Malwapa a Ka Nna Mmogo Ka Bosenang bokhutlo
Dikgolagano tsa lelwapa tse o di di dirang mo botshelong jono di ka tswelela go feta loso. Go nonotsha kamano ya gago le Modimo go ka gogela kwa dikamanong tse di nonofileng le lelwapa la gago.
Malwapa a botlhokwa mo togamaanong ya Modimo
Jaaka Rara wa Legodimo yo o lerato, Modimo o batla o ithuta le go gola mo botshelong. Malwapa a na le karolo ya botlhokwa thata mo kgolong eo. Re Dumela:
- Malwapa ke selo se se botlhokwa se se agang setšhaba se se nonofileng.
- Legae e ka nna lefelo le re utlwang thotloetso, tshireletso, le lerato teng.
- Go golagana le Modimo go thusa go dira malwapa a a nonofileng kwa matlhoko semowa, a maikutlo le a nama di fitlhelelwang teng.
O Ka Nna Le Lelwapa Lwa Gago Ka Bosenang Bokhutlo
Fa lelwapa la gago e le motswedi o mogolo wa lorato le boitumelo mo botshelong jwa gago, go ka nna thata go akanya ka legodimo kwantle ga kamano le batho bao. Bontlha jwa dikgang tse di monate tsa efangele ya ga Jeso Keresete ke gore malwapa a ka nna mmogo ka bosenang bokhutlo.
Mo Baebeleng, Jeso o neetse Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi taolo ya boperesite, a solofetsa gore “Le fa e ka ne e le dilo dife tse lo di bofang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofilwe kwa legodimong” (Mathaio 18:18 ). Yone taolo eo e e tswang kwa Modimong e kopanya—kgotsa e kana—banna le basadi le batsadi le bana mmogo ka bosakhutleng.
Mo Baebeleng, Jeso o neetse Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi taolo ya boperesite, a solofetsa gore “Le fa e ka ne e le dilo dife tse lo di bofang mo lefatsheng, di tlaa bo di bofilwe kwa legodimong” (
Meletlo ya lenyalo e dirwa mo ditempeleng ka yone taolo eo ka tsholofetso ya gore manyalo a bao ba ba ikanyegang mo Modimong le mongwe le mongwe a ka nna ka bosakhutleng go na le gore a felele ka loso.
Re dira yone meletlo e ya go kana mo boemong jwa bagologolo ba rona, ba re dumelang gore ba ka itlhophela go amogela kgotsa go gana go kanwa.
Dikamano tsa lelwapa le diemo di ka nna thata, mme ga re itse sentle gore sengwe le sengwe se tlaa tsamaya jang mo botshelong jo bo latelang. Mme re na le tumelo mo botlhaleng jo bo itekanetseng jwa Modimo le lorato, mme re dumela gore legodimo e tlaa nna lefelo la boitumelo jo bo ka se akanngweng.
Re dira yone meletlo e ya go kana mo boemong jwa bagologolo ba rona, ba re dumelang gore ba ka itlhophela go amogela kgotsa go gana go kanwa.
Dikamano tsa lelwapa le diemo di ka nna thata, mme ga re itse sentle gore sengwe le sengwe se tlaa tsamaya jang mo botshelong jo bo latelang. Mme re na le tumelo mo botlhaleng jo bo itekanetseng jwa Modimo le lorato, mme re dumela gore legodimo e tlaa nna lefelo la boitumelo jo bo ka se akanngweng.
Dikamano tsa lelwapa tse di lorato di ka fitlhelelwa thata fa di theilwe mo melawaneng e Jeso Keresete a e rutileng, jaaka:
Gonne re dumela gore malwapa a botlhokwa thata mo botshelong jo le jo bo latelang, Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e dira ka thata go tshegetsa dikamano tse di itekanetseng tsa malwapa. Fa ke ditsela tse di mmalwa o ka bonang di tshegetsa lelwapa lwa gago.
- Lorato
- Boitshwarelo
- Boikanyego
- Tebogo
- Thapelo
- Go obamela mmogo
Gonne re dumela gore malwapa a botlhokwa thata mo botshelong jo le jo bo latelang, Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e dira ka thata go tshegetsa dikamano tse di itekanetseng tsa malwapa. Fa ke ditsela tse di mmalwa o ka bonang di tshegetsa lelwapa lwa gago.
