“Togamaano ya Modimo ya Lelwapa la Bosenang Bokhutlo,” Liahona, Dec. 2025.
Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le Kgwedi, Sedimonthole 2025
Togamaano ya Modimo ya Lelwapa la Bosenang Bokhutlo
Malwapa a a amogelang togamaano ya Modimo, a rata jaaka Mmoloki a ratile, le go tlotla dikgolagano tsa bone nako nngwe ba tlaa rua “ditshegofatso tsa botshelo jo bosakhutleng le boitumelo ka botlalo.”
Gaufi le bokhutlo jwa thomo ka botlalo ya boanamisa efangele, Ke ne ka itumela fa ke endaiwa le go kanwa go batsadi ba me mo Tempeleng ya São Paulo Brazil.
Batsadi ba me, Apparecido le Mercedes, ba ne ba tswa mo ditumelong tse di farologanyeng, mme maitemogelo a bone a ba baakanyeditse go amogela efangele e e tsosolositsweng.
Rre o ne a godisediwa mo lelwapeng le le molemo mme e se badumedi. Le fa go ntse jalo, jaaka lekolwane o ne a kgatlhegela bodumedi. O ne a bala Baebele, a tsenelela ditlelase tsa Baebele, le go ithutontsha botshelo jwa ga Jeso Keresete. Ithutontsho ya gagwe ya mo dira gore a kgatlhegele mo go golo gotlhe efangele ya Mmoloki le lelwapa, mo go mo tlogetseng ka keletso ya go nyala mongwe wa tlhaloganyo e e tshwanang.
Mo go sa tshwaneng, mme o tswa mo lelwapeng lwa bodumedi jo bo bo teng. Ba amogetse melawana ya efangele, ba tsena ditirelo tsa kereke, le go diragatsa boikanyego jwa bone jwa bodumedi. Go gola mo seemong seo, mme e ne e le motho wa mofuta yo o sa lofeleng bo phuthego jwa kereke.
Mme jalo, morago ga go nyalana ga batsadi ba me le bakaulengwe ba me ba bararo le nna ka tsena jalo, ba ne ba dira bojotlhe jwa bone go re godisetsa mo leseding la kitso ya bone ya melawana ya efangele. Letsatsi lengwe rakgadi, yo e neng e se leloko le le tlhaga Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, a re go rre, “O na le basimane ba bane, moratwa. Fa o batla tota go godisa lelwapa le le ikaegileng ka Keresete le go nna le Modimo mo lelwapeng la gago, o tlhoka go ya kwa kerekeng ya me.”
Rre o ne a utlwa se a se buileng, mme a seka a dira sepe ka seo go fitlhelela letsatsi lengwe fa baanamisa efangele ka botlalo ba tsamaya mo boagaisanying jwa rona, ba kokota mo lebating la rona, mme ba simolola go re ruta. Ka bonako o ne a lemoga gore ba emetse kereke e rakgadi a neng a mo rotloetsa go e itse.
Lesedi le Boammaaruri
Sengwe sa dilo tse kwa tshimologong di kgatlhileng batsadi ba me ka efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete ke botlhokwa jo Kereke e bo bayang mo lelwapeng le dithuto tsa gore “bontsi jwa tiro ya poloko ya Modimo le kgalalelo ya bosakhutleng e diragadiwa ka lelwapa.” Pele fa ba kolobediwa, batsadi ba me ba ne ba kgatlhiwa ke se ba neng ba se ithuta mo ba neng ba laletsa baagisanyi ba bone go tsenelela dithuto tsa baanamisa efangele.
Sengwe sa dilo tse kwa tshimologong di kgatlhileng batsadi ba me ka efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete ke botlhokwa jo Kereke e bo bayang mo lelwapeng.
Jaaka ba kopana le baanamisa efangele, le go tswelela ba ithutuntsha efangele morago ga kolobetso ya bone, batsadi ba me ba ne ba ithuta ditsela tsa“ go godisetsa bana ba [bone] mo leseding le boammaaruri” le kafa ka semowa “ba tlaa rulaganyang ntlo ya [bone]” (Dithuto le Dikgolagano 93:40, 43).
Ba ithutile gore “lelwapa lo ikaegile ka togamaano ya Mmopi go phitlhelelo ya bosakhutleng jwa bana ba Gagwe” le gore “boitumelo mo botshelong jwa lelwapa bo ka bonwa thata fa bo ka thaiwa mo dithutong tsa Morena Jeso Keresete.”
