2025
Re Sala Jeso Keresete Morago ka go nna le Seabe mo Tirong ya Gagwe
Seetebosigo 2025


“Re Sala Jeso Keresete Morago ka go nna le Seabe mo Tirong ya Gagwe,” Liahona, Seetebosigo 2025.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Seetebosigo 2025

Re sala Jeso Keresete Morago ka go Ikopanya le Ene mo Tirong ya Gagwe

Re nna le seabe mo tirong ya Morena ka go lebelela maikaelelo a Gagwe, re sala ditaelo tsa Gagwe morago, le go rata ba bangwe.

Keresete le molaodi yo mosha yo o humileng

Dintlha go tswa go Christ and the Rich Young Ruler, ka Heinrich Hoffmann

Fa re kolobediwa, re simolola tsela ya go tsaya mo go rona leina la ga Jeso Keresete. Nngwe ya tsela e ke go supa gore re kopana le Mmoloki mo tirong ya Gagwe. Poresidente Dallin H. Oaks, Mogakolodi wa Ntlha mo Boporesidente jwa Ntlha, o kwadile, “Nngwe ya dikao tsa botlhokwa mo go tseyeng mo go rona leina la ga Keresete ke go iketleetsa le maitlamo a go tsaya mo go rona tiro ya Mmoloki le bogosi jwa Gagwe.”

Tiro ya Mmoloki ke “go diragatsa bosasweng le botshelo jo bosakhutleng jwa motho” (Moshe 1:39). Bosasweng ke mpho e tlhamaletseng e Jeso Keresete a e tlhomamisitseng ka Tsogo ya Gagwe. Botshelo bosakhutleng, ga bo tshwane le bosasweng. Botshelo bosakhutleng ke mpho e e kgolo e Modimo a ka e nayang motho (bona Dithuto le Dikgolagano 14:7). Ke go tshelela ruri re le malwapa mo boleng teng jwa Gagwe. Gore re amogele botshelo bosakhutleng, re tshwanetse go nna barutwana ba ba boikanyego ba ga Jeso Keresete. Se se raya gore re amogela efangele e busitsweng ka go nna le tumelo mo go Mmoloki le Tetlanyo ya Gagwe, re sokologa, go kolobediwa, le go amogela neo ya Mowa o o Boitshepo, go dira le go tshwarelela dikgolagano tsa tempele, le go itshoka go ya bokhutlong. Go itshoka go ya bokhutlong go akaretsa go kopana le Mmoloki mo tirong ya Gagwe.

Go Gakalela Tiro

Re nna le seabe mo tirong ya Mmoloki fa re thusa bana ba Modimo gore nne barutwana ba ba ikanyegang. Se se akaretsa go abelana efangele ya Gagwe, ka jalo re phutha Iseraele, ka go diragatsa maikarabelo mo kerekeng ya Mmoloki le ka go leka thata go tshwana le Ene. Ya rona “katlego ga e a ikaega ka gore ba bangwe ba ikgethela go re amogela jang, le taletso ya rona, kana ditiro tsa rona tsa bopelonomi.” Poresidente Russell M. Nelson o netefaditse, “Nako le nako fa o dira sengwe le sengwe se se thusang ope—mo go lepe letlhakore la sesiro—go tsaya kgato go atumela go dira dikgolagano le Modimo le go amogela kolobetso e botlhokwa le ditao tsa tempele, o thusa go phutha Iseraele.”

Go dira tiro ya Mmoloki ya rona, re lebelela maikaelelo a Gagwe, re sala ditaelo tsa Gagwe morago, le go rata ba bangwe. Fa re dira tiro ya Gagwe ka tsela ya Gagwe (bona Dithuto le Dikgolagano 51:2), dilo tse dingwe di tlogelelwa rona gore re di iponele ka borona. Mmoloki o ne a bolelela Baitshepi ba ba neng ba phuthegile ko Jackson County, Missouri:

“Gonne bonang, ga go a siama gore ke tshwanetse go laola mo dilong tsotlhe; gonne yo o patelediwang mo dilong tsotlhe, ene yo o ke setshwakga le e seng motlhanka yo o botlhale; ke gone ga a amogela tuelo.

“Ammaaruri ka re, batho ba tshwanetse go gakalela go nna mo seemong se se molemo, mme ba dire dilo tse dintsi ka boikgethelo jwa bone, mme ba diragatse tshiamo e kgolo;

“Gonne thata e mo go bone, e mo go yone e leng baikgethedi ka bo bone. Mme e re ka batho ba dira molemo ga ba kitla ka gope ba latlhegelwa ke tuelo ya bone” (Dithuto le Dikgolagano 58:26-28).