Didirisiwa tsa Kereke tsa Malwapa
Mananeo a go ithutuntsho themelelo-gae
Mananeo a go ithutuntsho themelelo-gae
Kereke e neela batho le malwapa didirisiwa tse ba ka di dirisang fa ba ntse ba ithutuntsha efangele ya ga Jeso Keresete. Didirisiwa tsa ithutuntsho tse di go fa menyetla gore o dirise se o se ithutang le go nonotsha tumelo ya gago. Melawana e a gatelelwa beke le beke kwa kerekeng.
Tsena mo dithulaganong tsa ithutontsho, e e bitswang Tlaya, Ntshala Morago.
Mananeo a Banana
Mananeo a Banana
Mananeo a Kereke a banana a thusa batsadi go ruta bana ba bone mekgwa e e tshwanang le ya ga Keresete, mme a dira gore banana ba kgone go kopana le ba bangwe ba ba nang le mekgwa e e tshwanang le ya bone. Dingwe tsa ditshono tsa banana di akaretsa:
- Ditlelase tsa bodumedi
- Ditiragatso tsa beke le beke tsa setlhopha sa banana
- Dithulaganyo tsa tirelo
- Mebino
- Dikampa tsa selemo
- Dikhonferense
Maitiso A Mo Gae
Maitiso A Mo Gae
Maitiso a mo gae ke ngwao e mo go yone malwapa a rotloediwang go dirisa bosigo bongwe mo bekeng go nna mmogo. Se se ka raya go ithutuntsha efangele, go tshameka metshameko, go itumelela dijo, le go nna le seabe mo ditirong tse dingwe tse di agang kutlwano. Sengwe le sengwe se se siametseng lelwapa lwa gago se molemo! Selo sa botlhokwa ke go dira gore nako ya boleng ya lelwapa e nne selo sa botlhokwa go feta tse dingwe. Se e ka nna nako ya go phuthagana le ditsala, baagisanyi, le maloko a phuthego ya gago.
Go direla
Go direla
Maloko a Kereke a abelwa go direla batho ba le mmalwa mo teng ga diphuthego tsa bone Fa re direla ba bangwe, re leka go ba direla jaaka Mmoloki a ka dira. Seno se dira gore maloko otlhe a phuthego a nne le mongwe yo o ba tlhokomelang le mongwe yo ba ka yang kwa go ene fa ba tlhoka sengwe. Sekai, mokaulengwe kana kgaitsadi yo o direlang a ka nna a ntsha dipalangwa tsa go ya kerekeng, a rulaganya gore go tlisiwe dijo fa lelwapa le na le lesea le lesha, kgotsa a nna fela sefatlhego se se botsalano mo ditulong.
Self-Reliance
Self-Reliance
Fa e le gore malwapa kana batho ka bongwe ba sokola go itlamela ka dilo tse ba di tlhokang, thulaganyo ya kereke ya go thusa batho e ka ba thusa ka dilo tse di jaaka go reka dijo. Ditirelo tsa ditiro tsa Kereke di ka thusa batho go bona tiro e ntšha kana go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go batla tiro. Re na le ditlelase tse di tshegediwang ke Kereke, tse di bulegetseng mongwe le mongwe, tse di buang ka madi a motho a a dirisang, go itshokelana le go simolola kgwebo.
Go Aga Setšhaba sa Bagolo ba ba sa Nyalwang
Go Aga Setšhaba sa Bagolo ba ba sa Nyalwang
Mongwe le mongwe ke le karolo ya lelwapa la batsadi ba rona ba selegodimo. Ga se mongwe le mongwe yo o yang kerekeng yo o nnang le lelwapa, mme mongwe le mongwe a ka bona kemonokeng ya semowa le go nna le batho ba bangwe mo kerekeng. Bagolo ba ba seng mo lenyalong ba ka tlhopha go obamela mo phuthegong e e nang le malapa le bana—kgotsa, mo mafelong mangwe a lefatshe, ba ka nna ba ya kwa phuthegong e e diretsweng ka tlhamalalo bagolo ba ba sa nyalang ba ba lekanang le bone. Go ya kwa ditlelaseng tsa tumedi le kwa ditirong tsa go kopana le batho tse di direlwang bagolo ba ba seng mo lenyalong go ka ba naya ditshono tse di kgethegileng tsa go nna le ditsala le go gola semoweng.