Liahona
Batsayakarolo ba Tlholego ya Selegodimo
Firikgong 2026 Liahona


Batsayakarolo ba Tlholego ya Selegodimo,” Liahona, Jan. 2026.

Molaetsa wa kgwedi le kgwedi wa Liahona Firikgong 2026

Batsayakarolo ba Tlholego ya Selegodimo

(2 Petere 1:4)

Kitso ya togamaano ya poloko e re tlamela ka ponelopele e e tlhokegang, e humisa boitumelo, le go re nonotsha go fenya dikgwetlho tsa rona le dipitlagano.

Setshwantsho sa ga Keresete a bitsa barutwana ba ba babedi

Keresete a Bitsa Barutwana ba Babedi, ka Gary E. Smith

Moaposetole Petere o re gakolola gore go barutwana ba ga Jeso keresete, ya Gagwe “thata ya selegodimo e re neetse tsotlhe dilo tse e leng tsa botshelo le bomolemo, ka kitso ya ene yo a re bileditseng mo kgalalelong le molemo:

“Ke gone re neetswe mo go golo go feta le ditsholofetso tsa botlhokwa: gore ka se lo ka nna batsayakarolo ba tlholego ya selegodimo” (2 Petere 1:3–4; tlalaletso e gateletswe).

Togamaano ya Rara wa Legodimo e tlhalosa mo go golo go feta boammaaruri jo bo botlhokwa le ditsholofetso tse di tlhalosang bosakhutleng jwa se re leng sone le maikaelelo.

Jaaka e tlhalositswe mo “Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe”:

“Batho botlhe—banna le basadi—ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. Mongwe le mongwe ke morwa kgotsa morwadie wa semowa yo o ratwang ke batsadi ba selegodimo, ka jalo, mongwe le mongwe o na le tlholego e e boitshepo.

Mo botshelong jwa pele, barwa le barwadie ba semowa ba ne ba itse Modimo e bile ba mo obamela e le Rraabone wa Bosakhutleng ; ba bo ba amogela thulaganyo ya gagwe e ka yone bana ba Gagwe ba ka amogelang mebele le go ikutlwela botshelo jwa senama, go tlhatlogela tshiamong le go itemogela bokgoni jwa bone go nna dikokomane tsa botshelo jo bo sa khutleng kwa phelelong.

Rara wa Legodimo o solofetsa bana ba Gagwe gore fa ba sala morago melawana ya togamaano ya Gagwe le sekao sa Morwa wa Gagwe yo o Rategang, ba tshegetsa ditaelo, le go itshoka mo tumelong go ya bokhutlong, ba “tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng, neo e e fetang dineo tsotlhe tsa Modimo ka bogolo” (Dithuto le Dikgolagano 14:7).

Tiro ya Modimo e itebagantse le go gola le kgalalelo ya bosakhutleng ya bana ba Gagwe. Tebego nngwe le nngwe ya togamaano ya Gagwe e diretswe go segofatsa barwa le barwadie gonne ”botlhokwa jwa mewa bo bogolo mo ponong ya [Gagwe]” (Dithuto le Dikgolagano 18:10).

Togamaano ya ga Rara

Mo lekgotleng la pele ga botshelo jo, Rara wa Legodimo o ne a kaya go bana ba Gagwe ba mowa togamaano ya Gagwe go gola le boitumelo jwa bone jwa bosakhutleng.

“Re tlaa dira lefatshe le kwa go lone ba ba tla nnang;

“Mme re tlaa ba leka ka mokgwa o, go bona fa ba tlaa dira dilo tsotlhe le fa e le eng se Morena Modimo wa bone a tlaa se ba laelang;

“Mme bone ba ba tshegetsang boemo jwa bone jwa ntlha ba tlaa okelediwa; mme bao ba sa tshegetseng boemo jwa bone jwa ntlha ga ba kitla ba nna le kgalalelo mo bogosing jo bo tshwanang le jwa bao ba ba tshegetsang boemo jwa bone jwa ntlha; mme bone ba ba tshegetsang boemo jwa bone jwa bobedi ba tlaa okelediwa kgalalelo mo ditlhogong tsa bone ka metlha le metlha

“Mme Morena a re: Ke tlaa roma mang? Mme mongwe a araba jaaka Morwa Motho: Ke fano, roma nna. Mme yo mongwe a araba mme a re: Ke fano, roma nna. Mme Morena a re: Ke tlaa roma wa ntlha.

