“Jeso Keresete: Tsholofelo le Tsholofetso ya Paseka,” Liahona, Moranang 2025.
Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Moranang 2025
Jeso Keresete: Tsholofelo le Tsholofetso ya Paseka
Ka tsholofelo le tsholofetso ya Paseka, Jeso Keresete o tlatsa ditlhologelelo tsa dipelo tsa rona le go araba dipotso tsa mewa ya rona.
Ditshwantsho ka Michael Dunford
Tsweetswee dira nako e e didimetseng le lefelo la boitshepo la semowa fa o ntse o bala molaetsa o.
Gantsi thata, lefatshe la rona le modumo, le tletse boitshemo le boikgogomoso. Mme fa re bulegile, re ikanyega, ebile re ikutlwisabotlhoko le mo Modimong, tsholofelo le tsholofetso ya Paseka mo go Jeso Keresete e nna ya nnete. Mo dinakong tse di ntseng jalo, re kopa jaana:
“Nka bona jang leloko la lelwapa la me, tsala ya me, moratiwa wa me gape?”
“Mo lefatsheng la botsalano jwa ‘Ke a itlhopha’ jo gantsi bo fetang ka bonako, ke bona kae le go utlwa kagiso, tsholofelo, le kabalano le Modimo (bona Dithuto le Dikgolagano 107:19), ba ba ntikologileng, le nna ka bonna?”
“A go na le mongwe yo nka mo ratang—mme yo tota a tla nthatang ke mang? A dikamano tsa kgolagano di ka gola le go nnela ruri, e seng jaaka mainane mme ka dikgolagano tse di nonofileng go feta megala ya loso, ka boitumelo jwa boammaaruri le ka bosakhutleng?”
“Fa go nang le botlhoko jo bontsi, pogiso, le go tlhoka tshiamo, nka tsenya letsogo jang mo kagisong, kutlwano, le kutlwisisano mo go Jeso Keresete le mo efangeleng ya Gagwe e e tsosolositsweng le mo Kerekeng?”
Mo pakeng eno ya Paseka, ke abelana bopaki jwa me ka ga Jeso Keresete le ka ga tsholofetso le tsholofelo ya Gagwe.
Tsholofetso ya go nna Karolo ya Kgolagano le Boikaelelo jwa yone
Modimo, Rara wa rona wa Bosakhutleng yo o kwa Legodimong; Jeso Keresete, Morwawe yo o Rategang; le Mowa o o Boitshepo di gaufi le rona ka namana. Lesedi la bone le le senang bokhutlo le le sa khutleng, kutlwelobotlhoko, le lorato lo lo rekololang di lomagana le maikaelelo a tlholego le boikaelelo jwa go nna teng ga rona (bona Alema 30:44; Moshe 6:62–63).
Mo Lekgotleng la pele ga botshelo mo lefatsheng kwa Legodimong, “dinaledi tsa moso tsa opela mmogo, mme botlhe barwa [le barwadi] ba Modimo ba goa ka boitumelo” ( Jobe 38:7 ). Re itshenketse boitshenkelo. Jaanong re tsamaya ka tumelo. Ka maitemogelo a rona, re lemoga bontle jo bo solofeditsweng jwa Modimo, go tlhaloganyesega, boitumelo, le boikaelelo mo gare ga go sa tlhomamang ga loso, ngodiego, le dikgwetlho.
Ga re a direlwa go kgarakgatshega re le nosi mo go sa tlhomamisegeng ga botshelo. Re ka buisana le legodimo, ra aga tumelo le go nna karolo ya lelwapa le mo ntlong le mo setšhabeng sa Baitshepi, mme ra nna rona ba boammaaruri, ba ba gololesegileng, ba nnete, ba ba itumetseng ka go ikobela ditaelo tsa Modimo ka go rata le ka boitumelo. Tetlanyo—ka-bo-ngwefela—mo go le ka Jeso Keresete e tlisa go nna karolo ya kgolagano e.
