Botshelo jwa Gago bo Na le Boikaelelo le Bokao
Botshelo jwa Gago bo Na le Boikaelelo le Bokao O ngwana wa Modimo mme o fano jaaka karolo ya togamaano ya Gagwe ya boitumelo.
O Fano Ka Lebaka
A o kile wa ipotsa gore ke eng o le fa?
Re dumela gore mongwe le mongwe wa rona o ne a le teng pele fa lefatshe le dirwa ebile re tshedile le Modimo jaaka bana ba Gagwe mo popegong ya mowa. Rara wa rona wa Legodimo o rometse mongwe le mongwe wa rona kwano gore re tle re amogele mmele, re ithute, le go gola go tshwana le Ene thata. Jaaka re sala morago togamaano ya Modimo, re ka boa go ya go nna mo boleng teng jwa Gagwe.
Fa o kile wa ikutlwa o na le boikaelelo jo bogolo go feta go bo o le teng fela, o nepile. O ka bona boikaelelo jwa gago ka go leba kwa Modimong.

Atame o wele gore batho ba ka nna teng, mme batho ba teng, gore ba ka nna le boitumelo
Mme boitumelo e ka nna boikaelelo jwa rona jang fa botshelo bo tletse ka tshokolo e ntsi jaana? Karabo ke Jeso Keresete.
Ka Jeso Keresete, re ka bona kgomotso mo kutlobotlhokong ya rona le go nonotshiwa mo mathateng.. Re ka ikutlwa re lebogela dilo tse dintsi tse dintle tse re ka di itumelelang mo lefatsheng le. Re ka tokafatsa dikamano tsa rona le ba re ba ratang ka go tshela melawana e A e rutileng mo Baebeleng: bopelotlhomogi, tirelo, boitshwarelo, le lorato.
Ka go neela Mmoloki, Modimo o tlhodile tsela gore bana botlhe ba Gagwe ba bone boitumelo.

Botshelo Ke Nako ya Go Ithuta le go Gola
Fa o le mo dinakong tse di thata, go ka thusa go gakologelwa gore togamaano ya Modimo ya gago e tswelela le go feta botshelo jwa gago jwa go swa. Jaaka o dira bojotlhe jwa gago go Mo sala morago, sengwe le sengwe se o se itemogelang se tlaa siamisiwa letsatsi lengwe ka Jeso Keresete. Baebele e re solofetsa gore “Modimo o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go kitla go tlhola go le loso; le gone ga go kitla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko” (Tshenolo 21:4 ).
Botshelo bo akaretsa maitemogelo a a botlhoko ka gore mo togamaanong ya Modimo, diteko tse re lebaganang le tsone di ka re sologela molemo kgotsa tsa re godisa. Mathata a a ka re thusa go nna le dinonofo jaaka:
- Nonofo. Fela jaaka go itshidila mmele go ka re nonotsha mo mmeleng, kganetso e re lebaganang le yone mo matshelong a rona otlhe e ka re nonotsha mo moweng, mo tlhaloganyong, le mo maikutlong. Nonofo e e ka re thusa go itshokela ditsuatse tsa botshelo.
- Kutlwelobotlhoko. Fa o ralala dikgwetlho, kutlwelobotlhoko ya gago e a gola. Mme fa o dirisa maitemogelo a gago go thusa ba bangwe ba ba leng mo diemong tse di tshwanang, o a bo o thusa go dira tiro ya Modimo mo lefatsheng.
- Bopelotelele. Fa tse dintsi di se mo taolong ya rona, go akaretsa ditiro tsa ba bangwe, re ka “lebelela mo Moreneng” (Pesalema 27:14). Re ka dumela gore sengwe le sengwe se re se bogang ka go gobelelwa kwa bofelong se tlaa siamisiwa ka Jeso Keresete.
Modimo ga a bolo go itse gore o tlaa dira diphoso le gore o tlaa tlhoka thuso go fenya bohutsana le boleo. Jaaka karolo ya togamaano ya Modimo, O re neetse Mmoloki le Morekolodi, Jeso Keresete, go boga le go go swela le mongwe le mongwe yo o kileng a tshela. Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jeso Keresete, o ka bona boitshwarelo le pholo.
Ka thuso ya Mmoloki, o ka fenya boleo, makoa, mekgwa e e sa siamang, le ditshwakgolo tse di go buseditseng morago. O ka nna lorato thata, boitshwarelo, boikobo, le bopelotelele thata go feta jaaka o ne o ntse. Jaaka o tshwana le Keresete thata, o tlaa nna le keletso e fetang go tswelela mo tseleng ya go boa go nna le Modimo.