Fa re sala Mmoloki morago, re kopana le Ene mo tirong ya Gagwe, gape re thusa ba bangwe go nna barutwana ba ba boikanyego, re ruta se A ka se rutang. Ka gore ga re letlelelwe go ruta sepe gape (bona Dithuto le Dikgolagano 52:9, 36), re lebelela thata re sa tswe mo tseleng thuto ya Gagwe (bona Dithuto le Dikgolagano 68:25). Mo godimo ga moo, re tsenya leitlho thata mo go bao ba ba sotlegang, ba ba tlhokang, le ba ba sa sireletsegang (bona Dithuto le Dikgolagano 52:40). Dikgatelelo tse di ne tsa netefatswa ke Mmoloki fa a ne a bua mafoko a ga Isaia mo sinagoge ko Nasaretha:

“Mowa wa Morena o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi Efangele; a ba a nthoma go fodisa ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwi kgololo, le difofu go baa di bona, le ba ba ketekilweng go ba naya tsela ba golotswe,

“Go bolela selemo sa Morena se molemo” (Luke 4:18–19; bona gape Isaia 61:1–2).

Selemo sa Morena se molemo go raya nako e mo go yone ditshegofatso tsotlhe tsa kgolagano ya Modimo di tlaa tshelwang mo bathong ba Gagwe. Re sala Jeso Keresete morago ka go laletsa ba bangwe gore ba amogele ditshegofatso tsa go dira le go tshwarelela dikgolagano le Modimo le go ela tlhoko bao ba ba sotlegang kana gongwe ba le mo letlhokong.

Go kopana le Jeso Keresete mo tirong ya Gagwe go a itumedisa ka gore tiro ya Gagwe, ditogamaano le maikaelelo “ga di kake tsa retelelwa, le fa e le go ka nna tsa sepe” (Dithuto le Dikgolagano 3:1). Go bao ba ba ikutlwang ba kgobegile, Morena o ne a gakolola: “Ke gone, se lapeng mo go direng molemo, gonne lo thaya motheo wa tiro e kgolo. Mme go tswa mo dilong tse dinnye go tswa tseo tse dikgolo” (Dithuto le Dikgolagano 64:33). Re tlogela Morena gore a tshwenyege ka thobo, mme re dire fela tema ya rona.

“Pelo le Tlhaloganyo e e Etleetsegileng

Go dira karolo ya rona go motlhofo go na le re ka fa re ka akanyang ka teng ka gore ga re tlhoke go tlisa ditalente kana bokgoni go tiro ya Morena. Se a se tlhokang fela ke maitlamo le go iketleetsa. Morena o ne are go Baitshepi ko Kirtland, Ohio, “Morena o batla pelo le tlhaloganyo e e etleesegileng” (Dithuto le Dikgolagano 64:34). Morena o ka dira ba ba etleesegileng gore ba kgone, mme Ga A kake a dira ba ba kgonang gore ba etleetsegele. Ka mafoko a mangwe, fa re na le maitlamo le go etleetsega, O ka re thusa. Mme ga go kgathelesege gore re abetswe go le kae, ga A kake a re dirisa fa e se fela re na le maitlamo mo tirong ya Gagwe le etleesego ya go Mo thusa.

Samuel le Anna-Maria ba supile gotlhe maitlamo le etleetsego. Morago fela ga lenyalo la bone, boo-rra Koivistos ba ne ba fuduga go tswa Jyväskylä, Finland, go ya Göteborg, Sweden, go sala morago diphatlha tsa ditiro. Morago ga go goroga, Morwarre Koivistos o ne a lalediwa go etela Poresidente Leif G. Mattsson, mothusi mo boporesidenteng jwa Seteiki sa Göteborg sa Sweden. Ka gore Samuel o ne a sa buwe Swedish, potsoloso e ne ya diriwa ka Sekgowa.

Morago ga loeto le le khutshwane, Poresidente Matstson o ne a kopa Samuel go direla e le morongwa mo Wateng ya Utby. Samuel o ne a supa se se bonwang ke mang le mang: “Mme ga ke buwe Swedish.”

