Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le Kgwedi, Ngwanatsele 2025
E Lekillwe le go Nonotshiwa mo go Keresete
Dinako tsa go lekwa ga se bosupi jwa gore Morena o go latlhile. Go na le moo, ke bosupi jwa gore O a go rata mo a ka go ntlafatsang le go go nonotsha.
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba rategang, ke utlwa lorato lwa Morena jaaka re kopana mmogo. Ke ikokobeditse go bua le lona. Ke rapela gore Mowa o tsenye mo dipelong tsa lona se Morena a ka ratang gore lo se utlwe, go feta kgakala mafoko a ke tla a buang.
Bogologolo tala ke ne ke batla go ithuta fisikisi le dipalo mo dingwageng tsa me tsa kwa kholetšheng. Ke ne ke ikutlwa ke fekeetsega. Ke ne ka simolola go ikutlwa gore ke leka go ithuta sengwe se se neng ke sa se kgone. Fa ke ntse ke ikutlwa ke fekeetsega thata, ke ne ke sa tlhole ke na le nonofo ya go tswelela ke leka. Go kgobega marapo ga me go ne ga dira gore ke ikutlwe e kete maiteko a me a ne a batla a se na matswela. Ke ne ka simolola go akanya go tlogela, go dira sengwe se se motlhofo.
Ke ne ke ikutlwa ke le bokoa. Fa ke ntse ke rapela, ke ne ka utlwa netefaletso e e didimetseng ya Morena. Ke ne ka utlwa A re mo tlhaloganyong ya me, “Ke a go leka, mme gape ke na le wena.”
Ka nako eo ke ne ke sa itse sotlhe se mafoko ao a se kayang. Mme ke ne ke itse gore ke dire eng—ke ne ka ya tirong.
Ka go tlhatlhanya le go dira mo dingwageng tse di neng tsa latela, ke ne ka tlhaloganya molaetsa o wa kgothatso mo dikwalong tse di boitshepo: “Ke ka dira dilo tsotlhe ka Keresete yo o nnonotshang.”
Ke ne ka ithuta gore go sokola ga me ka fisikisi tota e ne e le mpho e e tswang kwa Moreneng. O ne a nthuta gore ka thuso ya Gagwe, nka dira dilo tse di neng di lebega di sa kgonege fa ke ne ke na le tumelo ya gore O tlaa bo a le teng go nthusa. Ka mpho e, Morena o ne a dira go nteka le go nnonotsha.
Lefoko leka le na le ditlhaloso tse di mmalwa. Go leka sengwe ga se go se lekeletsa fela. Ke go oketsa nonofo ya sone. Go leka tshipi ke go e baya ka fa tlase ga kgatelelo. Mogote, bokete le kgatelelo di a okediwa go fitlha go tokafadiwa le go senolwa se tota e leng sone. Tshipi ga e koafadiwe ke go lekiwa. Tota e bile, e nna selo se se ka ikanngwang, selo se se nonofileng se se ka rwalang merwalo e megolo.
Morena o re leka ka tsela yone eo go re nonotsha. Go lekwa moo ga go tle ka dinako tse di motlhofo kgotsa tsa kgomotso. Go tla ka dinako tse re ikutlwang re otlolotswe go feta se re neng re akanya gore re ka se itshokela. Morena o ruta gore re tshwanetse go tswelela go gola mme re seka ra lapa mo maitekong a rona, gore re seka ra ineela, gore re nne re leka.
Fa re tswelela go nna le tumelo mo go Jeso Keresete—le fa dilo di ka utlwala di sa kgonege mo go rona ka nako eo—re nonofa mo semoweng. Dipego tse di boitshepo tsa dikwalo tse di boitshepo di gatelela boammaaruri jo.
Moperofeti Moroni, sekai, o ne a lekiwa le go nonotshiwa ka tsela e e ntseng jalo. O ne a tshela dingwaga tsa gagwe tsa bofelo a le esi. O ne a kwala gore ga a na ditsala, gore rraagwe o bolailwe, gore batho ba gaabo ba nyeleditswe. O ne a tsongwa ke ba ba neng ba batla botshelo jwa gagwe.
