Liahona
Tsela ya Kgolagano e e Itumedisang
Tlhakole 2026 Liahona


“Tsela ya Kgolagano e e Itumedisang,” Liahona, Feb. 2026.

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Tlhakole 2026

Tsela ya Kgolagano e e Itumedisang

Kgakgamatso le bontlentle jwa maloko a lelwapa a a kopaneng mmogo mo boleng teng jwa ga Rara le Morwa go tlisa phetelela tlotlo le boitumelo go mowa wa me le go ntlatsa ka mowa wa go leboga.

Mogolwane Patrick Kearon le mosadi wa gagwe, Jennifer

Mogolwane Patrick Kearon le mosadi wa gagwe, Jennifer

Fa Israel le Elizabeth Haven Barlow ba tswa kwa Nauvoo, Illinois, ba ya kwa Salt Lake Valley ka 1848, ba ne ba tlogela kwa morago ngwana wa mosimane a fitlhilwe mo mabitleng a mannye kwa Nauvoo. Mmotlana James Nathaniel Barlow, ngwana wa bone wa ntlha, o ne a tlhokafetse ka bonako fela fa a sena go tsholwa ka May 1841.

Ka go tswa ga bone ba ya Salt Lake Valley, Israel le Elizabeth ba ka tswa ba ne ba sa solofela go bona gape lebitla la morwaabone. Mme fa Israel a ne a bidiwa go ya go dira tiro ya borongwa kwa Engelane dingwaga di sekae moragonyana, o ne a feta kwa Nauvoo fa a ne a ya kwa botlhaba. Ka kopo ya ga Elizabeth, o ne a ema go ya go batla lebitla la morwaabone le go isa masalela a gagwe kwa mabitleng a magolo, kwa botlhaba jwa toropo.

Morago ga letsatsi la go batla mo go sa atlegang, Israel o ne a batla thuso mo motlhokomeding wa lefelo. Letsatsing le le latelang, ba ne ba bona lebitla, le le fa thoko ga lwa ga ntsalaagwe James Mary. Ka go tlhoka lesego, makesi a ne a senyegile e bile a thubegile. Mo lekwalong go mosadi wa gagwe, Israel o ne a kwala, “Ka jalo ke ne ka retologa mme ke weditse gore ke tlaa ba tlogela koo go fitlha mo isagong.”

O ne a ise a tsamaele kgakala le lebitla fa a ne a utlwa lentswe. Fa a gopola boitemogelo joo, a kwala, “Le ne le sa utlwale, mme le tlhomogile mo mogopolong wa me mo e leng gore ke ne ke sa kgone go ganetsa: ‘Ntate, o se ka wa ntlogela fa.’” Israel a boela kwa lebitleng, a wetsa ka gore a tlose mosimanyana wa gagwe kwa phelelong. “Ke ne ka ikutlwa ke ritibetse ka tsela e e sa tlwaelegang e bile ke na le kagiso ya mogopolo e ke neng ke ise ke nne le yone pele. … Se ke ka se buang fela ke gore: ga ke ise ke ko ke nne le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go dira se ke tshwanetseng go se dira mo botshelong jwa me.”

Ka Lwetse 2, 1853, Israel Barlow le motlhokomedi ba fudusetsa ditopo tsa ga James le Mary kwa mabitleng a magolo a kwa Nauvoo, ba tshwaya lefelo ka “maje kwa tlhogong le kwa maotong a mabitla.”

Israel o ne a bolelela Elizabeth gore fa a ntse a diegile kwa lebitleng, “Ke ne ka ikutlwa ke eletsa go ineela le sengwe le sengwe se ke neng ke ka se bitsa sa me mo diatleng tsa Morena, gore ke tle ke kaiwe ke tshwanela go tswa le [James] mo mosong wa Tsogo ya Ntlha.”

Go ineela gwa ga Israel mo efangeleng ya ga Jeso Keresete, mmogo le go tlotla dikgolagano tse di boitshepo, go letlelela Keresete go dira botshelo jo bosakhutleng—masego ao a magolo go gaisa otlhe—bo mo kgonegele, mo go borraagwemogologolwane, le mo kokomaneng ya gagwe.

Go ntse fela jalo le ka rona rotlhe.

diterei tsa sakaramente

Setshwantsho ka Jerry Garns, se ka kopisiwa go dirisiwa ke Kereke fela

Ditsholofetso Tse di Boitshepo

Rara wa rona wa Legodimo le Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete, ba rata mongwe le mongwe wa rona go feta kafa re ka akanyang ka teng. Ga go gope kwa lorato lwa Bone le bonalang sentle teng go feta ka masego a a solofeditsweng a a amanang le dikgolagano tse re di neelwang ka nako ya kolobetso le mo ntlong ya Morena.

