2025
Dikgang tse di Molemo tsa Lorato le Boitumelo
Firikgong 2025


“Dikgang tse di Molemo tsa Lorato le Boitumelo,” Liahona, Firikgong 2025.

Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa Liahona Firikgong 2025

Dikgang tse di Molemo tsa Lorato le Boitumelo

Ditshegofatso tsa Tsosoloso di tshwanetse go itumedisa dipelo tsa rona le go re tlatsa ka tebogo ka ntlha ya lorato le le golo la Modimo.

setshwantsho sa moengele Moroni ka phirimo ya letsatsi

Molaetsa wa rona wa tsholofelo le kagiso ke gore Jeso Keresete o a tshela le gore o tsosolositse efangele le Kereke ya Gagwe mo malatsing a a bofelo.

“Dilo tse di galalela mo go sa tlhalosegeng jang mo bathong!” ga bolela Moperofeti Joseph Smith. “Ka nnete di ka akanngwa go bo e le dikgang tse di molemo tsa boitumelo go batho botlhe; le dikgang, gape, tse di ka tlatsang lefatshe le go itumedisa dipelo fa di utlwala mo ditsebeng tsa mongwe le mongwe.”

Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela tirelo ya Mmoloki mo lefatsheng, bana ba Modimo ba ne Ba mmatla e bile ba eletsa lesedi le boammaaruri. Jaanong dikgang tse di molemo tsa efangele ya ga Jeso Keresete le Tsosoloso e e tsweletseng di tswelela pele go segofatsa batho botlhe le go baakanyetsa lefatshe letsatsi le Jeso Keresete a tlaa boang go “busa jaaka Kgosi ya Dikgosi mme a rene jaaka Morena wa Barena.” Se ke ponatshegelo e e boteng ya lorato le le sa feleng lwa Rara yo o kwa Legodimong le Mmoloki wa rona. Ke itumelela gore ke ka dirisa malatsi a botshelo jwa me ke itsise boammaaruri jo go lefatshe lotlhe.

Se se ka se Diragaleng le se se Gakgamatsang

Letsatsi le leṧa le ne la tlhabela batho botlhe mo sekgweng sa ditlhare, fa Modimo le Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete ba ne ba bonala le go bua le Joseph Smith ba araba thapelo ya ga mmotlana Joseph ya gore a tsene kereke efe (bona Joseph Smith—Ditso 1:14–20). Jeso Keresete o ne a bolelela Joseph gore a seka a tsena kereke epe. O ne a solofetsa gore efangele ya Gagwe ka botlalo e ne e tlaa senolelwa Joseph mo lobakeng lo lo tlang.

Mo go ba le bantsi, go ne go lebega thata fa Joseph e ka se nne ene yo o ka biletswang tiro e botlhokwa thata jaaka e, mme ba ne ba nepile. E ne e le mosimane yo o neng a sa rutega e bile a se botlhokwa a tswa mo tshimong e nnye mo toropong e e neng e sa itsege. Jaaka bangwe ba ne ba bua ka Mmoloki ka letsatsi la Gagwe, “A go na le sepe se se molemo se se ka tswang ko Nazaretha?” Johane 1:46, bontsi bo ne bo ipotsa gore ke eng se se molemo se se ka tswang mo ngwaneng yo o sa rutegang wa dingwaga tse 14 kwa Palmyra, New York. Mme ka Joseph—le fa go ne go sa lebege e ka nna ene—Rraetsho wa Legodimo le Morena Jeso Keresete ba ne ba tlaa diragatsa se ka nnete se se gakgamatsang. Se se tshwanetse go re tlisetsa tsholofelo gore ka tsela ya rona e nnye e bile e le boikokobetso, le rona re ka ntsha seabe ka ditsela tse di botlhokwa mo tirong ya Morena.

Mo nakong, Morena o biditse Joseph “mme [a] bua le ene go tswa kwa legodimong, le go mo neela ditaelo” (Dithuto le Dikgolagano 1:17). Joseph o ne a amogela ditshenolo tse di rategang le dithuto tse di botlhokwa tse di tlisitseng lesedi le leṧa mo go tlhaloganyeng thulaganyo ya lorato ya Rraetsho wa Legodimo le lorato le le rekololang la ga Jeso Keresete le maatla a setlhabelo sa Gagwe sa tetlanyo. Ka kgakgamatso, dikgang tse di molemo tse di tlile ka nako e e tlhomameng fa dikgatelopele tse di botlhokwa tsa dipalamo, dipuisano, le mafelo a magwe di ka letlelela gore lesedi la Modimo le phatsimele pele go segofatsa bana ba Gagwe ka bontsi.

