“Bona Boitumelo mo Loetong Lwa Gago Lwa Efangele,” Liahona, Phukwi 2025.
Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2025
Bona Boitumelo mo Loetong Lwa Gago Lwa Efangele
Phelelo ya bofelo ya go supa lorato la rona la Morena ka go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe ke ditshegofatso tse di tlisang boitumelo le boipelo.
Senepe sa maloko a Kereke baipela mo Thailand ka Christina Smith
Fa ke ne ke direla jaaka moeteledipele wa thomo mo Japane dingwaga dingwe tse di fitileng, ke ne ka tsenelela khonforence mafelo a beke mo motse se toropo ya nngwe ya dikarolo tsa thomo ya rona. Poresident ya lekala o ne a nthulaganyeditse go nna le potsosekapuisano le monna yo a neng a ikopanya le Kereke sebaka sa ngwaga mme o ne a batla go amogela teseletso ya tempele. O ne a solofetse go amogela endaomente ya gagwe ka kgotsa gaufi le segopotso sa ngwaga ya ntlha ya kolobetso ya gagwe.
Ka nako ya puisano ya rona, leloko le lesha le le ne la tlhalosa ka fa le neng le lebogela thata ka gone ditshegofatso tse dintsi tse a neng a di amogetse mo ngwageng fa e sa le a kolobediwa. O ne a itumelela go tsena dikopano tsa beke le beke tsa sakaramente le tse dingwe. O ne a tsaya karolo mo go tseneletseng mo ditiragatsong tsa gagwe tsa lekala. Mo go nna, o ne a supa tshepo ya kgolagano e e neng e tswa mo go tlhaloganyeng maikaelelo a gagwe a efangele, mo jaanong e neng e le karolo e e botlhokwa ya gagwe. E ne e le morutwana yo o sokologileng wa ga Keresete yo o itemogetseng phetogo e kgolo ya pelo (bona Mosia 5:2).
Puisano ya rona yotlhe e ne e latela mokgwa wa tsholofelo. Re ne ra buisana ka ditao le dikgolagano tse di tlaa nnang karolo ya maitemogelo a gagwe a tempele. O ne a araba ka bongwefela jwa pelo nngwe le nngwe ya dipotso tse di amanngwang le go amogela teseletso ya tempele.
Morago ga potsosekadipuisano, ke gakologelwa ke bolelela poresidente ya lekala ka fa ke itumetseng ka teng go kopana le monna yo o gakgamatsang yo. Ke ne ka mmolelela ka fa ke itumeletseng baanamisa efangele le maloko ba ba mmoneng, le go nonotshiwa semowa, mongwe wa mofuta o le tsholofetso.
Ke ne ke gakgamatse fa poresidente ya lekala a abelana gore fa monna yo a simolola go amogela dithuto go tswa mo baanamiseng efangele le go tsena kereke sebaka sa ngwaga, o ne a sena bonno le bothata jo bogolo—a le gaufi le go tlhoka tsholofelo—mo diemong. Poresidente ya lekala ke gone a tlhalosa ka fa ithutontsho ya efangele ya mokaulengwe yo le go sokologa ga sebaka sa dikgwedi go tlisitse diphetogo tse di gakgamatsang, go mmaya mo tseleng ya gotlhe go ipelega semowa le senama le go mo neela maikaelelo le boipelo.
Efangele e ne ya mo neela setshwantsho se se bonalang sa boikaelelo jwa botshelo jwa gagwe. Boammaaruri jo bo motlhofo jo bo tlhokegang jwa efangele jwa tlisa dikarabo tse di botlhokwa tsa dipotso tsa senama, go simolola ka kitso ya gore “Modimo ke Rara wa rona wa Legodimo, e bile re bana ba Gagwe. … Modimo o a re itse ka bo rona e bile o a re rata. Mo togamaanong ya Gagwe, “Rara wa Legodimo o … re neetse dimpho tse dintsi le dikaelo go re thusa go boela kwa boleng teng jwa Gagwe.”