“Nngwe ya megopolo e e botlhokwa thata ya bodumedi jo bo senotsweng ke wa kgolagano e e boitshepo,” Poresidente Russell M. Nelson (1924–2025) o ne a ruta. “Mo puong ya semolao, ka kakaretso kgolagano e kaya tumalano magareng ga matlhakore a mabedi kgotsa go feta. Mme mo kgannyeng ya bodumedi, kgolagano e botlhokwa le go feta. Ke tsholofetso e e boitshepo le Modimo.”

Tsholofetso nngwe le nngwe e e boitshepo e re e dirang le go e boloka e a re segofatsa. Rara wa Legodimo le Mmoloki wa rona Jeso Keresete ba batla go re gogela gaufi le Bone. Ba batla go re thusa go ithuta le go gola mo tumelong le mo go tlhaloganyeng. Ba batla go re endawa ka maatla a selegodimo. Ba batla gore re bone phodiso le kagiso mo lefatsheng le masego a a ntseng jalo a leng thata go bonwa. Ba batla gore re itemogele boitumelo mo botshelong jo le mo botshelong jo bo tlang. Go tswa mo loratong le le itekanetseng le, Ba re fa tshono ya go tsena mo kgolaganong le Bone. Re na le lesego la go ikemisetsa gape go dikgolagano tse beke le beke ka nako ya bokopano jwa sakaramente.

Re tsaya sakaramente ka mowa wa go leboga ka gonne re na le tshegofatso e e itumedisang ya go itseela mo go rona leina la ga Jeso Keresete, re Mo gakologelwa le lorato lwa Gagwe mo go rona le le supilweng ke mpho ya Tetlanyo ya Gagwe—gore O ne a boga, a tsholola madi, le go re swela. Sakaramente le gone e re segofatsa ka tshono ya beke le beke go bontsha iketleetso go boloka ditaelo tsa Gagwe, go ntšhafatsa dikgolagano tsa rona, le go dira kgolagano e ntšha (bona Dithuto le Dikgolagano 20:77, 79).

“Kgapetsa-kgapetsa, ke utlwa tlhaloso ya gore re tsaya sakaramente go ntšhafatsa dikgolagano tse re di dirileng ka kolobetso. Le fa seo e le boammaaruri, go na le se se fetang seo”, ga bua Poresidente Nelson. “Ke dirile kgolagano e ntšha. O dirile dikgolagano tse disha. … Jaanong e le go busetsa seo [Morena] o dira tlhomamiso gore re tla nna re na le Mowa wa Gagwe ka metlha. A tshegofatso!”

Fa re ikwatlhaya le go tsaya sakaramente ka pelo e e itshekileng, re amogela Mowa o o Boitshepo le go “ntlafadiwa go tswa mo dibeng jaaka e kete re ne re kolobediwa gape. Se ke tsholofelo le kutlwelobotlhoko tse Jeso a di neelang mongwe le mongwe wa rona.”

Ke boitumelo jang go ikwatlhaya le go itshwarelwa ka lorato lwa ga Keresete lwa thekololo!

Tempele ya Nauvoo Illinois

Setshwantsho sa Tempele ya Nauvoo Illinois ka Jennifer Rose Maddy

Ntlo ya Gagwe ya Boitumelo

Morago ga go nna Poresidente wa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi, Poresidente Nelson o ne a bua kgapetsa kgapetsa ka tsela ya kgolagano, go simolola ka molaetsa wa gagwe wa ntlha wa phatlalatsa e le Poresidente ya Kereke. Re tsena mo tseleng eo ka “boikwatlhao le kolobetso ya metsi” (2 Nefi 31:17), a rialo mo sebakeng moragonyana, mme “go tswa foo re tsena mo go yone ka botlalo mo tempeleng.”

Fela jaaka go tsaya sakaramente go re gakolola dikgolagano tsa rona le masego a a di patang, le jalo go dira tiro ya boemedi kwa tempeleng. Fa re ntse re direla ditao go bao ba ba tlhokafetseng, re gakologelwa ditsholofetso tse di boitshepo tse re di dirileng le masego a re a solofeditsweng a re tlaa a amogelang.

Ka tsela ya kgolagano, re nna baruaboswa ba masego otlhe a a solofeditsweng Aberahame, Isake, Jakoba le kokomane tsa bone. Le ntswa masego a a solofeditsweng, Aberahame, Isake, le Jakobe ba ne ba sa tshele matshelo a a motlhofo, mme le rona ga re a tshele. Fela jaaka bone, re lebana le pitlagano, go kgalemelwa, le go latlhegelwa jaaka re “lekwa mo dilong tsotlhe” (Dithuto le Dikgolagano 136:31; le gone bona 101:4–5). Mme jaaka baperofeti le Baitshepi ba ba siameng ba bogologolo, re itse gore re ka ikanya mang (bona 2 Nefi 4:19).