Moroni a neela Joseph Smith dipapetlana tsa gauta

Moengele Moroni a Neela Joseph Smith Dipapetlana, ka C. C. A. Christensen

Bosupi jo bo Nonofileng jwa Lorato la Modimo

Go bonala ga ga moengele Moroni go Joseph Smith go ne go le botlhokwa thata mo Tsosolosong e bile e le bosupi jo bo nonofileng jwa lorato la Modimo. Moroni o boleletse Joseph ka tshupo, e e kwaletsweng mo dipapetlaneng tsa gauta, e e neng e fitlhilwe gautshwane (bona Joseph Smith—Ditso 1:33–34). Phelelong, Joseph o ne a neelwa “thata go tswa kwa godimo” (Dithuto le Dikgolagano 20:8) go ranolela tshupo eo go se e nnileng Buka ya ga Momone, e e emang go bapa le Baebele e bile e le kgolagano e nngwe ya ga Jeso Keresete.

Mo Bukeng ya ga Momone, re bala ka batho, ba e leng gore dingwaga tse dikgolo pele ga ga Keresete, ba ne ba itse e bile ba bolela-pele ka go tla ga Gagwe le go go eletsa. Re fitlhela gape pego e e sa tlwaelesegang ya go bonala ga Mmoloki yo o tsogileng ka sebele mo gare ga Banefi, ka nako eo A neng a laletsa botlhe go tla kwa go Ene le go kgoma letshwao mo letlhakoreng la Gagwe le mabadi a dimapo mo diatleng le dinao tsa Gagwe (bona 3 Nefi 11:14–15). O ne a fodisa ba ba lwalang, ba ba tlhotsang, difofu—“bone botlhe ba ba neng ba tlhokofaditswe ka mokgwa ope”—le gape bana ba bannye mme a ba rapelela (bona 3 Nefi 17:7–9, 21). Re ithuta go le go ntsi ka lorato le bopelotlhomogi jwa Mmoloki go tswa mo pegong e boitshepo e.

Buka ya ga Momone e supa gore “Jeso ke Keresete.” Ditlhomamiso tsa Buka ya ga Momone gangwe le gape di re gakolola gore Rara wa rona o o kwa Legodimong le Mmoloki wa rona ba re rata go feta sepe fela se re ka se akanyang.

Ditshegofatso tsa Boperesiti le Kereke

Tsosoloso e ne ya tswelela ka ponatshego ya barongwa ba bangwe ba legodimo go Joseph Smith. “Johane wa Mokolobetsi yo o tsogileng mo baswing o ne a tsosolosa taolo ya go kolobetsa ka go nwetsa ya boitshwarelo jwa dibe. Baaposetole ba le bararo mo go ba ntlhantlha ba ba lesome le bobedi—Petere, Jakobe, le Johane—ba tsosolosa boaposetole le dilotlele tsa taolo ya boperesiti. Ba bangwe le bone ba ne ba tla, go akaretsa Elija, yo o neng a tsosolosa taolo ya go kopanya malwapa ka bosenang bokhutlo mo botsalanong jwa bosakhutleng jo bo fetang leso.”

Ka Moranang 6, 1830, Jeso Keresete o ne a tlhomamisa ka Moperofeti Joseph Smith kereke e e kailweng jaaka kereke e A e rulagantseng mo metlheng ya Kgolagano e Ntšha (bona Mekwalo ya Tumelo 1:6), e feletse ka “motheo wa baaposetole le baperofeti, Jeso Keresete ka boene e le lentswe le legolo la kgokgotsho” (Baefeso 2:20). Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e dira gore ditshegofatso tsa thata ya boperesiti e e tsosolositsweng di nne teng mo baneng botlhe ba Modimo ba ba ipaakanyetsang go di amogela.

Jaaka Poresidente Russell M Nelson a re rutile, re ka bona boitumelo mo boikotlhaong jwa letsatsi le letsatsi jaaka re leba kwa go Rraetsho wa Legodimo le Mmoloki wa rona. Go bangwe le bangwe ba ba ikutlwang ba le kwa tlase kana ba sa fitlhelele dikeletso kana ba sa amogelesege: botlhe ba lalediwa go tla kwa go Keresete le Kereke ya Gagwe. Kereke ga se ntlo ya baitlami ba ba itekanetseng mme ke kokelo ya ba ba lwalang. Mogolwane Dieter F. Uchtdorf wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o re gakolola gore “re tla kerekeng e se go fitlha mathata a rona mme go a fodisa.”

Kwa kerekeng re fitlhela boitumelo mo sebakeng sa go itebisa kwa ntle, re direla ba bangwe ka lorato, e bile re abelana maitemogelo a rona ka bomolemo jo bo tletseng jwa ga Keresete. Re ka “balelwa mo gare ga batho ba kereke ya ga Keresete” mme re “otliwa ka lefoko le le molemo la Modimo” (Moroni 6:4). A tshegofatso e kgolo!

