“Go Segofatsa Otlhe Malwapa a Lefatshe,” Liahona, Mar. 2026.
Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa Liahona Mopitlo 2026
Go Segofatsa Otlhe Malwapa a Lefatshe
Fa re sala morago le go abelana togamaano ya ga Rara wa rona wa Legodimo ya malwapa, O tlaa nna le rona, fa re tshegetsa, le go gokagana le rona mo loetong la rona go boela kwa go Ene.
Jacob’s Dream at Bethel [Toro ya ga Jakobe kwa Bethele], ka J. Ken Spencer
Mo bošeng, nna le Kgaitsadi Uchtdorf re ne ra tsena kolobetso ya mongwe wa ditlogolwana tsa rona. Jaaka re ne re lebeletse dikokomana tse dintsi ba itumelela tiro e ka boipelo, re ne ra ikutlwa re na le tebogo e e boteng go Rara wa rona wa Legodimo ka ntlha ya togamaano ya Gagwe ya poloko ya bana ba Gagwe. Re lemogile ka fa lelwapa le dikgolagano tse di boitshepo di ntseng di le botlhokwa ka teng go Ene go tswa tota kwa tshimologong.
Botlhokwa joo bo ka bonwa mo pegong ya Kgolagano e Kgologolo ya ga Jakobe o o boikanyego, o o tsereng loeto le le leele, le le thata go batla mosadi, go nyala mo kgolaganong, le go simolodisa lelwapa. Maitseboa mangwe, Jakobe o ne a ema go ikhutsa mme a fitlhela matlapa fela go dira mosamo. O ka tswa a ne a lapile thata ka gore o ne a kgona go thulamela—le go lora.
Ka maikaelelo a gagwe a a tshwanetseng a lenyalo la kgolagano le lelwapa a ruri a neng a le mo tlhaloganyong ya gagwe, Jakobe o ne a bona “sepalamo se tlhomilwe fa fatshe, setlhoa sa sone se fitlha kwa legodimong: mme bonang baengele ba Modimo ba tlhatloga le go fologa ka sone.
“Mme, bonang, Morena a ema fa godimo fa sone, a re, ke nna Morena Modimo wa ga Aberahame rraago, le Modimo wa ga Isake” (Genesise 28:12–13).
Morena o ne jalo a dira ditsholofetso dingwe tsa kgolagano tse di botlhokwa go Jakobe—ditsholofetso tse A di dirileng gape le rraagwe Jakobe, Isake, le rraagwemogolo, Aberahame, go akaretsa:
-
Ditsholofetso tsa gore Jakobe o ne a tlaa nna rre go “matshwititswiti a batho” (Genesise 28:3; bona gape temana 14).
-
Ditsholofetso tsa lefatshe go kokomaneng ya ga Jakobe (bona Genesise 28:4, 13).
-
Ditsholofetso tsa gore ka Jakobe le ya gagwe “peo malwapa otlhe a lefatshe a tlaa segofadiwa” (Genesise 28:14; kgatelelo e tsentswe).
A ne a le boitshepo thata maitemogelo a a ga Jakobe mo a begileng: “Ruri Morena o mo lefelong le. … Fa ga se gope go sele fa e se ntlo ya Modimo fela, le fano ke kgoro ya legodimo.” (Genesise 28:16–17). Mme jalo, Jakobe a bitsa lefelo leo Beth-el, mo go rayang “ntlo ya Modimo” (Genesise 28:19, ntlha a).
Ditshegofatso tse di solofeditsweng mo torong ya ga Jakobe di ne di tlhoka gore Jakobe a tlhatloge ka tsela ya tshwantshetso go se kae mo botshelong jwa nnete. Jaaka Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, ga go thata go bona kamano gareng ga toro ya ga Jakobe, dikgolagano tsa Morena, le ntlo ya Morena. Ditempele di tshwana thata le sepalamo se Jakobe a se boneng. Dithuto, ditao, le dikgolagano tsa ntlo ya Morena di kopanya legodimo le lefatshe. Dikgolagano tse di ka bapisiwa le dikgato tsa sepalamo tse di re tlisang gaufi le Morena. Le gone, ka tirelo e e boitshepo e re e neelang mo ditempeleng tse di boitshepo, re segofatsa “otlhe malwapa a lefatshe”—a nako e e fetileng, a jaanong, le a a tlaa tlang.