Botshelo jwa rona jwa go swa ke motsotso fela mo go tlholegeng ga rona, mme motsotso oo—o ka dinako tse dingwe o leng boima thata—o botlhokwa ka bosakhutleng. Ee, Rara wa rona wa Legodimo o batla gore re ithute le go gola. Mme, ee, ka dinako tse dingwe go gola jalo go akaretsa maswabi le go boga. Mme O batla matshelo a rona a nne mantle e bile a nne le tsholofelo. Kwa phitlhelelong ya seo, le go re nolofaletsa loeto lwa rona lwa go boela kwa go Ene, O re neetse Mmoloki, yo e leng “motlamedi” wa dikgolagano tsa rona le Rraagwe. Ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete, Rara o diragatsa ditsholofetso tse a di solofeditseng bana ba Gagwe kwa tempeleng.

Ka lorato lwa Gagwe le setlhabelo sa tetlanyo, Mmoloki wa rona o ile a rarabolola le go fodisa sengwe le sengwe se re tlaa kopanang le sone mo botshelong. Mme ka ntlha ya ntlo ya Gagwe e e boitshepo—ntlo ya Gagwe ya boipelo—dilo tsotlhe di tlaa nna sentle le ntswa go na le pitlagano. Setlolo sa go boloka kgolagano se tlosa khutsafalo, botlhoko, kutlobotlhoko, le maswabi. Ga re tlhoke go tlhobaela kgotsa go boifa. Go na le moo, re ka itumelela gore tlhwatlhwa ya thekololo ya rona e duetswe (bona 1 Bakorintha 6:20) le gore tsela ya kgolagano e e isang botshelong jwa bosakhutleng e dirilwe.

Tsela ya kgolagano e le ruri ke tsela ya lorato le le rekololang. Fa re ntse re tlotla dikgolagano tse re di dirang mo tempeleng, re amogela masego a maatla a magolo, lorato le legolo, kutlwelobotlhoko e kgolo, go tlhaloganya mo go golo, le tsholofelo e kgolo. Kgakgamatso le bontlentle jwa dikano tsa tempele—jwa maloko a lelwapa a a golagantsweng mmogo mo loratong ka bosakhutleng—go tlisa phetelela tlotlo le boitumelo go mowa wa me le go ntlatsa ka moya wa go leboga.

“Nako le nako fa go nna le mofuta mongwe wa tlhakatlhakano o diragala mo botshelong jwa gago, lefelo le le babalesegileng go nna mo go lone semoweng ke go tshelela mo teng ga dikgolagano tsa gago tsa tempele!” Poresidente Nelson o tlhagisitse. Ke a itse go tswa mo maitemogelong a me a senama a monate le ka dinako tse dingwe a leng botlhoko boammaaruri jwa mafoko ao.

setshwantsho sa banyalani ba tshwere ngwana

James Nathaniel Barlow, ngwana wa ntlha wa ga Israel le Elizabeth Barlow, o tlhokafetse ka bonako fela morago ga go tsholwa ka Motsheganong 1841. Morago ga dingwaga, o ne a kanwa ka kemelo le batsadi ba gagwe kwa tempeleng ya Logan Utah.

Setshwantsho ka Allen Garns

Ba Phuthele Kwa Gae

Morago ga gore Israel Barlow a laele mosimanyana wa gagwe la bofelo, o ne a kwalela mosadi wa gagwe, “Dikakanyo ka go itlosolosa ke ya kgakalakgakala, ka gope ke ka seke mo botshelong ka boela kwa lebitleng la ga [James], go ne ga gamola tlhale ya bofelo ya lorato lo ke nang le lone go fitlha lo thubega ka dikeledi mo lebitleng la gagwe”.

Ke akanya gore dikeledi di le dintsi—dikeledi tsa boitumelo ka nako e—di ne tsa tshololwa ka Sedimonthole 4, 1889. Ka letsatsi leo, James Nathaniel Barlow yo mmotlana o ne a kanwa le batsadi ba gagwe kwa Logan Utah Temple. Ka nako eo, Israel o ne a setse a tlhokafetse, ka jalo ba bangwe ba ne ba nna baemedi ba gagwe le James.