Se e ne e le tshegofatso ya monna yo, mo go leng teng go bana botlhe ba Modimo go efangele ya ga Jeso Keresete.
Maikaelelo a Botshelo
Gonne Jeso Keresete o tsosolositse efangele ya Gagwe ka Moperofeti Joseph Smith, “re tlhaloganya maikaelelo a botshelo, gore re bo mang,” ga bolela Poresidente M. Russell Ballard (1928–2023). Mo bopaking jwa gagwe jwa bofelo go Kereke, Poresidente Ballard, ke gone Modiredi wa Boporesidente jwa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, a re:
“Re itse gore Modimo ke mang, re itse gore Mmoloki ke mang gonne re na le Joseph, yo a ileng mo sekgweng jaaka mosimane, a batla boitshwarelo jwa dibe tsa gagwe. …
“Ke a gakgamala, mme ke rurifatsa gore bontsi jwa lona tota, ka fa re segofetseng ka teng go itse se re se itseng ka ga maikaelelo a rona a botshelo, gore ke eng re le fa, se re tlhokang go se dira le go se diragatsa mo matshelong a rona.”
Go maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, gore kitso e akaretsa go tlhaloganya “togamaano e e itekanetseng” ya poloko ya Modimo. E itsegeng jaaka “togamaano ya boitumelo e kgolo,” “togamaano ya thekololo,” le “togamaano ya kutlwelobotlhoko” (Alema 42:8, 11, 15), go “tsaya masaitsiweng go tswa mo botshelong le mo go sa tlhomamisiweng go tswa mo isagong.” Mo go botlhokwa go togamaano eo ke “dithuto tsa ga Keresete,” tse e leng bogare go maikaelelo a botshelo.
Go nne re na le efangele, re a itse gore re bana ba Modimo, re rometswe mo lefatsheng go lekwa, go sutlhwa, le go ipaakanyetsa go “tlisiwa pele ka tsogo ya baswi, ka phenyo le kgalalelo ya Kwana” (Dithuto le Dikgolagano 76:39). Re itse ditaelo mme re a kaelwa “mo go lekaneng gore [re] itse molemo go tswa mo bosuleng” (2 Nefi 2:5). Re a itse re mo lefatsheng go rata le go direla. Mme re a itse gore Mmoloki o re biditse go fenya lefatshe le go thusa ba bangwe go dira jalo (bona Johane 16:33; Dithuto le Dikgolagano 64:2) mo go baakanyetseng go Tla ga Gagwe ga Bobedi.
Jaaka re leba mo go Ene, mo Joseph Smith a go biditseng “modumo wa go ipela wa Efangele ya Morena wa rona Jeso Keresete” e tlaa re nonotsha nako ya malatsi a bothata le go tlisa boleng le maikaelelo mo matshelong a rona le go tshela matshelo a ba bangwe.
Every Knee Shall Bow [Lengole Lengwe Le Lengwe Le Tlaa Oba], ka Dan Wilson, e ka se kopiwe
Kobamelo, Ditshegofatso, Boipelo
Modimo o re neetse boitsholo jwa go ikgethela gore re ka nna le maikarabelo a go itlhophela ga rona (bona Dithuto le Dikgolagano 101:78; 2 Nefi 2:16). Jaaka karolo ya “kganetso mo dilong tsotlhe” (2 Nefi 2:11), Satane o letleletswe go re leka go sa dirisa sentle boikgethelo jwa rona.
Mme Morena Jeso Keresete, “ka a itse petso e e tlaa tlang mo banning ba lefatshe, a bitsa Moperofeti Joseph Smith, “ a bua le ene go tswa kwa legodimong, le go mo neela ditaelo” (Dithuto le Dikgolagano 1:17). Mokgwa o ka one Morena a senolang ditaelo tsa Gagwe le go rata gagwe go baperofeti bo tsweletse mo malatsing a rona ka Poresidente Russell M. Nelson—le ka lebaka le le tshwanang. Modimo o eletsa go re gogela mo boitumelong mo botshelong jo le gokgalalelo ya selesetiale mo botshelong jo bo tlang.
