Jeso Keresete O Re Rutile Go Ratana
Jeso Keresete ke sekao se segolo sa lorato. Go mo sala morago ke go rata Modimo le go direla ba ba go dikologileng.
“O tlaa a rata Morena Modimo wa gago ka pelo ya gago yotlhe, le ka mowa wa gago otlhe, le ka tlhaloganyo ya gago yotlhe.
“Se ke ya ntlha le e kgolo taelo.
“Mme ya bobedi e tshwana le yone, O tlaa rata mong ka wena jaaka o ithata.”
Mmoloki o tlhalositse sentle gore go rata moagisinyani wa gago go feta go nna molemo mo bathong ba ba nnang gaufi le wena. Karolo ya boikarabelo jwa balatedi ba Gagwe ke go supa lorato—lorato lo lo itshekileng lwa ga Keresete—mo mongweng le mongwe, go akaretsa le ba o ka ba tsayang e le baba ba gago.
Ka fa Kereke Ya Rona E Bontshang Lorato Ka Teng
Re dumela gore go dira mmogo go supa lorato lo lo tshwanang le la ga Keresete ke sengwe sa dilo tse di fodisang, tse di itumedisang le tse di tshwaraganyang tse phuthego e ka di dirang. Fa ke ditsela di le mmalwa tse re nayang tirelo ka tsone, mme re ka rata gore o nne le seabe!
Ka dithuso tse, baeteledipele ba selegae ba ka thusa ka madi a dijo, matlo le sepalamo. Baeteledipele ba Kereke gape ba thusa batho ba ba amogelang thuso go dira leano la go tokafatsa seemo sa bone, gantsi ba dirisa didirisiwa tse dingwe jaaka ditirelo tsa tiro, kgakololo ka Ditirelo tsa Lelwapa,self-reliance courses , le tse dingwe.
Thuso e e letla ba ba tlhokang go utlwa lorato lwa Mmoloki ga mmogo le lorato lwa setshaba sa bone—segolobogolo fa dinako di le thata.
Kereke e dirisana le mekgatlho e e ikanyegang go rarabolola matlhoko a a kgethegileng a a tlhagelelang mo seemong sengwe le sengwe, e dirisa diphuthego tsa lefelo leo go dira dilo tse di jaaka go phutha le go tlhopha dithuso, go tlosa matlakala, le go tlamela ka dijo, diaparo, bonno, le tshegetso ya maikutlo fa go tlhokega.
Ditirelo Tsa Tlhogonolofalo
Mo Kerekeng yotlhe, maloko a rotloediwa go itima dijo kgwedi le kgwedi, ba sa je le go nwa dioura di ka nna 24 (fa ba kgona mo mmeleng). Morago ga moo maloko a kereke a ntsha madi a a ka bong a diriseditswe dijo tseo go thusa ba ba tlhokang.Ka dithuso tse, baeteledipele ba selegae ba ka thusa ka madi a dijo, matlo le sepalamo. Baeteledipele ba Kereke gape ba thusa batho ba ba amogelang thuso go dira leano la go tokafatsa seemo sa bone, gantsi ba dirisa didirisiwa tse dingwe jaaka ditirelo tsa tiro, kgakololo ka Ditirelo tsa Lelwapa,
Thuso e e letla ba ba tlhokang go utlwa lorato lwa Mmoloki ga mmogo le lorato lwa setshaba sa bone—segolobogolo fa dinako di le thata.
Thuso ya Namolo Ya Matlhotlhapelo
Fa matlhotlhapelo a tlholego, ntwa, le dipetso tse dingwe di diragala, Kereke le maloko a yone ba kokoanela go tlamela ka dijo, dilwana tsa kalafi, diaparo, le dilo tse dingwe tse di botlhokwa.Kereke e dirisana le mekgatlho e e ikanyegang go rarabolola matlhoko a a kgethegileng a a tlhagelelang mo seemong sengwe le sengwe, e dirisa diphuthego tsa lefelo leo go dira dilo tse di jaaka go phutha le go tlhopha dithuso, go tlosa matlakala, le go tlamela ka dijo, diaparo, bonno, le tshegetso ya maikutlo fa go tlhokega.
Thuso ya Bopelotlhomogi
Kereke e dira go tlhokomela bao ba tlhokang go ralala lefatshe ka bopharaTiro e e farologana go ikaegilwe ka matlhoko a a rileng a mafelo a a farologaneng. Kereke e tsepamisitse mogopolo thata mo go tokafatseng phitlhelelo ya metsi a a phepa le kgeleloleswe, tlhokomelo ya bomme le masea a a sa tswang go tsholwa, tlhokomelo ya boitekanelo, thuto, pabalesego ya dijo, le thuso ya batshabi.
Go dira le mekgatlho e e ikanyegang go diragatsa maiteko ano go thusa Kereke go oketsa maiteko a go direla.
Go direla
Mo teng ga diphuthego tsa rona, maloko a kgaogantswe ka ditirisano mmogo mme a abelwa batho ba le mmalwa go ba “direla.” Go direla ke ka ga go thama botsala jo bo tshwanang le jwa ga Keresete. Akanya ka gone jaaka thulaganyo ya ditsala—badiredi ba gago ke thulaganyo e e ageletsweng ya tshegetso e o ka dirisanang le yone ka dinako tse di monate le go e dirisa ka dinako tsa letlhoko.Setshaba sa kereke Ya Me Ba Supile Fa ke Se Nosi
Ka Fa O Ka Bontshang Lorato ka Teng
Go rata moagisani go lebega jang mo go wena? Fa ke megoplo e le mmalwa ya ka fa o ka ratang moagisani wa gago ka teng:
JustServe.org .
- Rapelela ditshono tsa go supa bopelonomi letsatsi lotlhe la gago.
- Dira go itshwarela batho ba o ikutlwang ba go diretse phoso.
- Ema kgatlhanong le kgokgontsho, kgethololo ka lotso le mmala le ditsela tse dingwe tsa kgethololo
- Anamisa melaetsa e e siameng le go nna pelonomi mo go ba bangwe mo metsweding ya bobega-dikgang.
- Tlhola le ditsala tse di mo nakong e thata.
- Naya kakgolo go tswa mo pelong
- Tshegetsa maiteko le mekgatlho go tlhokomela ba ba tlhokang.