2025
Tshepo mo Boleng Teng Jwa Modimo
Motsheganong 2025


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2025

Tshepo mo Boleng Teng Jwa Modimo

Jaaka re batla ka tlhwaafalo go nna le lorato le bomolemo go tlatsa matshelo a rona, tshepo ya rona ya go atamela Modimo e tlaa oketsega.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, ke itumelela go bua le lona gompieno mo khoferenseng e ya kakaretso e e botlhokwa. Matlho a me a tswelela go tsofala. Ke lebogela go tlhaloganya ga lona fa ke neela molaetsa wa me.

Re tshela mo letsatsing la matlhagatlhaga a magolo mo Kerekeng ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Ke tletse boitumelo fa ke bona kgatelopele mo dikarolong tse dintsi jaana.

Ke rotloediwa thata ke banana ba rona. Ba neela tirelo ka dipalo tse dikgolo. Ba batla bagolwagolwane ba bone mme ba diragatsa ditao mo tempeleng. Makawana le makgarebe a rona a romela dikopo tsa tirelo ya boanamisa efangele ka dipalo tse di kwa godimo thata. Kokomana e e golang e gola e le balatedi ba ba tlhaga ba ga Jeso Keresete.

Moporesidente Nelson le ngwanaangwana wa ngwana wa gagwe wa mosetsana.

Bosheng jaana ke kopane le ngwanaangwana wa ngwana wa gagwe wa mosetsana. Fa ke akanya ka dikgwetlho tse a tlaa di itemogelang mo botshelong jwa gagwe, ke ikutlwa ke na le keletso e kgolo ya go mo thusa go aga tumelo mo go Jeso Keresete. Go tshela efangele ya Gagwe go botlhokwa mo boitumelong jwa gagwe jwa isago.

Ene, fela jaaka mongwe le mongwe wa rona, o tlaa lebana le dikgwetlho. Rotlhe re tlaa itemogela bolwetse, go swaba, go raelwa, le go latlhegelwa. Dikgwetlho tseno di ka koafatsa go itshepa ga rona. Le fa go ntse jalo, barutwa ba ga Jeso Keresete ba kgona go bona mofuta o o farologaneng wa go itshepa.

Fa re dira le go tshegetsa dikgolagano le Modimo, re ka nna le tshepo e e tsalwang ke Mowa. Morena o boleletse Moperofeti Joseph Smith gore tshepo ya rona e ka “nna le nonofo mo boleng teng jwa Modimo.” Akanya fela kgomotso ya go nna le tshepo mo boleng teng jwa Modimo!

Fa ke bua ka go nna le tshepo mo boleng teng jwa Modimo, ke raya go nna le tshepo mo go atameleng Modimo gone jaanong! Ke bua ka go rapela ka tshepo ya gore Rara yo o kwa Legodimong o a re utlwa, gore o tlhaloganya matlhoko a rona botoka go re feta. Ke raya go nna le tshepo ya gore O re rata go feta jaaka re ka tlhaloganya, le gore O romela baengele go nna le rona le ba re ba ratang. Ke bua ka go nna le tshepo ya gore O tlhologelelwa go thusa mongwe le mongwe wa rona go fitlhelela bokgoni jwa rona jo bo kwa godimo.

Jaanong, re bona jang tshepo e e ntseng jalo? Morena o araba potso e ka mafoko a: “A dijelo tsa gago … di tlale lorato mo bathong botlhe, … mme a bomolemo bo kgabise dikakanyo tsa gago ka bosakhutleng; ke gone tshepo ya gago e tla nonofa mo boleng teng jwa Modimo.”

Foo ke selotlele! Ka mafoko a Morena ka boene, lorato le bomolemo di bula tsela ya go nna le tshepo mo boleng teng jwa Modimo! Bakaulengwe le bokgaitsadi, re ka dira se! Go itshepa ga rona go ka nna thata tota mo boleng teng jwa Modimo, gone jaanong!

A re akanyeng ka lorato le bomolemo.

La ntlha, lorato. Dingwaga tse pedi tse di fetileng, ke ne ka kopa rona, jaaka balatedi ba kgolagano ba ga Jeso Keresete, go nna badira kagiso. Ke boeletsa se ke neng ka se bua ka nako eo: “Kgalefo ga e ke e tlhotlheletsa. Bobaba ga bo age ope. Kganetsano ga ise e ke e gogele kwa ditlharabololo tse di botlhale.”

