2025
Lebang kwa go Keresete
Firikgong 2025


Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa Go Nonofo ya Banana Firikgong 2025

Lebang kwa go Keresete

Dithuto le Dikgolagano 6:36

Setlhogo sa Banana sa 2025 se tlaa go thusa go tlhopha tshepho godimo ga pelaelo le tumelo godimo ga poifo.

Sekano sa Setlhogo sa Banana sa 2025

Kailey wa dingwaga di le lesome le bosupa o ne a le mo setlhopheng sa ba ba kgothatsang batshameki go fitlha kotsi e e neng ya mo fa kgobalo e masisi ya boboko. Go tokafala ga gagwe go ne go mo itsa go ya sekolong, mme a simolola go nna le maikutlo a gore o kgaphetswe kwa thoko e bile o nosi. O ne a sokola mo maikutlong gape a sa itse kwa a ka batlelang thuso teng. Tsala nngwe e ne ya mo akantsha gore a reetse baanamisa efangele. Ba ne ba mo ruta ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete. Go ithuta thata ka Keresete go ne ga mo fa tsholofelo, gape o ne a utlwa okare Modimo tota o ne a mo atamela.

Kailey o boleletse mmaagwe, “Ga ke ise ke utlwe okare Modimo o a nthata. Mme jaanong ke a itse gore O a nthata.”

Mmaagwe, Michelle, o ne a gakgametse go se kae. Ene le monna wa gagwe, Brock, ba ne ba tlogetse Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo fa Kailey a le dingwaga tse supa ka ntlha ya dipotso, dipelaelo, le matshwenyego. Ba ne ba akanya gore morwadiabone o ne a tlaa itumela thata go sena diphuthego le ditaelo. Ga ba ise ba akanye gore tshwetso ya bone e ka itsa Kailey go nna le kgolagano e e rileng le Modimo. Fa Michelle le Brock ba lebelela jaaka Kailey a ne a fetoga, ba ne ba lemoga fa go ne go le lobaka ba sa ikutlwe ba le gaufi le Modimo, mme ba ne ba batla go ikutlwa jalo gape.

Ba ne ba kopana le bishopo wa bone, mme mo nakong e khutshwane lelwapa leo, go akaretsa le monnawe Kailey wa mosimane Braeden, la boela kerekeng. Go ikutlwa ba le gaufi le Modimo le go tshwaragana le Ene—bogolo jang ka thapelo—go ne ga busa tumelo ya bone. Go boela kerekeng ga go a rarabolola dipotso kgotsa matshwenyego otlhe a bone, mme ba ne ba lemoga gore go nna le tshwaragano e e nonofileng le Modimo ka bo bone go ne go le botlhokwa go feta go tlhoka tumelo.

Tse tsotlhe di simolotse fa tsala—mosha jaaka wena—a laletsa Kailey go leba kwa go Keresete. Mme a dira jalo!

Jeso Keresete o rile, “Lebang kwa go nna mo kakanyong nngwe le nngwe; lo se belaele, lo se boife” (Dithuto le Dikgolagano 6:36). Se ke sone se se tlhotlheleditseng Setlhogo sa Banana sa 2025. Re letlelele go abelana jaaka o ka tlhopha tshepho godimo ga pelaelo le tumelo godimo ga poifo fa o leba kwa go Keresete:

Boporesidente jwa Kakaretso jwa Makgarebe

Molema go ya mojeng: Kgaitsadi Runia, Poresidente Freeman, Kgaitsadi Spannaus

Tamara W. Runia

Fa ke sokola, go nna fela go nthusa go akanya Jeso Keresete ka matsogo a a atlolotsweng. Fa ke leba kwa go Ene, ke gakologelwa mafoko a moopelo wa, “Ke Tlaa Tsamaya le Jeso”: “Ga A kake a ntlogela, le fa ke wa.”

Emily Belle Freeman

Fa ke bala lekwalo le le boitshepo la setlhogo se, ke gakololwa ka Petere kwa Lewatleng la Galalea. Go tlhoma mogopolo mo matsubutsubung go ne ga oketsa poifo le pelaelo tsa gagwe, go mo dira gore a nwele mo makhubung a matsubutsubu. Mme go tlhoma mogopolo mo Mmoloking go ne ga mo letla go fitlhelela sengwe se a neng a ise a se fitlhelele pele: o ne a tsamaya mo metsing! Go a gakgamatsa, e le ruri. O ka fitlhelela eng jaaka o leba kwa go Ene?

Andrea Muñoz Spannaus

Fa ke simolola go tlelwa ke poifo, go sa kgathalesege gore ke ko kae kgotsa seemo se ke leng mo go sone, ke ikakantsha ka botsalano jwa me le Modimo le Jeso Keresete. Ke boelela gantsi mo tlhaloganyong ya me gore: KE MORWADIE MODIMO. Ke tswelela ka go dira se go fitlhela ke simolola go ikutlwa ke le botoka. Go bereka ka metlha!

Boporesidente jwa Kakaretso jwa Makawana

Molema go ya mojeng: Mokaulengwe Wilcox, Poresidente Lund, Mokaulengwe Nelson

Bradley R. Wilcox

Ipotse gore ke mang yo o amegang ka wena le go go rata go fetisa. A ke batsadi ba gago le baeteledipele ba Kereke? A ke batho mo maranyaneng a dipuisano ba mo go bone o ka tswang o le palo fela? Leba kwa go Rraetsho wa Legodimo le Keresete. Ruri ba a amega!

Steven J. Lund

Gakologelwa se o se gakololwang fa o bala ditlhogo tsa Khoramo ya Boperesiti jwa ga Arone le Makgarejwana: O morwa kgotsa morwadie o rategang wa Modimo. Nna le tumelo ya gore Rraetsho o na le thulaganyo ka wena. Go leba kwa go Keresete go raya go bona gore Tetlanyo ya Gagwe e fela fa gare ga thulaganyo eo.

Michael T Nelson

Go bala dikwalo tse di boitshepo ke go leba kwa go Keresete! Dipelaelo le dipoifo ka tlholego di a nyelela jaaka re gakololwa ka dikgakgamatso le dithuto tsa ga Jeso. Re sego thata go bo re kgona go nna le mafoko a Gagwe. A tshwanela mo diemong dingwe le dingwe tse re di itemogelang mo matshelong a rona.

Ntlha

  1. Mafoko le moopelo ka Stephen P. Schank (bona Friend, Feb. 2020, 27; bona gape Hymns—For Home and Church, no. 1004).