2025
Dikgolagano, Thata, le Ditsholofetso
Phalane 2025 Liahona


“Dikgolagano, Thata, le Ditsholofetso,” Liahona, Oct. 2025.

Molaetsa wa Liahona wa kgwedi le kgwedi, Phalane 2025

Dikgolagano, Thata, le Ditsholofetso

Tempele e botlhokwa mo thateng le tshireletso tse di solofeditsweng ba ba boikanyego pele ga go Tla ga Bobedi ga Morena Jeso Keresete.

setshwantsho sa ga Joseph Smith a eme fa pele ga Tempele ya Kirtland

Setshwantsho sa ga Joseph Smith ka Dan Burr

Ka Motsheganong 1833, rremogologolwane wa me wa bone Asahel Perry le ditsala dingwe ba ne ba tsaya loeto go tswa kwa bokone jwa New York go ya kwa Kirtland, Ohio. E ne e se maloko a Kereke e e sa tswang go tsosolosiwa, mme ba ne ba batla go kopana le Moperofeti Joseph Smith. Ba ne ba goroga fela ka nako go tsenelela lekgotla la ntlha le le neng le tshwerwe go buisana ka go agiwa ga Tempele ya Kirtland.

Fa a sena go simolola lekgotla, Moperofeti o ne a itsise tiro ya go aga tempele. Go tswa foo o ne a kopa ba ba neng ba le teng gore ba ntshe maikutlo a bone a a amanang le tiro e kgolo jaana. Bontsi bo ne jwa araba ka gore Kereke e ne e humanegile thata go ka dira tiro e e ntseng jalo. Ba ne ba ntsha mogopolo gore go agiwe kago e nnye e e sa jeng madi a mantsi.

Ka nako ya puisano e e neng ya latela, Rremogolo Perry le ditsala tsa gagwe ba ne ba kokoana, ba ntsha madi a bone mme ba a bala. A ba ne ba na le madi a a lekaneng go duelela loeto lwa bone lwa go boela gae le go ntsha madi a go aga tempele? Morago ga metsotso e se kae, ntatemogolo o ne a atamela Joseph Smith, a ntsha madi a tshipi a didolara di le tlhano tsa gauta, mme a a neela Moperofeti. (Ledi la tshipi le le ntseng jalo gompieno le ne le ka ja makgolokgolo a didolara!)

Joseph o ne a ema fa pele ga lekgotla mme a tsholetsa ledi la tshipi. Ke gone, a bua ka matlhagatlhaga, o ne a bolela gore “tiro e ne e simolotse mme Ntlo [ya Morena] e ne e tlaa agiwa go ya ka sekao se se neng se tlhagisitswe” ke Morena Jeso Keresete.

Go ise go ye kae lelwapa la ga Perry le ne la ikopanya le Kereke kwa Kirtland, ba amogela ditshegofatso tsa bone tsa tempele dingwaga di le mmalwa moragonyana mo Tempeleng ya Nauvoo, mme morago ba kgabaganya dipoa go ya kwa Utah.

Ka nako ya fa Tempele ya Kirtland e tshwaelwa ka 1836, e ne e le nnye thata go ka tshwara Baitshepi botlhe ba Malatsi a Bofelo ba ba neng ba batla go nna teng kwa tshwaelong ya yone. Fa Kereke e ntse e gola, le dipalo tsa Baitshepi ba ba neng ba tshwanelwa ke go tsena dikopano kwa ntle di ne tsa gola. Poresidente James E. Faust (1920–2007), yo o neng a direla jaaka poresidente ya me ya lomapo fa ke ne ke le lekawana le jaaka mogakolodi fa ke ne ke bidiwa jaaka Molaodi Kakaretso ka 2007, o ne a dira tshwaelo e mabapi le tempele ya bobedi ya Kereke:

“Pele ga Tempele ya Nauvoo e wediwa ka 1846 Baitshepi ba ne ba kopanela kwa ntle, gantsi gaufi le tempele, go utlwa Joseph le baeteledipele ba bangwe ba Kereke ba bua. Ka dinako tse dingwe batho ba le diketekete ba ne ba nna teng kwa dipokanong tseo”—ka dinako tse dingwe le fa maemo a bosa a ne a le maswe.

“Jaaka [Mogolwane] George A. Smith a ne a lemoga ka tsela ya gagwe e e tshegisang, ‘Mo malatsing a ga Moperofeti Joseph … [Kereke] e ne e atlega thata kwa ntle ga dikgoro.’”

Re lebogela gore mo motlheng wa rona, Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e atlega kwa ntle, mo matlong, le mo lefatsheng lotlhe. Go atlega moo go akaretsa go agiwa ga ditempele ka lobelo lo lo iseng lo ko lo bonwe “go ya ka sekao se se tlhagisitsweng”—sekao se se ntseng se akaretsa ditshegofatso, tshwaelo, tumelo, le setlhabelo ka metlha.

setshwantsho sa Tempele ya Kirtland

A Glorious Light—Kirtland Temple, ka Glen S. Hopkinson, e ka se kopiwe.