“Mme wa bobedi o ne a galefa, mme a seka a tshegetsa boemo jwa gagwe jwa ntlha; mme, mo letsatsing leo, ba le bantsi ba mo sala morago” (Aberahame 3:24–28).

Ela tlhoko gore togamaano e le nngwe e ne ya kaiwa mo lekgotleng la botshelo pele ga jo—togamaano ya ga Rara. Rara wa rona wa Legodimo ga a botsa potso, “Re tlaa dira eng?” O ne a sa batle megopolo, a kopa dikgakololo, kgotsa kopo dikakantsho. Ka jalo, O kaile dintlha tsa konokono tsa togamaano ya Gagwe mme a botsa, “Ke tlaa roma mang?” Botlhokwa jwa potso ya Gagwe bo itebagantse le gore ke mang yo o tlaa romelwang go diragatsa melawana le diemo tsa togamaano ya Gagwe

Le gone ditlamorago tsa tsuologo ya moganetsi di tlhalosiwa mo dikwalong tse di boitshepo

“Ke gone, ka ntlha ya gore Satane o ntsuologetse, e bile a batlile go senya boikgethelo jwa motho, jo Nna … Morena Modimo, ke bo mo neetseng, mme le gone, gore ke ka mo neela thata ya me … , ka thata ya Yo o Tsetsweng a le Esi wa me, ke ne ka dira gore a digiwe;

“Mme a nna Satane, … ee, e bong diabolo, rre wa maaka otlhe, go tsietsa le go foufatsa batho, le go ba gogela mo botshwarong ka thato ya gagwe, le e leng bontsi jo bo tlaa sekang bo reetsa lentswe la me” (Moše 4:3–4; tlalaletso e gateletswe).

Lusifa ga ise a kae togamaano e e tlhophilweng ka ba le bantsi ba batsayakarolo mo lekgotleng la botshelo pelo ga jo. Ga se motho yo o utlwelang ba bangwe botlhoko yo o latlhegetsweng ke ditlhopho. O ingaotse! Boikgogomoso, boikgodiso, le bopelotshetlha jwa mo rotloetsa go tsuologa kgatlhanong le togamaano ya ga Rara.

Togamaano ya ga Rara le Efangele ya Mmoloki

Togamaano e tlhalosa ditiro tsa ga Rara le Morwa tse di tlisetsang batho botlhe ditshegofatso tsa botshelo jo bosakhutleng.

Efangele ya ga Jeso Keresete e supa tsela e ka yone re ka amogelang ditshegofatso tsa ditsholofelo mo togamaanong ya Modimo, le e leng dithuto, melawana, ditao, le dikgolagano tse banna le basadi ba tshwanetseng go di dumela le go di sala morago. “Ga gona leina lepe le le neetsweng ka fa tlase ga legodimo fa e se yo o Jeso Keresete … yo o ke buileng ka ga gagwe, le ka lone motho o ka bolokwang” (2 Nefi 25:20). Ele ruri, Morena Jeso Keresete ke “tsela, boammaaruri, le botshelo: ga go na motho ope yo o tlang kwa go Rara, fa e se ka [Ene]” (Johane 14:6; tlalaletso e gateletswe).

Poresidente Russell M. Nelson o tlhalositse:

“Togamaano e ne e tlhoka Lebopo, mme mo tsamaong e tlhoka Go wa le Tetlanyo. Tse ke metheo ya dintlha tsa togamaano. Lebopo la polanete ya separataise e tlile e tswa go Modimo. Go tshela senama le loso go tlile mo lefatsheng ka Go wa ga ga Atame [bona 2 Nefi 2:25; Moše 6:48]. Bosaweng le kgonagalo ya botshelo jo bosakhutleng di tlametswe ke Tetlanyo ya ga Jeso Keresete [bona 2 Nefi 2:21–28]. …

“… Re tla mo lefatsheng sebaka sa nako e khutshwane, itshokela diteko tsa rona le diteko mme re ipaakanyetsa go ya pele le kwa godimo go tla gae mo go galalelang [bona Pesalema 116:15; Alema 42:8]. Dikakanyo tsa rona le ditiro fa re le [mo nameng] ka nnete di tlaa nna le maikaelelo fa re tlhaloganya togamaano ya Modimo le go lebogela le go obamela ditaelo tsa Gagwe [bona Dithuto le Dikgolagano 59:20–21].”