Lorato lwa boammaaruri mo bathong botlhe ke letshwao la badira kagiso! Go botlhokwa gore re nne le lorato mo puong ya rona, tsotlhe tsa phatlalatsa le tsa kwa bothokong. Ke leboga bao ba lona ba ba neng ba tsaya kgakololo ya me e e fetileng tsia. Mme re sa ntse re ka dira botoka.

Bogalaka jo bo leng teng gompieno mo dipuisanong tsa setšhaba le mo metsweding ya dikgang bo a tshosa. Mafoko a letlhoo ke dibetsa tse di bolayang. Kganetsano e thibela Mowa o o Boitshepo go nna molekane wa rona ka metlha.

Re le balatedi ba ga Jeso Keresete, re tshwanetse go etelela pele jaaka badirakagiso. Jaaka lorato le nna karolo ya tlholego ya rona, re tlaa latlhegelwa ke keletso ya go nyatsa ba bangwe. Re tlaa tlogela go atlhola ba bangwe. Re tlaa nna le lorato mo go bao ba tswang mo maemong otlhe a botshelo. Lorato mo bathong botlhe le botlhokwa mo kgatelopeleng ya rona. Lorato ke motheo wa mokgwa wa bomodimo.

A re kopeng Rara wa Legodimo go tlatsa dipelo tsa rona ka lorato le legolo—bogolo jang mo go bao ba go leng thata go ba rata—gonne lorato ke mpho e e tswang kwa go Rara wa Legodimo ya balatedi ba boammaaruri ba ga Jeso Keresete. Mmoloki ke Kgosana ya Kgotso. Re tshwanetse go nna didirisiwa tsa Gagwe tsa kagiso.

Jaanong, a re bue ka bomolemo. Morena o re bolelela gore re kgabise dikakanyo tsa rona ka bosakhutleng ka bomolemo. Akanya fela ka nonofo e o tlaa e amogelang mo kakanyong epe fela e e siameng fa o e tokafatsa ka bomolemo. Bomolemo bo dira gore sengwe le sengwe se nne botoka le go itumedisa! Kafa letlhakoreng le lengwe, akanya fela gore go tlaa diragala eng fa o oketsa bomolemo mo kgopolong e e seng phepa, kgopolo e e setlhogo, kgotsa kgopolo e e ngomolang pelo. Bomolemo bo tlaa leleka tseo dikakanyo. Bomolemo bo tlaa go golola mo dikakanyong tse di tlhobaetsang, tse di tshwenyang.

Bakaulengwe le bokgaitsadi, jaaka lefatshe le ntse le nna bosula le go feta, re tlhoka go gola go nna phepa le go feta. Dikakanyo tsa rona, mafoko, le ditiro di tlhoka go nna boikgapo jo bo sa reteleng le go tlala ka lorato lo lo itshekileng lwa ga Jeso Keresete mo bathong botlhe. Tshono e kgolo e e fa pele ga rona ke go nna batho ba Modimo a re tlhokang go nna bone.

Kobamelo ya ka metlha mo ntlong ya Morena e oketsa bokgoni jwa rona jwa bontle le lorato. Jaana, nako mo tempeleng e oketsa tshepo ya rona mo boleng teng jwa Morena. Nako e e okeditsweng mo tempeleng e tlaa re thusa go ipaakanyetsa Go Tla ga Bobedi ga Mmoloki wa rona, Jeso Keresete. Ga re itse letsatsi le nako ya go tla ga Gagwe. Mme ke a itse gore Morena o ntlhotlheletsa go re rotloetsa go ipaakanyetsa “letsatsi le legolo leo le le boitshegang.”

Jaaka re batla ka tlhwaafalo go nna le lorato le bomolemo di tlatsa matshelo a rona, tshepo ya rona ya mo go atameleng Modimo e tlaa oketsega. Ke go laletsa go tsaya dikgato ka maikaelelo go gola mo go tshepong ya gago mo boleng teng jwa Morena. Go tswa foo, fa re ya kwa go Rara wa Legodimo ka tshepo e e oketsegang, re tlaa tlala ka boitumelo jo bo oketsegileng, mme tumelo ya gago mo go Jeso Keresete e tlaa oketsega. Re tlaa simolola go itemogela maatla a semowa a a fetang ditsholofelo tsa rona tse dikgolo.