Ke Eng fa go na le Ditempele tse Dintsi Jaana?

“Ba ba tlileng pele ga rona ba perofetile gore ditempele di tlaa nna mo lefelong la Amerika Bokone le Borwa, ditlhaketlhake tsa Pacific, Yuropa, le mafelo a mangwe,” Poresidente Ezra Taft Benson (1899–1994) o buile jalo masome a le mmalwa a dingwaga a a fetileng. “Fa tiro e ya thekololo e tshwanetse go dirwa ka selekanyo se e tshwanetseng go nna sone, go tlaa tlhokega makgolokgolo a ditempele.”

Poresidente Russell M. Nelson o rile re aga ditempele ka lobelo lo logolo gompieno “ka gonne Morena o re laetse go dira jalo. Ditshegofatso tsa tempele di thusa go phutha Iseraele mo matlhakoreng otlhe a sesiro. Ditshegofatso tse gape di thusa go baakanya batho ba ba tlaa thusang go baakanyetsa lefatshe Go Tla ga Bobedi ga Morena!

Mo thapelong ya gagwe ya go tshwaela Tempele ya Kirtland, Joseph Smith o ne a rapela “gore batho botlhe ba ba tla tsenang mo serepoding sa ntlo ya Morena ba ka utlwa thata ya gago. …

“Mme re a go kopa, Rara yo o Boitshepo, gore batlhanka ba gago ba ka tswela pele go tswa mo ntlong e ba tlhometswe ka thata ya gago, le gore leina la gago le ka nna mo go bone, le kgalalelo ya gago e ba dikaganyetse, mme baengele ba gago ba ba dibele” (Dithuto le Dikgolagano 109:13, 22; kgatelelo e tsentswe; bona gape temana 23).

Fa ke bala ditemana tseo, ke akanya ka ponatshegelo ya ga Nefi ya malatsi a bofelo. Ela tlhoko mafoko a a tshwanang: “Mme ga diragala gore nna, Nefi, ka bona thata ya Kwana ya Modimo, gore e ne ya fologela mo baitsheping ba kereke ya Kwana, le mo bathong ba kgolagano ba Morena, ba ba neng ba phatlaletse mo sefatlhegong sotlhe sa lefatshe; mme ba ne ba tlhometse ka tshiamo le ka thata ya Modimo mo kgalalelong e kgolo” (1 Nefi 14:14; kgatelelo e tsentswe).

Ke dumela gore ditempele tsa malatsi a bofelo di na le seabe se se botlhokwa mo go diragadiweng ga seperofeto sa ga Nefi mme di botlhokwa mo tshireletsong le thata e e solofeditsweng ba ba boikanyego pele ga go Tla ga Bobedi.

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, fa ke ne ke direla jaaka bishopo wa wate nngwe ya yunibesithi, ke ne ka kgatlhiwa thata ke lekgarejwana lengwe mo wateng ya me. O sa ntse a nkgatlha. Lo mo itse jaaka Poresidente Emily Belle Freeman, Poresidente ya Kakaretso ya Makgarejwana. Mo puong ya bosheng ya khonferense ya kakaretso, o ne a ruta gore ka tempele, Jeso Keresete o re tsholetsa go ya kwa maemong a a kwa godimo a semowa.

“Nako le nako fa ke kgabaganya mojako wa ntlo ya Gagwe, ke itemogela kamano e e tseneletseng ya kgolagano le Ene,” Poresidente Freeman a rialo. “Ke itshepisitswe ka mowa wa Gagwe, ke apesitswe ka thata ya Gagwe, mme ke lomolotswe go aga bogosi jwa Gagwe.”

Thata e e Solofeditsweng

Poresidente Nelson o buile gantsi ka thata ya ga Jeso Keresete e e leng teng ka dikgolagano tsa tempele. “Go ikgolaganya le Mmoloki go raya gore o na le phitlhelelo ya Gagwe nonofo le thata ya thekololo,” o ne a rialo. Poresidente Nelson gape o rutile:

“Fa re ntse re tshegetsa dikgolagano tsa rona tsa tempele, re bona phitlhelelo e kgolwane ya thata e e nonotshang ya Morena. Mo tempeleng, re amogela tshireletso mo dikiteo tsa lefatshe.

“Ditao tsa botlhokwa tsa [Mmoloki] di re bofelela mo go Ene ka dikgolagano tse di boitshepo tsa boperesiti. Go tswa foo, jaaka re tshegetsa dikgolagano tsa rona, O re apesa thata ya Gagwe e e fodisang, e e nonotshang. Mme ao, ka fa re tla tlhokang thata ya Gagwe malatsing a a tlang.”

