“Boammaaruri jwa Matshelo a Rona,” Liahona, Phatwe 2025
Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa Liahona, Phatwe 2025
Boammaaruri jwa Matshelo a Rona
Rara wa rona wa Legodimo yo o lorato o senotse boammaaruri jwa nako ya rona ya maloba, ya jaanong, le ya isago, go akaretsa le ka fa re ka amogelang dineo tse dikgolo go gaisa tsotlhe.
Kwa godimo ga direpodi mo ntlwaneng e nnye, e e neng e tletse thata fa godimo ga lebenkele la ga Newel K. Whitney kwa Kirtland, Ohio, ka Firikgong 22, 1833, bagolwane ba Kereke ba ne ba phuthega le Moperofeti Joseph Smith. Sedimonthole wa ngwaga o o fitileng, Joseph o ne a amogetse tshenolo e e neng e mo kaela go simolodisa sekolo segolobogolo go baakanyetsa bakaulengwe dithomo.
“Ke lo neela taelo,” Morena o ne a bolelela, “gore lo rutane dithuto tsa bogosi.
“Rutanang ka tlhwaafalo mme tshegofatso ya me e tlaa le tlamela, gore lo kaelwe mo go itekanetseng mo kgopolong, mo molawaneng, mo thutong, mo molaong wa efangele, mo dilong tsotlhe tse e leng tsa bogosi jwa Modimo, tse go tlhokegang gore di ka tlhaloganngwa; …
“Gore lo ka baakanyediwa mo dilong tsotlhe fa ke tlaa le romela gape go godisa pitso e ke lo biditseng mo go yone, le thomo e ke e lo laetseng” (Dithuto le Dikgolagano 88:77–78, 80).
Se “Sekolo sa Baperofeti,” jaaka se ne se bidiwa, se ne se neela thologelo ya semowa e e gakgamatsang. Bontsi jwa baeteledipele ba pele ba Kereke ba ne ba rutwa koo. Gompieno lefatshe ke lefelo le le farologaneng gotlhelele, mme kaelo e Morena a e neetseng ka nako e e santse e le botlhokwa. Le rona, gape, re tshwanetse go batla kitso le boammaaruri “jwa dilo jaaka di ntse, le jaaka di ne di ntse, le jaaka di tlaa tla” (Dithuto le Dikgolagano 93:24).
Go batla ga rona Boammaaruri
Mo nakong e re tshelang mo go yone, kitso e e ntsi e teng mo go rona go na le fa e le leng pele. Mo nakong e e fetileng, fa o ne o batla go itse sengwe, o ne o tshwanetse go ya kwa motlobong wa dibuka mme o se lebe. Gompieno maranyane le didirisiwa tse di tshwarwang ka diatla di neela monyetla wa kitso e e sa feleng e re ka e bonang gone jaana.
Morena o a itumela fa re dirisa ka botlhale ditlamelo tse di leng teng mo go rona, mme O re neetse kgakololo e e senang selekanyo sa nako: “Batlang ka tlhwaafalo mme lo rutaneng mafoko a tlhalefo; ee, batlang mo dibukeng tse di molemo bogolo mafoko a tlhalefo; batlang go ithuta, e bong ka go ithuta mme le gone ka tumelo” (Dithuto le Dikgolagano 88:118). O re rotloetsa go ithuta ka ga lefatshe go re dikologa (bona Dithuto le Dikgolagano 88:79; 93:53), mme mo go batleng ga rona boammaaruri, re tshwanetse go leba kwa Modimong, yo o “tlhaloganyang dilo tsotlhe, mme dilo tsotlhe di mo tikologong ya gagwe, … mme o feta dilo tsotlhe, … mme dilo tsotlhe ke ka ene, le ka ga ene” (Dithuto le Dikgolagano 88:41).
Mo gare ga boammaaruri jo Modimo a bo re neetseng, nngwe e e leng motheo o mogolo thata wa matshelo a rona mo lefatsheng ke gore Ke Rara wa rona wa Legodimo. Re barwa le barwadie ba Gagwe ba mowa. O a re itse le go rata mo go itekanetseng. Mme jaaka bana ba Gagwe ba mowa, re na le tlholego ya selegodimo le phitlhelelo. Go tlhaloganya le go amogela boammaaruri jo go re neela bo rona, boleng, le maikaelelo a a re segofaditseng le go re kaela mo botshelong jwa rona jwa pele mme a tlaa tswelela go dira jalo jaanong le ka bosenang bokhutlo.
