Buka ya ga Momone le Baebele Ke Mafoko a Modimo

Buka ya ga Momone le Baebele di re ruta ka ga togamaano ya Modimo le go paka ka Jeso Keresete.

Dikwalo tse di Boitshepo Di re Kaela Gaufi le Jeso Keresete

Mafoko a Modimo a ntse a neelwa ke baperofeti le go gatisiwa mo dikwalong tse di boitshepo. Go ithutontsha mokwalo o go re tlisa gaufi le Jeso Keresete.

Holy Scripture Guides Us Closer to Jesus
Ka fa Baebele le Buka ya ga Momone di Dirang Mmogo

Buka ya ga Momone Ke Lefoko la Modimo.

Maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba bona boleng jwa Baebele le Buka ya ga Momone jaaka bosupi jwa ga Jeso Keresete. Buka ya ga Momone ke polelo e e tlhotlheleditsweng ya selegodimo, jaaka Baebele, e kgobokantswe ke baperofeti ba bogologolo. Go ithutontsha dibuka tsotlhe go ka re tlamela ka tlhotlheletso, megopolo, le kaedi.
What is the Book of Mormon about - In App

Buka ya ga Momone ke ka ga Eng?

Buka ya ga Momone e gatisitswe ka ga ka fa efangele ya ga Jeso Keresete e rotloeditseng e go go segofatsa batho ba ba tshedileng mo Amerika wa bogologolo.

E simolola ka polelo ya moperofeti yo o bidiwang Lehi. Modimo o mo tlhagisitse e ka nna 600 BC gore Jerusalema o tlaa senngwa. Lehi le mosadi wa gagwe, Saria, ba ne ba gogwa ke Mowa wa Modimo go tlisa lelwapa lwa bone go ralala lewatle.

Dikokomane tsa bone kgabagare tsa gola go nna ditšhaba tse pedi, mme morago ya kgaogana ka ditšhaba tse pedi, tse di itseweng e le Banefi le Balamane. Dipego tsa bone mo Bukeng ya ga Momone di tlhalosa tumelo mo Modimong, mautlwelobotlhoko a Modimo go bana ba Gagwe botlhe, le ditlhagiso kgatlhanong le sebe.

Setlhoa sa ditiragalo sa Buka ya ga Momone ke loeto lwa ga Mmoloki go balatedi ba Gagwe kwa Amerika morago ga loso lwa Gagwe le Tsogo. Loeto le le fitlheletse dithuto tsa Gagwe mo Jerusalema:
Dinku tse dingwe ke na le tsone, tse e seng tsa lesaka le: le tsone ke tshwanetse go di tlisa, mme di tlaa utlwa lentswe la me.
Morago ga fa Jeso Keresete a ruta dithuto tsa Gagwe le go tlhomamisa Kereke ya Gagwe mo Amerika, batho ba tshela ka kagiso le tshiamo mo ditshika tshikeng tse mmalwa.

Kgabagare, batho ba wela mo ntweng le boikepo, mme Banefi ba senngwa. Mongwe wa bofelo wa mofalodi wa Banefi, Momone, a kgobokanya dikgatiso tsa Banefi mo go se se itseweng mo dinakong tsa sesha e le Buka ya ga Momone: Bosupi jo Bongwe jwa ga Jeso Keresete.

Re Nnile Jang le Buka ya ga Momone

Mo e ka nnang 1800, Modimo o ne a ikgethela Joseph Smith jaaka Moperofeti go tsosolosa Kereke ya Gagwe. Modimo o ne a senola kwa dikgatiso tsa bogologolo di neng di fitlhilwe mme a baakanyetsa Joseph go di ranola ka tshenolo ya selegodimo.

E sale jalo, didikadike tse 192 tsa dikgatiso ta Buka ya ga Momone di gatisitswe, mme e ranoletswe mo dipuong tse 115. Buka ya ga Momone e tlhotlheleditse didikadike go nna baikgethedi thata ba ba salang Jeso Keresete morago. Le wena e ka go tlhotlheletsa.