“Thata ya boitsholo le ya semowa e batho ba rona ba e tlhokang gone jaanong le mo malatsing a a tlang ke thata ya Modimo Rara le Morwawe, Jeso Keresete. Re bona phitlhelelo ya thata ya Bone ka go dira le go tshegetsa dikgolagano le Bone.”

Thata ya legodimo e botlhokwa, bakaulengwe le bokgaitsadi, ka gonne re tshela mo lefatsheng le le bosula thata. Kwa ntle ga thata eo, ga re kitla re kgona go “itshokela letsatsi la go tla ga gagwe” kgotsa “go ema mogang a bonala” (Malaki 3:2). Ga re itse gore letsatsi leo le tlaa nna leng, mme morongwa wa Gagwe o setse a rometswe go “baakanya tsela” ya go tla ga Gagwe (Malaki 3:1). Go sa le jalo, lefatshe ga le relele ka tidimalo go ya kwa letsatsing leo.

Re tlhoka thata e e solofeditsweng ba ba boikanyego go re thusa:

  • A Modimo a fenye mo matshelong a rona.

  • Ikwatlhaye mme o atamele gaufi le Morena.

  • Segofatsa, gomotsa, etelela pele, le go direla.

  • “Emelana le diteko, dithaelo, le ditlhabi tsa dipelo tsa rona botoka” (bona Mosia 3:19).

  • Bona kagiso le boitumelo mo go Keresete jaaka re tsamaya mo tseleng ya kgolagano.

  • Ipaakanyetse “ letsatsi la phiso” le “petso ya baikepi” (Dithuto le Dikgolagano 109:46).

  • Diragatsa tiro ya Morena pele ga go Tla ga Gagwe ga Bobedi.

Tempele ya Tucson Arizona

Setshwantsho sa kgolokwe ya Tempele ya Tucson Arizona ka James Whitney Young

Balebedi ba Poloko

Tiro ya Rara wa Legodimo le kgalalelo ya Gagwe ke “go diragatsa bosasweng le botshelo jo bosakhutleng jwa motho” (Moše 1:39 Tempele nngwe le nngwe e eme jaaka molebedi wa lefatshe wa togamaano ya Modimo ya poloko, e supa seabe se se botlhokwa sa Mmoloki mo tirong le kgalalelong eo.

A tlhometse ka thata ya Gagwe, monna le mosadi mongwe le mongwe yo o tshegetsang kgolagano—ba nyetswe kgotsa ba sa nyalwa—ba ba tshegetsang dikgolagano tsa tempele ka boikanyego ba tlaa segofadiwa mo botshelong jo le mo botshelong jo bo tlang.

Poresidente Nelson o solofeditse: “Bokhutlo jo mongwe le mongwe wa rona a bo lekelang ke go apeswa thata mo ntlong ya Morena, go kanwa jaaka malwapa, go ikanyega mo dikgolaganong tse di dirilweng mo tempeleng tse di re tshwanedisang mpho e kgolo ya Modimo—eo ya botshelo jo bosakhutleng. Ditao tsa tempele le dikgolagano tse o di dirang koo ke selotlele sa go nonotsha botshelo jwa gago, lenyalo le lelwapa la gago, le bokgoni jwa gago jwa go ganelana le ditlhaselo tsa mmaba. Kobamelo ya gago mo tempeleng le tirelo ya gago koo ya bagologolo ba gago e tlaa go segofatsa ka tshenolo e e oketsegileng ya botho le kagiso mme e tlaa nonotsha maitlamo a gago a go nna mo tseleng ya kgolagano.”

Jaaka Moaposetole wa Morena Jeso Keresete, ke paka gore dilo tse di boammaaruri.

Dintlha

  1. Bona Stephen C. Perry letter to Wilford Woodruff, Nov. 21, 1884, Church History Library, catalog.ChurchofJesusChrist.org.

  2. James E. Faust, “Salt Lake Tabernacle Rededication,” Liahona, May 2007, 39

  3. The Teachings of Ezra Taft Benson (1988), 247.

  4. Russell M. Nelson, “The Lord Jesus Christ Will Come Again,” Liahona, Nov. 2024, 121.

  5. Emily Belle Freeman, “Walking in Covenant Relationship with Christ,” Liahona, Nov. 2023, 79.

  6. Russell M. Nelson, “Overcome the World and Find Rest,” LiahonaNov. 2022, 97.

  7. Russell M. Nelson, “The Lord Jesus Christ Will Come Again,” 121.

  8. Russell M. Nelson, ”The Temple and Your Spiritual Foundation,” Liahona, Nov. 2021, 94).

  9. Russell M. Nelson, in Kevin W. Pearson, Utah Area Broadcast, Nov. 20, 2024, utah.ChurchofJesusChrist.org.

  10. Bona Neil L. Andersen, “Spiritual Whirlwinds,” Liahona, May. 2014, 18.

  11. Russell M. Nelson, “Overcome the World and Find Rest,” 96.

  12. Russell M. Nelson, “As We Go Forward Together,” Liahona, Apr. 2018, 7.