Le fa go ntse jalo Moroni ga a ka a itlhoboga. Mo boemong, o ne a gatisa bopaki jwa gagwe ka ga Jeso Keresete mo dipapetlaneng tsa batho ba a neng a ka se tshele go ba bona, go akaretsa le dikokomane tsa batho ba ba neng ba eletsa go mmolaya. O ne a re kwalela. O ne a itse gore bangwe ba tla sotla mafoko a gagwe. O ne a itse gore bangwe ba ne ba tla ba gana. Le fa go ntse jalo o ne a nna a kwala.
Mo go lekweng ga gagwe, tumelo ya ga Moroni e ne ya ntlafadiwa le go nonotshiwa. E ne ya nna phepa thata. Mafoko a gagwe a na le thata a yo o neng a itshoka ka boikanyego go ya bokhutlong. Re ka utlwa thata eo fa re bala bopaki jwa gagwe:
Jaanong nna, Moroni, ke kwala go se kae jaaka go le molemo mo go nna; mme ke kwalela bakaulengwe ba me, Balamane; mme ke rata gore ba itse gore go fetile dingwaga tse di fetang makgolo a mane le masome a mabedi e sale tshupo ya go tla ga ga Keresete e neelwa.
Mme ke kana dipolelo tse, morago ga ke sena go bua mafoko a se kae ka maikaelelo a go le kgothatsa.
Bonang, ke tlaa le kgothatsa gore mogang lo tlaa balang dilo tse, fa e le tlhalefo mo Modimong gore lo ka di bala, gore lo ka gakologelwa ka fa Morena a ntseng a le kutlwelobotlhoko mo baneng ba batho ka teng, go tswa kwa tlholegong ya ga Atame le eleng go fitlhelela ka nako eo lo tlaa amogelang dilo tse, mme lo di tlhatlhanye mo dipelong tsa lona.
Mme fa lo tlaa amogela dilo tse, ke tlaa lo kgothatsa gore lo botse Modimo, Rara wa Bo sa khutleng, mo leineng la ga Keresete, fa dilo tse di se boammaaruri, mme fa lo ka kopa ka boteng jwa pelo, ka maikaelelo a a tlhomameng, lo na le tumelo mo go Keresete, o tlaa lo bontsha boammaaruri jwa tsone mo go lona, ka thata ya Mowa o o Boitshepo.
Mme ka thata ya Mowa o o Boitshepo lo ka itse boammaaruri jwa dilo tsotlhe.
Bopaki jwa ga Moroni bo ne jwa ntlafadiwa mo bodutu, mme bo phatsima ka lesedi go kaela dikokomana tsotlhe go batla Rara wa rona yo o kwa Legodimong le Mmoloki Jeso Keresete.
Moperofeti yo mongwe wa Buka ya ga Momone, Jakobe, o ne a lekiwa le go nonotshiwa jaaka ngwana yo o neng a itemogela dipogisego le kutlobotlhoko e ntsi. Mme rraagwe, Lehi, o ne a mo ruta gore Modimo o tlaa mo segofatsa ka diteko tsa gagwe.
Mme bona, mo bonaneng jwa gago o bogile dipogisego le kutlobotlhoko e ntsi, ka ntlha ya go kgakgafala ga bakaulengwe ba gago.
Le fa gontse jalo, Jakobe, leitibolo la me mo nageng, o itse bogolo jwa Modimo; mme o tlaa tshwaela dipogisego tsa gago go go thusa.
Ke gone, mowa wa gago o tlaa segofala, mme o tlaa nna ka pabalesego le mokaulengwe wa gago, Nefi; mme malatsi a gago a tlaa neelwa mo tirelong ya Modimo wa gago. Ke gone, ke a itse gore o rekolotswe, ka ntlha ya tshiamo ya Morekolodi wa gago; gonne o bone gore mo botlalong jwa nako o tlaa tla go tlisa poloko kwa bathong.