Ba ithutile gore, “manyalo le malwapa a a itsetsepetseng a thailwe e bile a otliwa mo melawaneng ya tumelo, thapelo, boikotlhao, boitshwarelo, tlotlo, lorato, bopelotlhomogi, tiro, le iketsho bodutu e e siameng.”
Ba ithutile gore malwapa a ka nna ka bosakhutleng le gore “botsalano jone joo jo bo leng teng mo gare ga rona fa bo tlaa nna teng mo gare ga rona koo, fela bo tlaabo bo patagantswe le kgalalelo ya bo sa khutleng” (Dithuto le Dikgolagano 130:2).
Mme ba ithutile gore “maikaelelo a konokono a thuto nngwe le nngwe, tiragatso nngwe le nngwe mo Kerekeng ke gore batsadi le bana ba bone ba itumetse mo gae, ba kannwe mo lenyalo la bosakhutleng, le go kopanngwa go masika a bone.”
Ka kitso eo, ba eletsa go kanwa jaaka lelwapa la bosenang bokhutlo.
Leitlho Go Bosakhutleng
Morago ga go kolobediwa ga batsadi ba me, ba diragatsa se ba neng ba se ithuta, go tswa mo lefatsheng go efangele ya bogosi. Ba dira go kopanya lelwapa la rona ka go nna le maitiso a mo lwapeng le ithutontsho ya dikwalo tse di boitshepo, le go tsena diphuthego tsa kereke ka boikanyego, le go dira tiro ya ditso tsa lelwapa. Ka matsapa ao go isa go kopana, ba solofela go bopa lelwapa le le ikaegileng ka togamaano ya poloko ka leitlho go bosakhutleng.
Ka 1965, ngwaga o batsadi ba me ba kolobileng ka one, tempele e e gaufi go São Paulo, Brazil, e ne e le Mesa, Arizona, e ka nna dimaele tse 6,000 (9,650 km) kgakala. Mosepele o ne o le turu thata go lelwapa lwa me, ka jalo batsadi ba me ba ne ba tshwanelwa ke go leta go tshwaelwa gwa Tempele ya São Paulo Brazil ka 1978 pele fa ba ka amogela ditao tsa bone tsa tempele le go kanwa. Ka nako eo, ke ne ke le mo thomong ya bodiredi mo Rio de Janeiro.
E ka nna kgwedi tse pedi pele ga go fetsa thomo ya me ka Tlhakole 1980, poresidente ya me ya thomo a ntetlelela le mopati wa me go tsaya mosepele wa bosigo jotlhe le maloko a lomapo go tswa Rio de Janeiro. Go ya tempeleng ya São Paulo jalo gore ke ka endaiwa le go kanwa go batsadi ba me. Jaaka batsadi ba me, ke ne ka leta dingwaga go ditsholofetso tsa ditshegofatso tsa ditao le dikgolagano tsa tempele.
Maitemogelo a a fetola ponatshegelo ya isago ya me mme ya nneela go leba ga ntlha ga boammaaruri jwa mafoko a bosheng a ga Poresidente Russell M. Nelson: “Nako mo tempeleng e tlaa go thusa go akanya selesetiale le go kapa ponatshegelo ya gore tota o mang, o ka nna mang, mme o ka nna le botshelo jo bo ntseng jang ka bosakhutleng.”
Nako yame e khutshwane mo tempeleng mo seemo seo e rotloeditse mo go boteng nako e e neng e setse ya go direla boanamisa efangele jwa me. Ka ponatshego e ntsha eo, go paka ka tempele le botlhokwa jwa togamaano ya malwapa ya Modimo le yone ya nna le go nkgwetlha mo botshelong jwa me.
Fa mosadi wa me, Rosana, le nna re ne re nyalana ngwaga tse pedi morago ga thomo ya me, re ne ra kanwa mo tempeleng ka ponatshegelo ya go godisa lelwapa la rona la bosakhutleng. Go dira jalo, re dirile mmogo go bopa ditso tsa lelwapa jaaka dingwe tse batsadi ba rona ba re di rutileng, tsotlhe di itebagantse le Mmoloki, dithuto tsa Gagwe, le dithuto tsa baperofeti ba malatsi a ba Gagwe.
Gompieno bana ba rona ba godisa bana ba bone kamelawana ya efangele ya boitumelo e e tshwanang. Mo go rona, lelwapa ke sengwe le sengwe gonne re tlhaloganya konokono ya lelwapa mo togamaanong ya Modimo.