Re ne re na le Rara kwa Tshimologong
Jaaka re batla boammaaruri jwa dilo “jaaka di ne di ntse,” re lemoga mafoko ano a a tswang mo Mmoloking wa rona, Jeso Keresete: “Mme jaanong, ammaaruri ke a lo raya, Ke ne ke le kwa tshimologong le Rara, mme ke nna Motsalwapele,” mme “lona lone lo le teng mo tshimologong le Rara” (Dithuto le Dikgolagano 93:21, 23).
Pele ga botshelo jwa rona mo lefatsheng, re tseneletse lekgotla kwa legodimong kwa Rara wa rona wa Legodimo a supileng togamaano ya boitumelo e kgolo ya Gagwe Moperofeti Joseph Smith o rutile gore maitlhomo a Modimo a tomagaano ya Gagwe ke go re neela “tshono go gola jaaka ene [le] … go godisiwa mo kgalalelong le ene.” Tiro le kgalalelo ya Gagwe ke “go diragatsa bosasweng le botshelo jo bosakhutleng jwa motho” (Moše 1:39).
Re ne ra dirisa boikgethelo jwa rona mme ratlhopha go sala morago togamaanong ya Rara wa Legodimo. Re segofaditswe go tsalelwa mo botshelong jo, mo re tswelelang go nna le boikgethelo mme re ka itemogela botshelo jwa go swa, go ithuta, le go tswelela pele go ya kwa botshelong jo bo sa khutleng.
Ka nako ya loeto la botshelo jo, re tlaa itemogela dikgwetlho le dikganedi. Mme ga re tlhoke go lebagana le tlalelo ya botshelo re le nosi. Joseph Smith o rutile gore Rara wa Legodimo, “Motsadi yo Mogolo wa lefatshe[,] o lebelela lelwapa lotlhe lwa batho ka tlhokomelo ya ga rre le go kgathala ga botsadi.”
Rara wa rona wa Legodimo, Rara wa mautlwelobotlhoko, le Modimo wa kgomotso yotlhe,” o tlaa re segofatsa, re tsholetsa, le go re gomotsa “mo dipitlaganong tsotlhe tsa rona, gore re ka kgona go gomotsa botlhe ba ba mo mathateng ape, ka kgomotso e ka yone le rona re gomodiwang ke Modimo” (2 Bakorintha 1:3–4). Jaaka karolo e e botlhokwa ya togamaano ya Gagwe, Rara wa Legodimo o re neetse tsela ya go boela kwa go Ene.
Tsela e e yang kwa go Rarawa Rona
Boammaaruri “jwa dilo jaaka di ntse” (Jakobe 4:13) bo tsepame: ga re kake ra diragatsa bokgoni jwa rona ka botlalo jaaka bana ba ga Rara wa Legodimo re le nosi. Jeso Keresete, Motsalwapele wa Morwa wa ga Rara mo moweng, o golagane go nna Mmoloki wa rona le Morekolodi.
Jeso Keresete, “Yoo Tsetsweng a le Esi wa ga Rara, a tletse tshegofatso le boammaaruri, le e leng Mowa wa boammaaruri, … a tla le go nna mo nameng, le go nna mo gare ga rona” (Dithuto le Dikgolagano 93:11). O tlile go re bontsha tsela ya go batla boitumelo, tlhaloso, le boipelo mo botshelong jo le ka bosakhutleng.
“Gonne Modimo o ratile lefatshe, gore a neele Morwa wa Gagwe yoo tsetsweng a le esi, … gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se nyelele, mme a nne le botshelo jo bosakhutleng.
“Gonne Modimo ga a romela Morwa wa Gagwe mo lefatsheng go sekisa lefatshe; mme gore lefatshe ka ene le ka bolokwa” (Johane 3:16–17).
Maitemogelo a Mmoloki a mo lefatsheng a botlhokwa. “Ga a amogela botlalo pele, mme a amogela tshegofatso mo godimo ga tshegofatso” (Dithuto le Dikgolagano 93:12). O godile go fitlhelela “a amogela botlalo jwa kgalalelo ya ga Rara” le “thata yotlhe gotlhe mo legodimong le mo lefatsheng, mme kgalalelo ya ga Rara e ne e le mo go ene, gonne o ne a nna mo go ene” (Dithuto le Dikgolagano 93:16–17). Mmoloki o rutile:
“Ke lo neela mafoko a gore lo ka tlhaloganya le go itse ka fa le ka obamelang ka teng, le go itse se lo se obamelang, gore lo ka tla kwa go Rara mo leineng la me mme mo nakong e e tshwanetseng la amogela botlalo jwa gagwe.