Poresident Mattson o ne a atamela mo tafolong ya gagwe a botsa ka bomo, “A ke go boditse gore o kgona go bua Swedish, kana a o na leiketleetso ya go direla Morena?”

Samuel a araba, “O boditse gore a ke na le iketleetso a go direla Morena. Mme ke na le yone.”

Samuel o ne a amogela pitso. Anna-Maria le ene o ne a amogela dipitso. Botlhe ba ne ba direla ka boikanyego mme ba ithuta go bua Swedish se sentle mo tsamaong ya nako.

Maitlamo le iketleetso ya go direla Morena di agile mo matshelong a ga Samuel le Anna-Maria. Ke bagaka ba ba tlwaelesegileng mo kerekeng. Ba diretse ka boikanyego nako le nako fa ba ne ba kopilwe. Ba nthutile gore fa re direla, re dirisa ditalente tse re nang le tsone (bona Dithuto le Dikgolano 60:13), Morena jalo o tlaa bo a re thusa go fitlhela maikaelelo a gagwe.

Fa re iketleeditse go direla, re leka ka bojotlhe go sa ngongorega, ka gore ga re batle go tsenya tirelo ya rona selabe ka tsela epe fela. Go ngongorega e ka nna sekai sa maitlamo a a phailegang, kana gore lorato la rona la Mmoloki ga le se le tshwanetseng go nna lone. Fa e sa elwe tlhoko, ngongorego e kgona go gola go nna tota botsuolodi go Morena. Go gola mo go bonala mo botshelong jwa ga Ezra Booth, leloko lwa pele la kereke ko Ohio o neng a bidiwa e le morongwa ko Missouri.

Jaaka a ne a emelela mo Missouri ka Seetebosigo wa 1831, Ezra o ne a ngaletse gore barongwa bangwe ba kgonne go tsamaya ka koloi fa ene a ne a tshwanelwa ke go tsamaya ka dinao mo letsatsing la selemo, a rera mo tseleng. A ngongorega. Fa a goroga mo Missouri, a ikutlwa a fedile mowa. Missouri e ne e se se a neng a se solofetse. Mme, o ne a leba-leba a lemoga gore “tsholofelo e lebega e le ko tlasenyana.”

Ezra a tswelela pele a nna bosilo, lesotle, le go botsa thata. Fa a tswa mo Missouri, go na le go rera fa a tsamaya, jaaka a ne a kopilwe gore a dire, o ne a boela ko Ohio ka bofefo. Go ngongorega ga gagwe ga ntlha go ne ga golela mo go phailegeng go fitlhela a latlhegelwa ke tshepo mo maitemogelong a gagwe a semowa a ntlha. Morago ga moo Ezra o ne a tlogela kereke mme “ka bogotlhe a latlha Sekeresete a nna motho o o sa dumeleng mo Modimong.”

Mo go tshwanang mo go ka re diragalelang fa re se kelotlhoko. Fa re sa tshwarelele tebo ya bosakhutleng, re ikgakolola gore tiro e tota ke ya ga mang,re ka nna ra ngongorega, ra phailega, morago re latlhegelwa ke tumelo e re nang le yone.

Ke rapelela gore re tlhophe go sala Jeso Keresete morago ka go kopana le Ene mo tirong ya Gagwe. Fa re dira jalo re fiwa “go feta ditsholofetso tse dikgolo le tse di tlhwatlhwakgolo (2 Petere 1:4). Ditshegofatso tse di akaretsa boitshwarelo jwa dibe (bona Dithuto le Diikgolagano 60:7; 61:2, 34; 62:3; 64:3), poloko (bona Dithuto le Dikgolagano 6:13; 56:2), le kgalalelo ya bosakhutleng (bona Dithuto le Dikgolagano 58:3–11; 59:23). Tota, re solofediwa mpho e kgolo e Modimo a ka e neelang—botshelo jo bosakhutleng.

Dintlha

  1. Dallin H. Oaks, His Holy Name (1998), 37

  2. Go phuta Iseraele go supa go laletsa botlhe go nna badumedi ba nnete mo go Jeso Keresete.

  3. Preach My Gospel: A Guide to Sharing the Gospel of Jesus Christ (2023), 13,

  4. Russell M. Nelson, “Hope of Israel” (worldwide youth devotional, June 3, 2018), Gospel Library.

  5. Bona Matthew McBride, “Ezra Booth and Isaac Morley,” in Revelations in Context: The Stories behind the Sections of the Doctrine and Covenants (2016), 130–36.