Tsholofelo ya Botshelo le Thomo ya ga Jeso Keresete
Letsatsi le letsatsi, tsholofelo le tsholofetso ya Paseka di akaretsa ditshegofatso le dithuto tse Jeso Keresete a neng a di abelana ka nako ya tirelo ya Gagwe ya botshelo jwa go swa e e itekanetseng. A tlhomilwe pele mo tshimologong, Jeso Keresete o ne a tsalwa e le Morwa yo o Tsetsweng a le Esi wa Modimo (bona Jakobe 4:5; Alema 12:33–34; Moshe 5:7, 9). O ne a gola mo botlhaleng le mo mmeleng, a bona tlhogonofalo mo Modimong le mo bathong (bona Luke 2:52). Ka go batla fela go dira thato ya ga Rraagwe, Jeso Keresete o ne a itshwarela maleo, a fodisa makoa, a tsosa baswi, mme a gomotsa ba ba lwalang le ba ba jewang ke bodutu.
Nako nngwe, morago ga go itima dijo malatsi a le 40, O ne a supa, “Mowa wa Morena o mo go nna, ka gonne o ntloditse go rerela bahumanegi efangele; o nthomile go fodisa ba ba dipelo di phatlogileng, go rerela batshwarwa kgololo, le go busetsa pono mo difofung, go golola ba ba ketikilweng” (Luke 4:18; bona gape Isaia 61:1).
Ke mongwe le mongwe wa rona.
Kwa Selalelong sa Bofelo, Jeso Keresete o ne a tlhapisa barutwa ba Gagwe dinao (bona Johane 13:4–8). Mo Lefatsheng la bogologolo le le lesha ka bobedi, “metsi a a tshedileng” le “senkgwe sa botshelo” Ka boene o ne a simolodisa sakaramente. Mo taong e e boitshepo ya sakaramente, re bitsa Rara mme re dira kgolagano go tsaya mo go rona leina la ga Jeso Keresete, go mo gakologelwa ka metlha, le go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe, gore re nne le Mowa wa Gagwe ka metlha go nna le rona (bona Luke 22:19–20; 3 Nefi 18:7, 10–11).
Mo Tshimong ya Gethesemane, Jeso o ne a boga go feta ka fa motho a ka bogang ka teng go re rekolola le go re lefela. Madi a ne a tswa mo lerobeng lengwe le lengwe. O ne a boga ditlhabi tse ka ntlha ya botlhe, gore re tle re seka ra boga fa re ka ikwatlhaya (bona Dithuto le Dikgolagano 18:11; 19:16).
A okwa le go latofadiwa ka maaka, Jeso Keresete o ne a sotlwa le go itewa, mme serwalo sa mitlwa se ne sa rwesiwa mo tlhogong ya Gagwe e e ikokobeditseng (bona Mathaio 27:26, 29; Mareko 15:1517, 20, 31; Luke 22:63; Johane 19:1–2). “O ne a teketelwa dibe tsa rona … re fodisitswe ka dintho tsa gagwe” (Isaia 53:5). O ne a “tsholediwa mo sefapaanong” go re gogela kwa go Ene (bona 3 Nefi 27:14–15). Le fa go ntse jalo, le mo sefapaanong, Jeso Keresete o ne a itshwarela (bona Luke 23:34). O ne a kopa Johane go tlhokomela mmaagwe (bona Johane 19:26–27). O ne a ikutlwa a latlhilwe (bona Mathaio 27:46; Mareko 15:34). Lekwalo le le boitshepo le ka diragadiwa, O rile O nyorilwe (bona Johane 19:28). Fa tsotlhe di sena go diragadiwa, Ene ka boene “a neela mowa” (Luke 23:46; bona gape Johane 10:17–18).
Jeso Keresete o itse ka fa a ka re thusang ka teng mo malwetseng a rona, makoa, bodutu, go itlhaola, le mathata (bona Alema 7:12). Gantsi dipogisego tse di ntseng jalo di tla ka ntlha ya maitshenkelo a ba bangwe. Gape o itse ka fa a ka itumelang le rona mo menateng ya rona le mo ditebogong tsa rona, le ka fa a ka lelang le rona fa boitumelo jwa rona bo tletse. Ka bonolo, O re bitsa ka leina la Gagwe, ka lentswe la Gagwe, go tsena mo lesakeng la Gagwe. O bitsa motho mongwe le mongwe gongwe le gongwe. O re laletsa go bona le go tlhaloganya botshelo jwa go swa ka pono ya bosakhutleng. Jaaka re tsamaya ka tlhomamo le go tshegetsa dikgolagano tsa rona, O solofetsa gore dilo tsotlhe di ka dirisanya mmogo go re direla molemo (bona Dithuto le Dikgolagano 90:24; Baroma 8:28).