“A Temogo!”
Mogolwane Bruce C. Hafen, leloko le le sa direng la ba ba Masome a Supa, o kile a amogela mogala go tswa kwa morulaganying wa makasine mongwe wa dikgang tsa setshaba. Morulaganyi o ne a batla go bua ka buka e e eng e le ya bosheng e e neng e batlisisa ditso tsa ditumelo ka ga legodimo mo ditumelong tse di falorologaneng.
“Bakwadi ba bone gore batho mo setshabeng ba ikutlwa ba na le tlala e e anameng ya legodimo—le malwapa mo legodimong,” Mogolwane Hafen a kwala. Mme le fa bontsi jwa batho ba ne ba ntse ba dumela mo botshelong jwa morago ga loso, lorato lwa bosakhutleng, le go kopana gape ga malwapa kwa legodimong, “bontsi jwa dikereke tsa Sekeresete di neela karabo e e nnye go tlaleng e ya moteng”—ga e se fela e le nngwe: Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.
Mo Kerekeng ya Mmoloki e e tsosolositsweng, re na le ditempele tse di boitshepo. Re na le lenyalo la bosakhutleng, le tetla ya go kana e e segofatsang go feta loso la nama. Re na le ditsholofetso tsa lobaka lo lo tlang lwa bosakhutleng le baratiwa ba rona mo boleng teng jwa Rara le jwa Morwa. Ka ntlha ya tsotlhe tse, bakwadi ba ne ba feleletsa ka go re kgopolo ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ya legodimo ke yone e e feletseng go feta—ebile, ke ka tlatsa, e e itumedisang go feta.
“A Temogo!” Mogolwane Hafen a lemoga. “Bontsi jwa batho ba eletsa malwapa a bosakhutleng, mme [efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete] e kgotsofatsa keletso eo go gaisa dikakanyo tse dingwe tse di itsegeng [kgotsa ditumelo tsa bodumedi]. Ke eletsa gore lefatshe lotlhe le ka utlwa bana ba rona ba opela dikgang tse tsa boitumelo: ‘Malwapa a ka nna mmogo ka bosakhutleng.’”
Malwapa ga se fela thulaganyo e e siameng ya loago. Ke mokgwa wa bosakhutleng wa legodimo. Ke “pinagare ya togamaano ya Mmopi ya phelelo ya bosakhutleng ya bana ba Gagwe.” Jaaka Poresidente Russell M. Nelson (1924–2025) a re rutile: “[Morena] o bopile lefatshe [gore] re nne le mebele ya nama le go dira malwapa. O tlhomile Kereke ya Gagwe go tlhatlosa malwapa. O tlamela ka ditempele gore malwapa a kgone go nna mmogo ka bosakhutleng.”
Mme kgatlhego ya rona mo malwapeng a a nonofileng ga se fela ka ga diphelelo tsa bosakhutleng. Lelwapa le tsaya karolo e e botlhokwa mo boitumelong jwa rona mo botshelong jwa nama. Rara wa rona wa Legodimo, O itseng mo go itekanetseng gore ke eng se se tlisang boitumelo jaanong le ka bosakhutleng, o romela bana ba Gagwe mo malwapeng—le fa ba sa itekanela—mme O re laletsa go aga le go godisa malwapa a a nonofileng. Ka nnete, “bokoa, loso, kgotsa dikgwetlho tse dingwe di ka pateletsa gore motho a dire diphetogo.” Mme ga go sepe se se ka emisetsang maikarabelo a a botlhokwa, a a tlhomilweng semodimo a monna le mosadi, rre le mme.