“Gonne fa le tshegetsa ditaelo tsa me lo tlaa amogela botlalo jwa gagwe, mme lo galalediwe mo go nna jaaka ke le mo go Rara; ke gone ka moo, ke a lo raya, lo tlaa amogela tshegofatso mo tshegofatsong” (Dithuto le Dikgolagano 93:19–20).
Mo Tshimong ya Gethesemane le mo mokgorong, Jeso Keresete o ne a itseela dibe tsa lefatshe mo go Ene mme a boga bohutsana jotlhe le “matlhoko le dipogisego le diteko tsa mefuta mengwe le mengwe” (Alema 7:11). Se sa “[Mo] dira, … yo o mogolo wa botlhe, go roroma ka ntlha ya setlhabi, le go tshologa madi ka phatlha nngwe le nngwe” (Dithuto le Dikgolagano 19:18). Ke fela ka Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe le Tsogo poloko le kgalalelo ya bosakhutleng di kgonegang.
Ka tshegofatso ya Mmoloki le setlhabelo sa go lefa, re ka gola go fitlhelela re amogela botlalo mme ka letsatsi le nngwe re tlisiwe mo boitekanelong. Fa re tlaa sala morago sekao sa Mmoloki le go obamela ditaelo tsa Gagwe, O tlaa re goga le go re kaela mo tseleng ya rona ya go boela kwa boleng teng jo bo galalelang jwa ga Rara wa Legodimo.
Christ on the Road to Jerusalem [Keresete mo Tseleng e e yang Jerusalema], ka Michael Coleman, e ka se kopololwe
A o ka Amogela Neo ya Gagwe?
Mo gare ga boammaaruri “jwa dilo jaaka ruri di tlaa nna” (Jakobe 4:13), re ithuta gore maitemogelo a rona mo bosakhutleng a tlaa ikaega ka ditshwetso tsa rona go sala Jeso Keresete morago le go amogela dineo tse a di neelang. Dikwalo tse di boitshepo di re ruta gore re tlaa “itumelela seo se [re] ratang go se amogela.” Mo go botlhoko, bangwe ga ba na go “rata go itumelela se ba se amogelang” (Dithuto le Dikgolagano 88:32).
Poresidente wame wa thomo, Mogolwane Marion D. Hanks (1921–2011), yo a diretseng jaaka wa Molaodi wa Kakaretso wa Masome a Supa, o rutile baanamisa efangele ba gagwe gore go kopa se re eletsang go se amogela le go se itumelela ke tsela e re ka atlholang kwa re teng mo loetong lwa rona la semowa. “Gonne go thusang motho fa a abetswe neo, a bo a sa amogele neo?” Jaaka re amogela dineo tsa Mmoloki ka go batla ka tlhwafalo le go mo sala morago, re tlaa ipela mo tsholofelong ya botshelo jo bosakhutleng le “mo go ene yoo e leng moneedi wa [yone] neo” (Dithuto le Dikgolagano 88:33). Neo e e neetsweng ka lorato jaana “ke neo e kgolo mo dineong tsotlhe tsa Modimo” (Dithuto le Dikgolagano 14:7).
Modimo Ke Rara wa rona yo o kwa Legodimong. O a re itse e bile O a re rata. Fa re fetologela kwa go Ene mo patlong ya rona ya boammaaruri, re ka ngaparela botlhale, ra amogela tlhalefo, ra atlarela boammaaruri, ra rata bomolemo, le go ngaparela lesedi le le tswang mo go Ene (bona Dithuto le Dikgolagano 88:40). Ke gone re tswelele mo matshelong a rona go fitlhelela “letsatsi le tla fa [re] tlaa tlhaloganyang le e leng Modimo, [re] rudisiwa mo go ene le ka ene” (Dithutole Dikgolagano 88:49).
Seo e tlaa nna le le galalelang le la boitumelo letsatsi.
© 2025 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Monthly Liahona Message, August 2025. Tswana. 19613 763