Kobamelo ya ditaelo tsa Modimo e tshwanetse go tswa mo boineelong jwa rona le mo loratong la rona mo go Ene. Morena Jeso Keresete ka Boene o boletse gore go rata Modimo “ke taelo ya ntlha le e kgolo” (bona Mathaio 22:37–38). O ne a neela tshedimosetso e nngwe fa A bolela, “Fa o nthata, tshegetsa ditaelo tsa me” (Johane 14:15).
Go na le tuelo ya go rata Morena le go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe. Mo tebalebelong e O tlhalositse “molao, o o sa fetogeng o o laotsweng mo legodimong … , o mo go o ne ditshegofatso tsotlhe di ikaegileng ka one—
“Mme fa re amogela tshegofatso epe mo Modimong, ke ka kobamelo ya molao e o ikaegileng ka one.” (Dithuto le Dikgolagano 130:20–21).
Ke gone, phelelo ya bofelo ya go supa lorato lwa rona la Morena ke go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe e le ditshegofatso tse di tlisang boitumelo le boipelo.
Go leba botshelo ka leitlho la efangele e e tsosolositsweng le tshenolo ya segompieno go re neela tshedimosetso. Ka pono e e phepafetseng ya tshimologo ya rona ya selegodimo le bokhutlo jwa rona, re a itse gore “tsone dilo tse di tlaa dirang botshelo jwa [rona] jwa go swa botoka jo bo ka nna jone tota ke tsone tseo dilo tse di ka dirang botshelo jwa [rona] go ya ka bosakhutleng jotlhe go nna molemo o bo ka nna jone!”
Phelelo
Ke fetsa ka se ke simolotseng ka sone, go gakologelwa maitemogelo a me dingwaga tse di fitileng le mosokologi yo mosha kwa Japane. Ka botlhaga jwa gagwe le botlhaga jwa baanamisa efangele le maloko, o ne a bona efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete. Ka go bona efangele, le gone o ne a lemoga maikaelelo a gagwe, a a atolositseng ponatshegelo ya gagwe. Le gone o ne a bona togamaano ya boitumelo e kgolo. Kobamelo yo togamaano ya dikgolagano tsa efangele e mo tliseditse ditshegofatso le boitumelo, di mo tsholetsa senama le semowa.
Loeto lwa gagwe go isa go boloko jwa Kereke ya ga Jeso Keresete go mo letleletse go nna mosupi wa ga Jeso Keresete. Mogolwane Patrick Kearon wa Khoramo ya Baaposetole Ba Ba Lesome Le Bobedi o tlhalositse boipelo jo bo latelang:
“Ka ntlha ya togamaano ya lorato ya Rara wa Legodimo ya ngwana mongwe le mongwe wa Gagwe, le ka ntlha ya botshelo jwa thekololo le thomo ya Mmoloki, Jeso Keresete, re ka—mme re tshwanetse—go nna batho ba ba tletseng boitumelo thata mo lefatsheng! Le fa matsubutsubu a botshelo mo lefatsheng le gantsi le nang le mathata a re itaya, re ka tsosolosa maikutlo a a golang le a a nnelang ruri a boitumelo le kagiso ya moteng ka ntlha ya tsholofelo ya rona mo go Keresete le go tlhaloganya ga rona lefelo la rona mo togamaanong ya boitumelo e ntle.”
Ke neela malebo a me a, le bopaki jwa me jwa, efangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete, go akaretsa le togamaano ya boitumelo e kgolo e e tsentsweng mo teng ga yone. Ke go laletsa go ja maungo a efangele le go utlwa boipelo jo bontsi mo botshelong jo mo loetong lwa gago go ya botshelong jo bosakhutleng.
© 2025 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Tlhanolo ya Kgwedi le kgwedi ya Molaetsa wa Liahona, Phukwi 2025.. Tswana. 19601 763