Jeso Keresete ke Mmoloki wa Gago
Jeso Keresete ke Morwa Modimo—Mmoloki le Morekolodi wa rona, yo o rometsweng go re boloka rotlhe. Ka ntlha ya Ene, o ka utlwa boitumelo le kagiso o itse o ka gololesega go tswa mo sebeng mme letsatsi lengwe o tshele ka bosenang bokhutlo le Modimo le bao o ba ratang.
Fa Modimo a re romela mo lefatsheng go ithuta le go gola, O ne a itse re tlaa dira diphoso. Ke sone se A re neetseng Mmoloki.
Gonne Modimo o ratile lefatshe, gore a neele Morwa wa Gagwe yoo tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se nyelele, mme a nne le botshelo jo bosakhutleng.
Re dumela fa Jeso Keresete e le Morwa Modimo tota le leloko le le tlhomologileng la Bomodimo, le Modimo Rara le Mowa o o Boitshepo. O tlile mo lefatsheng go diragatsa thomo ya selegodimo, kwa a neng a tlaa:
- Itemogela diteko tsa botshelo jo.
- Ruta le go paka ka Modimo.
- Diragatsa dikgakgamatso tse dikgolo.
- Boga le go re swela dibe go re letlelela go phepafadiwa go tswa mo sebeng
- Fenya loso ka Tsogo ya Gagwe, a re neela tsela ya gore rotlhe re tsosiwe.
Jeso Keresete e ne e le sekao sa lorato le le itshekileng. Ka bopelonomi o fodisitse balwetse le digole, a jesa ba ba tshwerweng ke tlala, a tsosa baswi, a tlhokomela bahumanegi, a amogela ba ba kobilweng, le go direla botlhe ba ba neng ba mmatla ka boikanyego.
Mmoloki o utlwa lorato le bopelonomi tse di tshwanang mo go wena.
Jaaka Bakeresete, re leka go nna jaaka Mmoloki le go supa lorato lwa Gagwe mo go tsotlhe tse re di dirang.
Mmoloki o utlwa lorato le bopelonomi tse di tshwanang mo go wena.
Jaaka Bakeresete, re leka go nna jaaka Mmoloki le go supa lorato lwa Gagwe mo go tsotlhe tse re di dirang.
Jeso e ne ele moruti mogolo. Dithuto tsa gagwe, tse di neetsweng dingwaga tse di 2,000 tse di fitileng, di santse di tlhotlheletsa batho lefatshe lotlhe ka bophara go tshela matshelo a botoka gompieno. O rutile matshwititshwiti, mme Baebele e ruta gore le gone o ne a tsaya nako a ikopanya le batho ka bongwe.
Mongwe le mongwe wa rona, go akaretsa le wena, o ka ikutlwela boitumelo le kagiso tse dikgolo ka go sala morago dithuto tsa ga Jeso Keresete. Phuthego ya gago e e gaufi ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e na le bokopano jwa beke le beke kwa o ka ithutang mo gontsi ka ga ka fa dithuto tse di go amang ka teng.Buka ya ga Momone le yone e na le polelo ya dithuto tsa ga Keresete tse di ka tlaleletsang tseo tsa mo Baebeleng.
Mongwe le mongwe wa rona, go akaretsa le wena, o ka ikutlwela boitumelo le kagiso tse dikgolo ka go sala morago dithuto tsa ga Jeso Keresete. Phuthego ya gago e e gaufi ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e na le bokopano jwa beke le beke kwa o ka ithutang mo gontsi ka ga ka fa dithuto tse di go amang ka teng.
Ka ntlha ya Setlhabelo sa ga Keresete, O ka Itshwarelwa mme o Tshele Gape
Setlhabelo le Loso lwa ga Jeso Keresete
Le ntswa Mmoloki a tshedile botshelo jo bo itekanetseng, bangwe ba ikutlwa ba tshosediwa ke tlhotlheletso ya Gagwe kgotsa ba ne ba le bogale jaaka a ne a supa boitimokanyi jwa bone. Ba ne ba loga leano la gore Jeso a bolawe.
Bosigo jwa pele a bapolwa, Jeso Keresete o ne a ya kwa Tshimong ya Gethesemane, kwa a bogileng botlhoko le bolwetsi jwa mongwe le mongwe wa bana ba Modimo. Se se mo kgontshitse go tlamela thuso le pholo mo seemong sengwe le sengwe.
O ne a okwa, a tshwarwa, a itewa, sotlwa, le go kokotelwa mo mokgorong. Morago ga malatsi a mararo, O ne tsoga go tshela gape, a fenya loso le sebe. Lentswa loso lwa ga Jeso Keresete le ne le le botlhoko le gone le sa siama, setlhabelo sa Gagwe sa legodimo se dirile kgonagalo ya mongwe le mongwe wa rona go itshwarelwa le go tsoga mo baswing.
Re Ka Itshwarelwa Ka Tetlanyo ya ga Keresete
Fa Jeso Keresete a boga mo Tshimong ya Gethesemane le mo mokgorong, O ne a itseela mo go ene dibe tsa rona. O ne a duela tlhwatlha ya tshiamo gore mongwe le mongwe wa rona o ka amogela mautlwelobotlhoko. Fa re ikwatlhaya ka tlhwaafalo, re ka itshwarelwa.

Le fa dibe tsa lona di hubitse bohibidu jo bo letlhololo, di tlaa nna ditshweu jaaka kapoko; le fa di le bohibidu jo bo mokgona, di tlaa nna jaaka bobowa.
Re Ka Tshela Gape Ka Tsogo
Jeso Keresete o ne a tsoga go tswa mo baswing mo letsatsing la boraro morago ga Papolo ya Gagwe. Ka ntlha ya Ene, mongwe le mongwe wa rona le gone o ka tsoga le go tshela gape. Re ka tshela le Modimo le bao re ba ratang mo mmeleng o o itekanetseng, o gololesegile mo bolwetsing, khutsafalo, le botlhoko.

“Tlaya kwa go nna, lona lotlhe ba lo dirang mme le imetswe, mme ke tla le neela boikhutso
“Tsaya jokwe ya me, mme lo ithute ka ga nna; gonne Ke bonolo le boikokobetso mo pelong:, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo.”