Moperofeti Joseph Smith o ne a itemogela go lekiwa le go nonotshiwa mo go ntseng jalo fa a ne a le kwa Kgolegelong ya Liberty. Mo botennye jwa tlalalelo ya gagwe e e mahehe, Moperofeti Joseph o ne a goa a re:
“Ao! Modimo, O Ko Kae? …
Ke lobaka lo lo kae le seatla sa gago se tla emisiwang?”
Morena o ne a bona mo pogisong ya ga Joseph phelelo e e itshepisang ya go e itshokela ga gagwe sentle fa a ne a araba:
Morwaaka, a kagiso e nne mo moweng wa gago; tlalelo ya gago le dipogisego tsa gago di tlaa nna fa e se ka lobakanyana;
Mme ke gone, fa o di itshokela sentle, Modimo o tlaa go godisa kwa legodimong; o tlaa fenya godimo ga botlhe baba ba gago.
Sekao se segolo sa go lekiwa le go nonotshiwa se diragetse ka Tetlanyo ya Mmoloki. O ne a tsaya dibe tsa lefatshe mo go Ene. O ne a rwala ditlhabi tsa rona le kutlobotlhoko ya rona. O ne a nwa senwelo se se botlhoko. O supile boikanyego mo nakong nngwe le nngwe.
Ka ntlha ya Tetlanyo ya Gagwe e e galalelang, Jeso Keresete o ka re nonotsha mo dinakong tsa rona tsa teko. O itse go re thusa ka gonne O utlwile dikgwetlho tsotlhe tse re tlaa di utlwang mo botshelong jo jwa go swa. “O tlaa rwala mo go ene ditlhabi le malwetse a batho ba gagwe … gore a tle a itse go ya ka nama ka fa a ka thusang batho ba gagwe ka teng go ya ka makoa a bone.”
Re ithuta gore fa a le mo Tshimong ya Gethesemane, Mmoloki o ne a botsa Rara gore a teko e ka Mo feta—mme morago ga moo O ne a re gape fa e le thato ya ga Rara, ke gone Mmoloki o tlaa e dira. Ka mafoko a mangwe, Mmoloki o ne a ba a amogela kakabalo le pelaelo, mme O ne a na le tumelo mo go Rraagwe yo o kwa Legodimong.
Bakaulengwe le bokgaitsadi, go lekiwa le go nonotshiwa ga lona go ka nna ga se ka ga lebega jaaka ga ga Moroni kgotsa Jakobe kgotsa ga ga Moperofeti Joseph. Mme go tlaa tla. Go ka nna ga tla ka tidimalo, ka diteko tsa botshelo jwa lelwapa. E ka tla ka bolwetse kgotsa go swaba kgotsa khutsafalo kgotsa bodutu.
Ke fa bosupi gore dinako tse ga se bosupi jwa gore Morena o go latlhile. Go na le moo, ke bosupi jwa gore O a go rata mo a ka go ntlafatsang le go go nonotsha. O go dira gore o nne le maatla a go rwala bokete jwa botshelo jo bo sa khutleng.
Fa re nna boikanyego mo tirelong ya rona, Morena o tla re itshekisa. O tlaa re nonotsha. Mme letsatsi lengwe re tla leba kwa morago mme re bone gore tsone diteko tseo e ne e le bosupi jwa lorato lwa Gagwe. Re tla bona gore o ne a re bopa gore re kgone go ema le ene mo kgalalelong. Jaaka fa Moaposetole wa Morena Paulo a ne a bolela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe, “Ke lole ntwa e e molemo, ke weditse lobelo lwa me, ke bolokile tumelo.”
Ke paka gore Modimo o a go itse. O itse diteko tse o lebanang le tsone. O na le wena. Ga a kitla a go tlogela. Ke paka gore Jeso Keresete ke Morwa Modimo. Ke nonofo ya rona, Morekolodi wa rona, tsholofelo ya rona. Fa re mo ikanya, o tla dira gore thata ya rona ya semowa e lekane le teko nngwe le nngwe e re bileditsweng go e itshokela. Ke paka jalo mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.
© 2025 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Tlhanolo ya Monthly Liahona Message, November 2024. Tswana. 19603