Re leboga Morena ka go akofisa kago ya ditempele mo dingwageng tsa bosheng. Ka fa tlase ga kaelo ya Gagwe, gompieno re itsise dithulaganyo tsa go aga tempele mo go lengwe le lengwe la mafelo ano a le 15:

  • Reynosa, Mexico

  • Chorrillos, Peru

  • Rivera, Uruguay

  • Campo Grande, Brazil

  • Porto, Portugal

  • Uyo, Nigeria

  • San Jose del Monte, Philippines

  • Nouméa, New Caledonia

  • Liverpool, Australia

  • Caldwell, Idaho

  • Flagstaff, Arizona

  • Rapid City, South Dakota

  • Greenville, South Carolina

  • Norfolk, Virginia

  • Spanish Fork, Utah

Ke paka gore Jeso Keresete, Morekolodi wa Iseraele, o etelela pele se, Kereke ya Gagwe. O ipaakanyetsa go tla gape. Le rona jalo a re ipaakanyetseng go Mo amogela. Ka ga se ke rapela mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.

Dintlha

  1. Letlapa le lennye le moperofeti Daniele a neng a le bona mo torong ya gagwe ya malatsi a bofelo le pitikologa go tlatsa lefatshe (bona Daniele 2:31–45; Dithuto le Dikgolagano 65:2 ).

  2. Dithuto le Dikgolagano 121:45.

  3. “Gonne ke tla tsamaya fa pele ga sefatlhogo sa gago. Ke tlaa nna mo letsogong la lona la moja le mo molemeng wa lona, mme Mowa wa me o tlaa nna mo dipelong tsa lona, mme baengele ba me ba le dikaganyeditse, go le tshegetsa” (Dithuto le Dikgolagano).

  4. Dithuto le Dikgolagano 121:45, kgatelelo e tsentswe. bona gape temana 46.

  5. Russell M. Nelson, “Peacemakers Needed,” Liahona, May 2023, 98.

  6. Go tlhopha go lwa le ba bangwe ke go tlhopha go tshela kwa ntle ga kaelo ya Mowa o o Boitshepo.

  7. Re tshwanetse go nna le lorato “mo bathong botlhe, le mo ntlong ya tumelo” (Dithuto le Dikgolagano 121:45).

  8. Seno se raya go rapela “ka maatla otlhe a pelo” (Moroni 7:48).

  9. Bona Moroni 7:48.

  10. Bona Isaia 9:6.

  11. Jaaka Joseph Smith a rutile, “Fa [re] eletsa go ya kwa Modimo a leng teng, [re] tshwanetse go tshwana le Modimo, kgotsa go nna le melawana e Modimo a nang le yone” (Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith [2007], 72). Fela jalo, Moaposetoloi Paulo o ne a neela kgakololo ya gore re tshwanetse go “tla ka bopelokgale kwa setulong sa bogosi sa tshegofatso, gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko, le go bona tshegofatso go thusa ka nako ya letlhoko” (Bahebera 4:16).

  12. Bona Mathaio 24:36–37.

  13. Malaki 4:5; bona gape Sefania 1:1–18.

  14. Morena o re boleletse go “gakologelwa tumelo, bontle, kitso, boikgapo, bopelotelele, bopelonomi jwa bakaulengwe, poifomodimo, lorato, boikokobetso, [le] tlhwaafalo” (Dithuto le Dikgolagano 4:6). Fa re dira jalo, tshepo ya rona e tlaa oketsega, mme morago ga moo, ka mafoko a Gagwe ka namana, fa re kopa, re tlaa amogela. Mme fa re kokota, re tlaa bulelwa. (Bona Dithuto le Dikgolagano 4:7.)

  15. Re ka nna ra itemogela se batho ba ga Kgosi Benjamine ba se dirileng: “Ba ne ba tlala boitumelo, ba amogetse boitshwarelo jwa dibe tsa bone, le kagiso ya segakolodi, ka ntlha ya tumelo e e feteletseng e ba neng ba na le yone mo go Jeso Keresete” (Mosia 4:3).