Jaaka Motshwara Taolo wa Kakaretso, ke ne ka nna le tshegofatso ya go kana bongwanake ba bararo go bagatse mo tempeleng. Go lebelela mo matlhong a bone fa ba khubama mo aletareng mo tempeleng e ne e le maitemogelo a mantle. Ke ne ka bona kokomane ya me e segofadiwa ke melawana ya efangele e e tshwanang le e batsadi ba me ba e nthutileng le e nna le Rosana re ba e rutileng. Ke ne ke bona ditshegofatso tseo di tswelela mo masikeng a isago. Mme ke ne ka gakologelwa gore ke mang yo o kgontshang tsotlhe tse.
Kgakololo ya Keresemose
Lelwapa ke boremelelo jwa togamaano ya boitumelo ya Modimo, kwa ntle ga ga Mmoloki Jeso Keresete, togamaano eo e ne e ka se kgonege. Tetlanyo ya Gagwe le ditao le dikgolagano tse di bonwang mo efangeleng ya Gagwe di diragatsa ditsholofelo tsa kgalalelo ya bosakhutleng.
Poresidente Nelson o boletse: “Kgalalelo ya Bosakhutleng ke kgang ya lelwapa. Ke fela ka ditao tse di bolokang tsa efangele ya ga Jeso Keresete malwapa a ka godisiwang. Phitlhelelo kwa bokhutlong jo re bo lekang ke gore re itumele jaaka malwapa—endaiwe, kanwe, le go baakanyediwa botshelo jwa bosakhutleng mo boleng teng jwa Modimo.”
Fa ke etela mafelo a ke iseng ke a bone go le pele, ke leka go batla ditiragatso tse di nnye tsa Botsalo tse di re gakololang Rosana le nna ka Mmoloki. Ke aga kgobokanyo.
Jaaka ke tlhatlhanya ka tiragalo tsa Botsalo tsa boikokobetso, mosadi wa me le nna re kile ra tlhatlhanya, “Ke eng tota ka nnete se se botlhokwa thata mo matselong a rona?” Karabo, ke gone , ke Mmoloki, efangele ya gagwe, le lelwapa la rona. Go re gakolola ka lorato la Rara wa rona wa Legodimo mme seo ke ka Mmoloki gore tsholofelo ya malwapa a bosakhutleng ya kgonega, pele ga Keresemose dingwaga tse di fetileng re ne ra baya tsotlhe tsa Botsalo mo dishelofong tse pedi tse ditona mo legaeng la rona— mme re bo re di tlogela go na le go dintsha morago ga malatsi a boitapoloso a Keresemose. Ditso tseo di re thusa go tshegetsa mowa wa Keresemose mo legaeng la rona ngwaga otlhe.
Letsatsi le letsatsi jaaka re lebelela ditiragalo tseo tsa Botsalo, di re gakolola ka tiro e e botlhokwa ya ga Mmoloki mo matshelong a rona. Di re gakolola gore kagiso mo lefatsheng jaanong (bona Luke 2:14) le boitumelo jwa bosakhutleng mo lefatsheng le le lateng bo ikaegile ka Mmoloki le go tlotla dikgolagano tse re di dirileng le Ene. Mme di re gakolola “gore o tlile mo lefatsheng, e bong Jeso, go bapolelwa lefatshe, le go itshokela dibe tsa lefatshe, le go itshepisa lefatshe, le go le ntlafatsa go tswa mo tshiamololong yotlhe;
“Gore ka ene botlhe ba ka bolokwa bao ba Rara a neng a ba beileng mo thateng ya gagwe mme ba dirilwe ke ene” (Dithuto le Dikgolagano 76:41–42).
Jaaka re ithutile boammaaruri jo go tswa mo batsading ba rona, Nna le Rosana re dira go bo fitisetsa go bana ba rona. Jaanong bana ba rona ba ruta boammaaruri jo bo tshwanang go bana ba bone. Peo e e jwetsweng mo dipelong tsa batsadi ba me dingwaga tse 60 tse di fitileng mo legaeng la rona le le nnye ko Brazil e tlhogile le go ungwa leungo “le le tlhokegang thata, le le botshe go feta otlhe ao a a botshe, le le sweu go feta ao otlhe a a masweu, ee, le le itshekileng go feta ao otlhe a a itshekileng” (Alema 32:42).
Ke paka gore bao ba ba amogelang togamaano ya malwapa ya Modimo, ba rata jaaka Mmoloki a ratile, le go tlotla dikgolagano tsa bone nako nngwe ba tlaa rua “ditshegofatso tsa botshelo jo bosakhutleng le boitumelo ka botlalo” le ba ba baratang le Rara le Morwa.
© 2025 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Monthly Liahona Message, December 2025, Tswana. 19614 763