Ke ka E Bala Kae?

O ka bala Buka ya ga Momone mo maranyaneng kgotsa mo App ya Buka ya ga Momone Le gone o ka nna le kgatiso e tlisiwa kwa kgorong ya gago go sena tuelo.
Series of images of people studying in groups, individually, in families sitting in Congo

Dikwalo tse di boitshepo ke lefoko la Modimo.

Baebele ke buka e e boitshepo ya dikwalo tse di boitshepo e Modimo a re e neetseng—Bana ba Gagwe— Dithuto tsa yone di ka go neela nonofo, tlhotlheletso, le kaedi.

Ka go Bala Kgolagano e Kgologolo, o ka:

  • Ithuta ka Tlholego ya lefatshe.
  • Bala ka ga ka fa baperofeti ba bogologolo, jaaka Isaia, ba boletse-pele ka go tla ga ga Jeso Keresete.
  • Batla dikai tse di maatla tsa tumelo, jaaka Mohumagadi Esethere.
  • Tsaya kgomotso mo bontleng jwa poko ya Dipesalema le Diane.


Ka go bala Kgolagano e Ntšha, o ka

  • Ithuta mo gontsi ka ga Mmoloki wa gago, Jeso Keresete, jaaka o bala ka ga botshelo jwa Gagwe, dikgakgamatso le sekai se se itekanetseng.
  • Batla tsela ya tlhaloso e ntsi le botshelo jwa kagiso le poloko ya bosakhutleng.
  • Ithuta ka ga setlhabelo sa ga Jeso Keresete go wena le Tsogo ya Gagwe. Ka ntlha ya Gagwe, o ka fitlhelela phitlhelelo ya gago ya selegodimo jaaka ngwana wa Modimo le go ipaakanyetsa go tshela le Modimo le ba o ba ratang ka bosenang bokhutlo.
A boy is reading his scriptures.  The scriptures are open to Philemon.

Buka ya ga Momone le Baebele di Paka ka ga Keresete.

Buka ya ga Momone le Baebele di paka ka ga Jeso Keresete le go ruta ka ga togamaano ya boitumelo jwa rona.



Ga di emisetsane, fa gontse jalo, di tlaleletsana ka dithuto.



Ka go ithutontsha Buka ya ga Momone le Baebele mmogo, o ka amogela go tlhaloganya mo go golo ga Modimo le botsalano jwa gago le Ene.

Ditlhogo mo Buka ya ga Momone le Baebele

Ka go ithutontsha Buka ya ga Momone le Baebele mmogo, o ka amogela go tlhaloganya mo go golo ga Modimo le botsalano jwa gago le Ene. Sekai, ithute mo gotlhe dibuka tse di go buang ka ditlhogo tse:
Jeso Keresete ke Mmoloki wa lefatshe. Setlhabelo sa Gagwe ke sa rona rotlhe. Ka go mo sala morago, re ka bona kagiso, tsholofelo le boitshwarelo.

Baebele
O ne a nyadiwa a ba a ganwa ke batho, monna wa mahutsana, a tlwaetse pelo e botlhoko; a nyadiwa jaaka mongwe yo batho ba mo subelang difatlhogo tsa bone, mme ra se ka ra mo ngoka.

“Ruri, o ntse a rwele bopelobotlhoko jwa rona, a sikare mahutsana a rona; le fa go ntse jalo ra mo kaya go re o a betswa, a itewa ke Modimo, le go bogisiwa.

“O ne a ntshediwa dintho ditlolo tsa rona, a teketelwa maikepo a rona; kgalemo e e re direlang kagiso e ne e le mo go ene; e bile ka dititeo tsa gagwe re a fodisiwa.” (Isaia 53:3–5).

Buka ya ga Momone

“Mme o tlaa tsamaya, a boga ditlhabi le dipogisego le diteko tsa mefuta yotlhe, mme se gore lefoko le ka diragadiwa le le reng o tlaa bogela ditlhabi le malwetse a batho ba gagwe.

