
Go lebega go se na bokhutlo jwa metswedi e e farologaneng e batho ba lebang kwa go yone go bona bokao, boitumelo le thuso. Bontsi bo “leba ka kwa ga letshwao.” Mme ga re tlhoke go nna “bana, ba ba phailaphailelwang kwano le kwa, le go kgarakgatshiwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto [kgotsa feshene].” Mo go lebeng kwa Modimong, re ka bona kagiso mo bothateng, mme tumelo ya rona e ka tswelela go gola le mo dinakong tsa pelaelo le kgwetlho ya semowa. Re ka amogela nonofo fa re lebane le kganetso le go itlhaola mo bathong. Re ka letlanya se se siameng le se se leng teng gone jaanong. Ruri, ga go na tsela e nngwe fa e se se Modimo ka boene a se tlhomileng: “Lebang kwa go nna, mme lo bolokwe, dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe: gonne nna ke Modimo, mme ga go na ope o sele.”
Go leba kwa Modimong go kaya gore ga A fela sengwe sa dilo tse di botlhokwa mo go rona; go raya gore, go na le moo, Ene ke mongwe wa botlhokwa jo bo kwa godimo mo go rona. Ke gakologelwa gape kotsi eo e e boitshegang kwa Lesotho ka Seetebosigo o o fetileng. Go tswa mo bolaong jwa gagwe jwa bookelo, mongwe wa baeteledipele ba Makgarejwana ba ba neng ba falola, yo o neng a sa dumele mo Modimong pele a tsena Kereke, o ne a re maikaelelo a gagwe jaanong ke go bona gore ke eng botshelo jwa gagwe bo ne jwa bolokwa. “Go direla Modimo ka metlha ke ka fa ke tlaa bonang karabo ka teng, fa ke tla bona karabo.”O ne a bolela jaana. “Ke ne ke akanya gore ke rata Modimo, mme jaanong ke Mo rata tota, tota, tota, tota, tota. Jaanong ke Ene [wa ntlha] yo o tlang pele mo botshelong jwa me.”
Ke neela bopaki jwa ga Rara, Morwa, le Mowa o o Boitshepo, ba mo kutlwanong e e itekanetseng ya lefoko, kakanyo, maikaelelo, le tiro e leng Modimo a le mongwe fela, yo mo go ene re ka lebelelang dilo tsotlhe tse di molemo. Ke neela bopaki jwa Tetlanyo ya ga Jeso Keresete, kwa maatla a go diragatsa tsholofetso e e gakgamatsang e e tswang teng: “Lebang kwa go nna, mme lo itshoke go ya bokhutlong, mme lo tlaa tshela, gonne yo o itshokang go ya bokhutlong Ke tlaa mo neela botshelo jo bo sa khutleng.” Mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.
© 2025 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Tlhanolo ya Monthly Liahona Message, November 2025. Tswana. 19603