Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2025
Ke ka itse jang gore ke sokologile ka nnete ebile ke itshwaretswe?
Coming Full Circle, ka Jenedy Page
Morena o rile: “Yo o ikwatlhaetseng dibe tsa gagwe, ene yoo o itshwaretswe e bile Nna, Morena, ga ke kitla ke tlhola ke di gakologelwa.
“Ka se lo ka itse fa motho a ikwatlhaela dibe tsa gagwe—bonang, o tlaa di ipolela mme a di tlogele” (Dithuto le Dikgolagano 58:42–43).
Ka boikwatlhao jo bo tlhwafetseng, re ka amogela boitshwarelo. “Fa o ikutlwa o gomodiwa ke Mowa, o ka itse gore maatla a tetlanyo a Mmoloki a bereka mo botshelong jwa gago.” Mme ga re fosa gape. Re ka sokologa gape, re itshwarelwe, re tswelele re ntse re leka.
Godimo ga moo, Mogolwane Dieter F. Uchtdorf wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o re rutile: “Satane o tlaa leka go dira gore re dumele gore dibe tsa rona ga di a itshwarelwa ka gore re kgona go di gakologelwa. Satane o maaka. … Modimo ga a solofetsa gore ga re kake ra gakologelwa dibe tsa rona. Go gakologelwa go ka thusa go itsa go dira phoso e tshwanang gape. Mme fa re nna nnete le boikanyego, kgakologelo ya dibe tsa rona e tlaa fokodiwa mo tsamaong ya nako.”
© 2025 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa kgwedi le kgwedi wa Go Nonofo ya Banana, Seetebosigo 2025.. Tswana. 19629 763