“Mme o tlaa boga loso, gore o ka bofolola dikgole tsa loso tse di bofang batho ba gagwe; mme o tlaa bogela makoa a bone, gore dijelo tsa gagwe di ka tlala ka kutlwelobotlhoko, go yeng ka nama, gore o ka itse go yeng ka nama ka fa a ka thusang batho ba gagwe ka teng go yeng ka makoa a bone” (Alema 7:11–12).
Modimo o re bopile go ithuta le go gola. Jaaka re sala Jeso Keresete morago, re ka nna jaaka Ene.

Baebele

“Mme batlang pele bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse tsotlhe lo tlaa di okelediwa” (Mathaio 6:33).

Buka ya ga Momone

“Gonne bonang, botshelo jo ke motlha wa batho wa go ipaakanyetsa go kopana le Modimo; ee, bonang letsatsi la botshelo jo ke letsatsi la batho go dira ditiro tsa bone.

“… Ke gone ka moo, ke a lo kopa gore lo seka lwa nyafatsa letsatsi la lona la boikotlhao go fitlhelela kwa bokhutlong; gonne morago ga letsatsi le la botshelo, le re le neetsweng go ipaakanyetsa bosakhutleng, bonang, fa re sa tokafatse nako ya rona fa re le mo botshelong jo, morago ga foo go fitlha bosigo jwa lefifi jo mo go jone go sa ka keng ga nna le tiro e e dirwang” (Alema 34:32–33).
Botshelo ga bo fele fa mongwe a tlhokafala. Re tshedile le Modimo pele ga re tla mo lefatsheng, mme re ka boela kwa go Ene. Ka ntlha ya ga Jeso Keresete, motho mongwe le mongwe yo o swang o ka tsoga le go tshela le Modimo ka bosenang bokhutlo.

Baebele

“Jeso a re go ene, Ke nna tsogo, le botshelo: yo o dumelalng mo go nna, le fa a ne a sule, o tlaa tshela:

Mme le fa e le mang yo o tshelang mme a dumela mo go nna ga a kitla a swa” (Johane 11:25–26 ).


Buka ya ga Momone

“Mme ke gone go tlaa diragala, gore mewa ya bao ba ba siameng e amogelwe mo seemong sa boitumelo, se se bidiwang parataise, seemo sa boikhutso, seemo sa kagiso, kwa ba tlaa itapolosang mo matshwenyegong a bone otlhe le mo tapisegong yotlhe, le bohutsana.

“Mowa o tlaa buselediwa mo mmeleng, mme mmele mo moweng; ee, mme tokololo nngwe le nngwe le le kitlano di tlaa buselediwa mo mmeleng wa tsone; ee, e le ruri thiri ya tlhogo ga e kitla e latlhega; mme dilo tsotlhe di tlaa buselediwa mo popegong ya tsone e e siameng le e e itekanetseng.

“Mme ke gone basiami ba tlaa phatsima mo bogosing jwa Modimo” (Alema 40:12, 23, 25 ).
Fa re direla ba bangwe, re dira jaaka Jeso Keresete a ne a ka dira Re direla Modimo.

Baebele

Le gone jaaka lo diretse go mongwe wa ba bakaulengwe ba me, lo ntiretse” (Mathaio 25:40).

“Ga gona lorato le legolo go na le le motho a ka nnang le lone, gore motho o ka baya botshelo jwa gagwe go ditsala tsa gagwe” (Johane 15:13).

Buka ya ga Momone

“Fa lo le mo tirelong ya bangwe ka lona lo a bo fela lo le mo tirelong ya Modimo” (Mosia 2:17).

Tsaya Polelo e e Tletseng

Buka ya ga Momone le Baebele e ka tswa e le dibuka tse dikgaoganeng, mme ke karolo ya polelo e e tshwanang. Amogela ketapele ya Buka ya ga Momone mme o ithutontshe dibuka tsotlhe tsa dikwalo tse di boitshepo le baanamisa efangele.