Ditlhogo tsa Togamaano mo Bukeng ya ga Momone

Re ithuta boammaaruri jo bo botlhokwa ka go kaya le go ithutontsha ditlhogo tse dintsi tse di farologanyeng tsa togamaano ya ga Rara mo Bukeng ya ga Momone: Bosupi jo Bongwe jwa ga Jeso Keresete. Ka sekai, akanya ka dikai tsa ditlhogo tse di tlhophilweng:

“Togamaano ya boutlwelobotlhoko ya Mmopi yo mogolo” (2 Nefi 9:6).

“Togamaano ya Modimo wa rona” (2 Nefi 9:13).

“Togamaano ya poloko” (Jaromo 1:2; Alema 24:14).

“Togamaano ya thekololo” (Alema 12:25, 26, 30, 32, 33; 42:11, 13).

“Togamaano ya tsosoloso” (Alema 41:2).

“Togamaano ya boitumelo” (Alema 42:16).

“Togamaano e kgolo ya mautlwelobotlhoko” (Alema 42:31).

Setlhogo sengwe le sengwe se re thusa go tlhaloganya thata ditsholofetso tse di tlhokegang tsa togamaano ya ga Rara le go humisa ponelopele ya rona ka ga maikaelelo le tlhaloso ya matshelo a rona a senama.

Mo go botlhokwa, setlhogo se se dirisiwang thata mo togamaanong ya Modimo mo Bukeng ya ga Momone se itebagantse le thekololo e e kgonisitsweng ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete.

Alema a bolela, “Fa ene e ka bo e se ka thulaganyo ya thekololo, e e neng ya bewa go tswa kwa motheong wa lefatshe, go ka bo go sena tsogo ya baswi; mme go ne go na le thulaganyo ya thekololo e beilwe, e e tlaa diragatsang tsogo ya baswi” (Alema 12:25).

Le gone a ba tlhagisa, “Lo simolole go dumela mo go Morwa Modimo, gore o tlaa tla go rekolola batho ba gagwe, le gore o tlaa boga mme a swe go lefela dibe tsa bone; le gore o tlaa tsoga gape mo baswing, mo go tlaa diragatsang tsogo, gore batho botlhe ba tlaa ema fa pele ga gagwe, go atlholwa ka letsatsi la bofelo la katlholo, go yeng ka ditiro tsa bone” (Alema 33:22).

Tsela e Baakantswe

Mewa ya rona o tshwanetse go nona ka malebogo jaaka re akanya togamaano ya poloko e kgolo ya Modimo, thekololo, tsosoloso, mautlwelobotlhoko, le boitumelo. Kitso ya togamaano ya Gagwe e tlamela tebego e e tlhokegang, e humisa boitumelo jwa rona, le go re nonotsha go fenya dikgwetlho le pitlagano.

Rara wa Legodimo o eletsa re boela gae kwa go Ene. O laletsa le go solofetsa ditshegofatso, mme ga a kitla a pateletsa, gatelela, kgotsa go patika go diragatsa ga rona ga boikgethelo jo a re bo neetseng. Re tshwanetse go dira le go itlhophela go boela kwa go Ene ka go mo sala morago sekai sa Morwa wa Gagwe yo o Rategang.

Setshwantsho sa seatla sa ngwana se otlololega go seatla sa ga Jeso Keresete.

Seatla sa Gagwe Se sa Ntse Se Otlolotswe, ka Elizabeth Thayer

Tsela e baakantswe, mme fa re ka leba re tlaa tshela ka metlha” (Alema 37:46; tlalaletso e gateletswe).

Ka boitumelo ke paka gore Rara wa Legodimo ke motlhami wa togamaano ya selegodimo ya bana ba Gagwe. Jeso Keresete ke Morekolodi le Mmoloki wa rona. Le jaaka mongwe wa Baaposetole ba malatsi a bofelo ba Morena, ke paka gore e le ruri Ke “ tsela, boammaaruri, le botshelo” (Johane 14:6; tlalaletso e gateletswe).

Dintlha

  1. Lelwapa: Kanamiso go Lefatshe,” Motlobo wa Efangele.

  2. Russell M. Nelson, “The Creation,” Ensign, Motsheganong 2000, 84, 86.

  3. Go sekaseka mo go tlhaloganyesegang gwa ditlhogo tse dintsi tsa togamaano ya Modimo tse di bonwang mo Buka ya ga Momone, bona Noel B. Reynolds, “The Plan of Salvation and the Book of Mormon,” Religious Educator, vol. 21, no. 1 (2020), 31–53.