Dipatlisiso ka ga “malwapa a tlholego, a kamano e e nonofileng, a batsadi ba babedi” di tswelela go supa gore lelwapa le botlhokwa thata mo go sireletseng “dikamano tse di koteng tsa lorato.” Ke “lefelo la ntlha go godisa batho ba ba tlhomameng, ba ba ipaakantseng sentle, le ba ba amegang ka batho ba bangwe.”
Basireledi ba Natla ba Lelwapa
Ka nnete, ga go a tshwanela go re gakgamatsa gore sengwe se se botlhokwa thata jaana mo togamaanong ya Modimo se ka lebagana le kganetso. Saatane ga a ise a nne le botsalano le lelwapa, mme matsapa a gagwe fela a simolola go nna le potlako “gonne o itse gore o na le nako e khutshwane” (Tshenolo 12:12) Jaaka Poresidente M. Russell Ballard (1928–2023), Poresidente o Dirang wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, o ne a re, “Saatane o itse gore tsela e e tlhomameng ebile e na le mosola ya go emisa tiro ya Morena ke go nyenyafatsa bomosola jwa lelwapa le boitshepo jwa lelwapa.”
Ka re itse se re se itseng ka lelwapa la bosakhutleng la Modimo, togamaano ya Gagwe ya bana ba Gagwe, le botlhokwa jwa bosakhutleng jwa dikamano tsa lelwapa, re tshwanetse go bo re le gareng ga basireletsi ba ba natla thata ba lelwapa mo lefatsheng.
Re ka dira se jang?
Poresidente Dallin H. Oaks o neetse kgakololo e: “Kanamiso ya lelwapa … ke kgatelelo ya Morena ya boammaaruri jwa efangele e re e tlhokang go re nonotsha kgatlhanong le dikgwetlho tsa jaanong tsa lelwapa.”
Mo matshelong a rona ka bongwe, re ka dira “dilo tse dinnye le tse di motlhofo” (Alema 37:6) tse di ka nonotshang dikamano tsa lelwapa. Se se akaretsa go sala morago melawana ya malwapa le manyalo a a atlegileng a a nankotsweng mo kanamisong ya lelwapa: “tumelo, thapelo, boikotlhao, boitshwarelo, tlotlo, lorato, bopelotlhomogi, tiro, le ditiro tsa itloso-bodutu tse di molemo.” Go sa kgathalesege gore seemo sa lelwapa la rona se ntse jang, re ka supa ka ditiro tsa rona gore dikamano tsa lelwapa di botlhokwa mo go rona ka bosakhutleng.
Jaaka “baagi ba ba nang le boikarabelo” mo ditikologong tsa rona, re ka “tlotlomatsa ditsela tse di thailweng go babalela le go nonotsha lelwapa.”
Re batho ba Modimo ba kgolagano ba malatsi a bofelo. Re baruaboswa ba ditsholofetso tse di diretsweng Aberahame, Isake, le Jakobe—ditsholofetso tse di amanang ka gotlhe le malwapa. Ditsholofetso tseo di tla le pitso e e boitshepo go segofatsa “otlhe malwapa a lefatshe.” Mme tsela nngwe e botlhokwa e re dirang jalo ke go tshela, go sireletsa, le go abelana nnete ya bosakhutleng ya gore “lelwapa le tlhomilwe ke Modimo” le gore “ditao le dikgolagano tse di leng teng mo ditempeleng tse di boitshepo di dira gore go kgonege gore batho ba boele kwa boleng teng jwa Modimo le gore malwapa a golaganngwe ka bosakhutleng.”