Lebaka la Boitumelo jo Bogolo

Moperofeti Joseph Smith o kile a bolela, “Jaanong, re utlwa eng mo efangeleng e re e amogetseng? Lentswe la boipelo! Lentswe la kutlwelobotlhoko go tswa kwa legodimong; le lentswe la boammaaruri go tswa mo lefatsheng; mafoko a a molemo mo baswing; lentswe la boipelo mo batsheding le mo baswing; mafoko a a molemo le a boitumelo jo bogolo.” (Dithuto le Dikgolagano 128:19).

Dikgang tse di molemo tse di tlile ka gore Rraetsho kwa Legodimong le Morwa wa Gagwe o rategang, Jeso Keresete, ba a re rata, e bile ba batla—go feta sengwe le sengwe—go re amogela go boela mo bodulong jwa Bone, gore re ka nna ka bosakhutleng le botshelo jaaka Ba bo tshela. Tsosoloso e senola gore Ba dirile sengwe le sengwe se se tlhokegang go dira se kgonagalo e e galalelang ya rona rotlhe. Mo loetong lwa rona lwa bosakhutleng re tlaa itemogela diteko le mathata, mme “[re] teng, gore [re] ka nna le boitumelo” (2 Nefi 2:25) mo botshelong jo le jo bo tlang. Moperofeti Joseph o ne a itse se go gaisa ba le bantsi.

Joseph o ne a lebagana le kganetso le pogiso gangwe le gape, mme o ne a tswelela ka “mokgwa wa tlholego wa [gagwe] wa go itumela” (Joseph Smith—Ditso 1:28). O ne a tswelela ka boitumelo, nonofo, le boitsetsepelo, e bile o fitlheletse tiro e e sa tlwaelesegang e a neng a e filwe. Ke fa tlotla go botlhe Baitshepi ba pele ba ba neng ba dumela, ba tshegetsa, le go sala morago Moperofeti Joseph Smith le go itshwaela mo go ageng Kereke. Re ba kolota thata tebogo le tlotlo.

Go ne go le bokete mo malatsing a ntlha a Kereke, le gompieno go kgona go nna bokete. Mme Tsosoloso e tsweletse. Ka Jeso Keresete a le kwa tlhogong ya Kereke e, baperofeti ba ba tshelang ba tlaa tswelela go re kaela. Matlo a Morena a tlaa tswelela ka go agiwa, gore ditshegofatso tsa dikgolagano tsa bosakhutleng le Modimo di re bofelele go Ene le baratiwa ba rona mo matlhakoreng oo mabedi a sesiro (bona Mathaio 16:19). Lorato lwa Modimo le Jeso Keresete le tlaa atolosiwa mo lefatsheng lotlhe jaaka re sala morago taelo ya Mmoloki go fudisa dinku tsa Gagwe le go abelana efangele ya Gagwe. Re tlaa bona boammaaruri jwa Tsosoloso bo tswelela pele ka ditsela le kwa mafelong a a neng a ka se akanngwe ka letsatsi la ga Joseph.

Re ka fitlhela nonofo le boitumelo jo bogolo—jaaka Moperofeti Joseph a ne a dira—jaaka re amogela a bo re tshela dithuto tse di botlhokwa tse. Pitso e Joseph a e diretseng Baitshepi ka letsatsi la gagwe e tswelela le rona gompieno: “A re ka se tswelele mo ntlheng e kgolo jaana? Tswelelang pele mme e seng go boela morago. Bopelokgale, … mme tswelelang, tswelelang mo phenyong! A dipelo tsa lona di itumele, mme di ipele thata” (Dithuto le Dikgolagano 128:22).

A dikgang tse di molemo tsa lorato le boitumelo tse di tlisiwang ke Tsosoloso di segofatse le go kaela matshelo a rona—jaanong le ka metlha.

Dintlha

  1. Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith (2007), 152.

  2. Keresete Yo Tshelang: Bopaki jwa Baaposetole,” Motlobo wa Efangele.

  3. Bona Saints: The Story of the Church of Jesus Christ in the Latter Days, vol. 1, The Standard of Truth, 1815–1846 (2018), 16.

  4. Tsebe ya setlhogo ya Buka ya ga Momone.

  5. Tsosoloso ya Efangele ya ga Jeso Keresete ka Botlalo: Kanamiso mo Lefatsheng ya Go Ipelela Dingwaga tse di Makgolo a Mabedi,” Motlobo wa Efangele.

  6. Bona Russell M. Nelson, “The Power of Spiritual Momentum,” Liahona, Motsheganong 2022, 98.

  7. Dieter F. Uchtdorf, “On Being Genuine,” Liahona, Motsheganong 2015, 83.