Mo nakong ya Gagwe le ka tsela ya Gagwe, tsosoloso e tla—e seng fela mo go reng dilo di ne di ntse jang mme le mo go se di ka nnang sone. Ka nnete, Jeso Keresete o ka re golola mo bokgobeng le boleo, mo losong le mo diheleng, mme o ka re thusa go diragatsa bo-omang jwa rona jwa selegodimo jaaka re nna go feta ka fa re kileng ra akanya ka teng, ka tumelo le boikotlhao.
Tsholofetso ya Kgololo
Ka ntlha ya ga Jeso Keresete, loso ga se bokhutlo. Ka Paseka re bolela gore:
Ka taelo le thata e e tswang kwa go Rraagwe, Jeso o ne a ka baya botshelo jwa gagwe fa fatshe mme a bo tsaya gape (bona Johane 10:17). Fa mmele wa Gagwe o ne o robetse mo lebitleng, Jeso Keresete o ne a direla le go rulaganya mo lefatsheng la mewa, a bolela “thekololo ya bone mo dikgoleng tsa loso” (Dithuto le Dikgolagano 138:16).
Mo mosong wa letsatsi la boraro, A tsoga mo lebitleng. O ne a bua le Marea. O ne a iponatsa mo barutweng ba le babedi mo tseleng e e yang Emao, Baaposetole ba Gagwe, le ba bangwe. (Bona Mathaio 28; Mareko 16; Luke 24; Johane 20.)
Ka bopaki jo bo busang mafoko ka sa morago , O ne a laletsa barutwa ba Gagwe go latlhela matloa a bone kwa letlhakoreng le lengwe la sekepe; mo nakong e, le fa gape a ne a tletse ka ditlhapi, matloa ga a ka a kgaoga (bona Johane 21:6–11; Luke 5:3–7). O ne a fepa barutwana mme a kopa Petere makgethlo a le mararo go fudisa dinku le dikwanyana tsa Gagwe (bona Johane 21:12–17). O tlhatlogetse kwa legodimong, a bolela gore barutwana ba Gagwe ka nako eo le rona rotlhe jaanong re tshwanetse go abelana dikgang tse di galalelang tsa Paseka le efangele ya Gagwe le tshaba nngwe le nngwe, losika, le batho (bona Mathaio 28:19–20; Mareko 16:15).
Jeso Keresete ke Modisa wa rona yo o Molemo le Kwana ya Modimo. O neetse botshelo jwa Gagwe ka ntlha ya, mme O neela botshelo jwa Gagwe go, dinku tsa Gagwe. Mo tshimong le mo sefapaanong, O ne a rwele tse di sa itshokelweng mme a re lefela. Mo nakong le mo bosakhutleng, O re bontsha sekao sa ka fa “loso lo lotlololang tsela e e yang kwa bosakhutleng.”
Ka thata ya Tetlanyo le Tsogo ya ga Keresete, mebele le mewa ya rona di tlaa kopanngwa gape mo tsogong ya nama. Re tla bo re galalela, re tsosolositswe mo sefatlhegong le mo mmeleng, tokololo mo tokololong. Le meriri ya ditlhogo tsa rona e tla tsosolosiwa. Re tlaa gololesega mo makoweng a loso, malwetse, kotsi ya mmele le bokowa jwa tlhaloganyo. Tetlanyo ya ga Keresete e ka re segofatsa go fenya mofuta mongwe le mongwe wa kgaogano ya semowa le loso lwa semowa. Fa re ka ikwatlhaya, re gololwa mo boleong bongwe le bongwe le kutlobotlhoko mme re bulegela botlalo jo bo sa khutleng jwa lorato le boitumelo. Re itshekile, re le phepa, re gololesegile, re ka boela mo dikamano tsa rona tsa lelwapa tse re di ratang thata kwa bo leng teng jo bo galalelang, jwa selesetiale jwa Modimo Rara wa rona le Jeso Keresete.