“Ke na le Wena”
Fa nna le Kgaitsadi Uchtdorf re lebelela maloko a lelwapa la rona ba dira dikgolagano tse di boitshepo le Rara wa rona wa Legodimo yo o lorato, yo o bosakhutleng, dipelo tsa rona di tlala ka boipelo le tebogo. Ga re ipele fela mo baneng ba rona le bana ba bone mme gape le mo batsading ba rona le batsadi ba bone. Re tlhatlhanya ka lorato le le boteng ka gore dikgolagano tsa efangele di re kopanya jang go akaretsa dikokomana. Ke maitemogelo a a tshwanang le go bona “sepalamo se tlhomilwe fa fatshe, … setlhoa sa sone se fitlha kwa legodimong: mme bonang baengele ba Modimo ba tlhatloga le go fologa ka sone” (Genesise 28:12).
Ditshegofatso tse Morena a re di solofeditseng Jakobe mo torong ya gagwe di akaretsa bana ba Gagwe ba kgolagano botlhe—go akaretsa nna le wena. Jaaka Morena a diretse Jakobe, O tlaa re araba “mo letsatsing [la rona] la tlalelo” (Genesise 35:3) fa re tlhopha Ene.
“Bonang,” ga bua Morena, “Ke na le wena, ke tla go boloka gongwe le gongwe kwa o yang teng, … gonne ga nkitla ke go tlogela” (Genesise 28:15).
Jaaka Jakobe, rotlhe re na le naga e re e ralalang. Ka dinako dingwe ditshegofatso tse di solofeditsweng di lebega di le kgakala. Fa mathata kgotsa dikgwetlho tse di masisi di tla, re ka belaela lorato lwa Morena. Re ka ikutlwa ebile gore Modimo o re tlogetse. Le ntswa maiteko a rona a go nna barutwana a nonofile, re ka ikutlwa re sa amogele ditshegofatso tse re di solofetseng.
Bakaulengwe le bokgaitsadi, ditsala tse di rategang, tsela ya kgolagano ke tsela ya boipelo, le fa fa gongwe e tshwaeditswe ka dikeledi. Fa o ikutlwa gore dikarolo tsa togamaano ya boitumelo ga di a diragadiwa mo botshelong jwa gago jaanong, tswee tswee tshepa gore Morena o go akantse mme o tlaa go segofatsa mo nakong ya Gagwe, ka botlhale jwa Gagwe.
Tumelo mo go Jeso Keresete le ditsholofetso tsa Gagwe e re rotloetsa go leba kwa pele, eseng kwa morago. Ka lebaka la Gagwe, lobaka lwa rona lo lo tlang ga le a tshwanela go golegwa ke sepe fela se se diragetseng mo nakong e e fetileng kgotsa se se thibileng pono ya rona jaanong. Ee, rotlhe re gobetse, kgotsa re tla gobala ka tsela nngwe kgotsa e sele. Mme re dumela mo Mofodising Mogolo. Re a Mo tshepa—thata, mo ebile, re amogelang ditsholofetso tsa Gagwe, ka botlalo re “di itumelela,” le fa di santse di le “kgakala” (Bahebera 11:13).
“Mme re gakololwa gore, mo nakong le mo tseleng ya Morena, ga gona ditshegofatso tse di tlaa emisiwang go Baitshepi ba Gagwe ba ba nang le tumelo,” ga bua Poresidente Nelson. “Morena o tlaa atlhola le go duela motho mongwe le mongwe ka keletso ya mo pelong ga mmogo le ditiro.”
Ke solofetsa gore jaaka re sala morago le go abelana togamaano ya Rara wa rona wa Legodimo ya malwapa, O tlaa nna le rona, a re tshegetsa, le go gokagana le rona mo loetong la rona. Ga a kitla a re tlogela re le nosi, bogolo jang fa diteko di tla kwa go rona kgotsa baratiwa ba rona. O tlaa re rwala, a re tsholetsa, mme a re tlisa kwa lefelong la tsholofetso la boipelo jo bo tleseng le Ene, le Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, le malwapa a rona—ka bosakhutleng.
© 2026 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Monthly Liahona Message, March 2026. Tswana. 19937 763