Nna le Kgaitsadi Kearon re na la maikutlo a a kgethegileng a kutlwelobotlhoko e kgolo ka Israel le Elizabeth. Ngwana wa rona wa ntlha, mosimanyana a bitswa Sean, o ne a tlhokafala ka nako ya loaro lwa pelo fa a ne a na le dibeke di le tharo fela. Se e ne e le tatlhegelo e e phatlaganyang lefatshe mo go rona. Ka nako eo, re ne re ipotsa gore a re tlaa kgona go falola. Re mo fitlhetse mo lebitleng le lennye mo go utliwsang bothoko kwa Engelane. Dingwaga di le lesome le botlhano morago, lelwapa la rona le ne la kopiwa go fuduga mo legaeng la rona kwa United Kingdom go ya go direla ka nako e e tletseng mo Kerekeng, mme re ne ra tlogela lebitla leo le lennye kwa morago.

Ga re a latlhegelwa ke ngwana wa rona fa re ne re le mo loetong go ya kwa bophirima, e bile ga re a boga mathata a a sa tlhaloganyesegeng a ba lelwapa la ga Barlow, mme gone re na le tshimologo ya go tlhaloganya se ba neng ba se ralala. Lebitla la ngwana wa rona wa mosimanyana le kgakala thata, lefa go ntse jalo fela jaaka lelwapa la ga Barlow, re na le tumelo e e tsepameng mo Tsogong ya ga Jeso Keresete le mo botshelong jo bosakhutleng jwa lelwapa la rona ka kgolagano ya kano e e boitshepo.

Rotlhe re na le bagologolwane le batho ba bangwe ba re ba ratang ba ba fetileng ka lebitla ba ba re rayang ba re, “O se ka wa ntlogela fa.” Ka ntlha ya dikgolagano tsa tempele, ga go na ope yo o tshwanetseng go tlogelwa kwa morago. Ya rona pitso ke go ba rata, go ba direla, le go ba phuthela kwa gae.

Rara wa rona wa Legodimo o a re rata, nna le wena. O re neetse ditempele gore “sepe se [re] se bofang mo lefatsheng se tlaa bofiwa kwa legodimong” (Dithuto le Dikgolagano 128:8; bona gape Mathaio 18:18). O rometse Morwa wa Gagwe go tla go thubaganya dikgole tsa loso, a baakanya tsela ya go nna le dikamano tsa sennelaruri le go kopana gape ka bosakhutleng le ba lelwapa.

Ke ka moo re nang le ditao. Ke ka moo re dira dikgolagano. Ke ka moo re aga ditempele. Ke ka moo re ineelang mo tirong le mo kgalalelong ya Modimo (bona Moše 1:39). Mme ke ka moo re tshololang dikeledi tsa boitumelo, re itse gore bokopano jwa bosakhutleng bo re emetse le baratiwa ba rona mo boleng teng jwa ga Rara le Morwa.

A re fitlhelele boitumelo le kagiso jaaka re tshegetsa dikgolagano tsa rona mme re kopanela le Morena mo tirong ya Gagwe e e galalelang ya go boloka.

Dintlha

  1. Bona Ora H. Barlow, The Israel Barlow Story and Mormon Mores (1968), 306–8; mokwalo le matshwao a puo a tokafaditswe; bona gape Brent A. Barlow, “Daddy, Do Not Leave Me Here,” Ensign, Phukwi 2009, 34–36.

  2. Russell M. Nelson, “Covenants,” Liahona, Nov. 2011, 86.

  3. Bona “I Stand All Amazed, Hymns, no. 193.

  4. Russell M. Nelson, mo Dale G. Renlund, “Unwavering Commitment to Jesus Christ,” Liahona, Nov. 2019, 25, ntlha 18.

  5. Jeso Keresete o re Lopile go Tsaya Sakaramente,” Liahona,, Mopitlo 2021, 7.

  6. Bona Russell M. Nelson, “As We Go Forward Together,” Liahona, Apr. 2018, 7.

  7. Russell M. Nelson, “The Everlasting Covenant,” Liahona, Oct. 2022, 6.

  8. Go bona lenaane la masego ao a a solofeditsweng, bona Russell M. Nelson, “Covenants,” Liahona, Nov. 2011, 87.

  9. Bona Russell M. Nelson, “The Everlasting Covenant,” 10.

  10. Bona Russell M. Nelson, “The Everlasting Covenant,” 7.

  11. Russell M. Nelson, ”The Temple and Your Spiritual Foundation,” Liahona, Nov. 2021, 96).

  12. Israel Barlow, mo Ora H. Barlow, The Israel Barlow Story, 308; mokwalo le matshwao a puo a fetotswe.

  13. Letsatsi la kano le filwe ke Church History Library.