Re tlaa bona baratwa ba rona gape. Fa re kopanngwa gape le ba re ba ratang, re tlaa bonana ka pono ya bosakhutleng—ka lorato lo logolo, kutlwisiso, le bopelonomi. Tetlanyo ya ga Jeso Keresete e ka re thusa go gakologelwa se se botlhokwa le go lebala se se seng botlhokwa. Go bona Mmoloki wa rona le dikamano ka tumelo e kgolwane le tebogo go tlisa kagiso, go imolola merwalo, go letlanya dipelo, le go kopanya malwapa mo nakong le bosakhutleng.
Tsholofelo ya Letlotlo le Boitumelo
Paseka mo go Jeso Keresete e akaretsa dikgoro tsa legodimo di bulega, leungo la mofine le ata, le mafatshe a nna a a kgatlhisang. Paseka mo go Jeso Keresete e akaretsa go gomotsa le go tlhokomela batlholagadi le masiela, ba ba tshwerweng ke tlala le ba ba senang thuso, bao ba ba boifang, ba ba sotlwang, kgotsa bao ka bomadimabe ba iphitlhelang ba le mo tseleng e e diphatsa. Ka go akanya ka mongwe le mongwe, Jeso Keresete o re laletsa go bona le go direla ka lorato le kutlwelobotlhoko, jaaka A dira.
Mo dilong tsotlhe tse di molemo, Jeso Keresete o tsosolosa ka letlotlo (bona Johane 10:10; Alema 40:20–24). O solofetsa gore “lefatshe le tletse, mme go na le mo go lekaneng le go go boloka” (Dithuto le Dikgolagano 104:17). Tsosoloso ya Gagwe ya dilo tsotlhe e akaretsa botlalo jwa efangele ya Gagwe, taolo le thata ya Gagwe ya boperesiti, le ditao le dikgolagano tse di boitshepo tse di bonwang mo Kerekeng ya Gagwe, tse di bidiwang ka leina la Gagwe, le eleng Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.
Paseka mo go Jeso Keresete e akaretsa thata matlo a mangwe a a boitshepo a Morena a atamela bana ba Modimo mo mafelong a le mantsi, a tlisa mo dipelong tsa rona thuto ya “baboloki mo Thabeng ya Sione” (bona Obadia 1:21). Morena o re tlamela ka tsela e e itshepisang, e e senang bogagapa gore re ntshe mo lefatsheng se baratwa ba ba tlhokafetseng ba se tlhokang le go se eletsa mo bosakhutleng se ba sa ka keng ba se bona ka bo bone.
Gontse jalo tsholofelo ya me, tsholofetso le bopaki jwa me. Ke paka Modimo Rara wa rona; Mmoloki le Morekolodi wa rona, Jeso Keresete; le Mowa o Boitshepo. Ka Paseka le letsatsi lengwe le lengwe, a re bone tsholofelo le tsholofetso e e sa khutleng mo togamaanong ya boitumelo ya selegodimo ya Modimo, ka tsela ya yone ya kgolagano ya phetogo ya selegodimo go tswa mo losong go ya kwa bosasweng le botshelo jo bo sa khutleng. Letsatsi le letsatsi a tlhomamiso ya Tetlanyo ya ga Jeso Keresete e re imolole merwalo ya rona, e re thuse go gomotsa ba bangwe mo kutlobotlhokong ya bone, le go golola mewa ya rona go amogela boitumelo jwa Gagwe jo bo tletseng.
Ka tsholofelo le tsholofetso ya Paseka, Jeso Keresete o tlatsa ditlhologelelo tsa dipelo tsa rona le go araba dipotso tsa mewa ya rona.
© 2025 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa kgwedi le kgwedi wa Liahona, Moranang 2024.. Tswana. 19612 763