“Rara wa Legodimo O Batla go Bua le Wena,” Liahona, Mopitlo 2025.
Molaetsa wa kgwedi le kgwedi wa Liahona , Mopitlo 2025
Rara wa Legodimo O Batla go Bua le Wena
Letla tumelo ya gago mo go Rara wa Legodimo le Morwa wa Gagwe o o Rategang e go thuse go kgaoganya sesiro le go amogela lentswe la ga Rara.
Re barwa le barwadia Modimo, re nna mo lefatsheng mmogo kgakala le legae la rona la legodimo. Se ke botshelo jwa rona jwa nama, nako ya go amogela mmele wa rona, go tlhopha molemo go na le bosula, “go utlwa bogalaka, gore [re] ka itse go dira molemo” (Moše 6:55), go godisa tumelo ya rona mo go Mmoloki wa rona Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe e e boitshepo, le go tlamparela togamaano ya ga Rara wa rona ya boitumelo. Re fano go nna jaaka Rara wa rona wa Legodimo.
Go se gakologelwe botshelo jwa rona jwa pele, nako tse dingwe, re, ikutlwa re le nosi ka ga lefatshe le re le tlogetseng kwa morago. Rara wa rona o re neetse mpho ya semowa go nna re golagane le Ene le go amogela kaelo, tsela, le kgomotso mo go Ene. Re itse mpho e fela thata; e bidiwa thapelo.
Rapela Rara wa Gago wa Legodimong
Go Atamo le Efa le bao ba ba tla ba latelang, moengele o laetse, “O tlaa ikwatlhaya le go bitsa Modimo mo leineng la Morwa ka bosenang bokhutlo”(Moše 5:8).
Jeso o rutile: “Kopa, mme o tla neelwa; batla, mme o tla bona; kokota, mme o tla bulelwa” (Mathaio 7:7). “Fa le rapela, … rapela Rara wa gago … mo sephiring” (Mathaio 6:6) “Ka mokgwa ke one lo tlaa rapela: Rara wa Rona yo o kwa Legodimong, a leina la gago le itshepisiwe” (Mathaio 6:9).
Jeso o ne a tswelela a rapela Rraagwe. “O ne a ya ko thabeng go rapela, le go tswelela bosigo botlhe ka go rapela Modimo” (Luke 6:12). “Mme … o ne a tsamaya a ya thabeng go rapela” (Mareko 6:46). “Mme ba tla mo lefelong le bidiwa Gethesemane: mme a raya barutwana ba gagwe a re, Nnang fano, fa ke tlaa rapela” (Mareko 14:32). Fa a ne a le mo mokgorong, Jeso a rapelela masole a a neng a mmapola: “Rara, ba itshwarele; go nne ga ba itse se ba se dirang” (Luke 23:34).
Dikwalo tse di boitshepo di re gakolola “go rapela ka metlha” (Luke 21:36; 2 Nefi 32:9; 3 Nefi 18:15; Dithuto le Dikgolagano 10:5; 19:38; 20:33; 31:12). “Buisana le Morena mo ditirong tsotlhe tsa gago, mme o tlaa go kaela mo go molemo” (Alema 37:37). Mo tlalaletsong, re “ntshetsa malebo otlhe le kgalaletso tseo mowa wa [rona] otlhe o nang le thata go nna le tsone” (Mosia 2:20), go lemoga tsotlhe tse Rara wa rona a re di direlang.
Poresidente Russell M. Nelson o tlhalositse: “Go itlotla semowa go simolola ka go lemoga gore moso mongwe le mongwe ke mpho go tswa go Modimo. … O re dibela letsatsi le letsatsi le go re tlamela go tswa motsotso le motsotso (bona Mosia 2:21).”
Nefi a re, “Gonne fa lo ka reetsa Mowa o o rutang motho go rapela, lo tlaa itse gore lo tshwanetse go rapela; gonne mowa o o bosula ga o rute motho go rapela, mme o mo ruta gore ga a tshwanela go rapela” (2 Nefi 32:8).
Dintlha go tswa go Christ Raising the Daughter of Jairus [Keresete A Tsosa Morwadie Jairo], ka Greg K. Olsen
Ka sekai sa Mmoloki wa rona le kgakololo ya baengele le baperofeti mo dingwageng tse di makgolo, re itse go rapela letsatsi le letsatsi go supa malebogo a ditshegofatso tsa rona, le go tshegetsa thapelo mo pelong ya rona kgapetsa kgapetsa. Re na le maikarabelo a go buisana le Rara wa rona.
Mme le mo go galalelang, Rara wa rona wa legodimo o fetola dithapelo tsa rona. Potso e e mo tlhaloganyong mo lefatsheng le la nama ke, re ka amogela jang mo go botoka le go tlhaloganya dikarabo, kaelo, le kgomotso e e tswang kwa go Rara wa rona?
Mo dingwageng tsa me tse di fetang masome a supa tsa botshelo, ke a itse gore Rara wa rona o bua le rona. Ga re nosi. Ditshedi tsa Legodimo di a re tlhokomela le go re thusa jaaka re batla go sala Mmoloki morago.
Go amogela dikarabo tsa dithapelo tsa rona go simolola ka tumelo ya rona mo go Rara wa rona wa Legodimo le Morwa wa Gagwe Jeso Keresete. Jeso a re, “Se boife, ke gone fela dumela” (Mareko 5:36). Re a Mo ikanya, le go dira bo jotlhe jwa rona go tshegetsa ditaelo, le go lebelela seatla sa Gagwe mo dilong tsotlhe. “Mme mo go sepe motho ga a kgopise Modimo … fa e se bao ba ba sa boleleng seatla sa gagwe mo dilong tsotlhe, mme ba sa obamele ditaelo tsa gagwe” (Dithuto le Dikgolagano 59:21).
Seatla sa Modimo mo matshelong a rona ga go reye gore O dira bosula kgotsa matlhotlhapelo a a boitshegang a a mo lefatsheng la rona. Le fa gontse jalo, go raya gore mo dinakong tsa gago tse di thata le tse di sa siamang, O tlaa ema le wena, a nonotshe bokgoni jwa gago,a go gomotse, mme “o tlaa tshwaela dipogisego tsa gago go go thusa” (2 Nefi 2:2).
Utlwa lentswe la Gagwe
Jaaka re na le tumelo mo go Ene le go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe, ka tlholego re ithuta go mo utlwa botoka.
Ka Lwetse 1993, ngwaga wa me wa ntlha jaaka Motshegetsa Taolo wa Kakaretso, Poresidente James E. Faust (1920–2007), nako eo e le leloko la Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, a laletsa mosadi wa me Kathy, le nna go tsenelela puiso le ene ya Yunibesithi ya Brigham Young. Gakologelwa, 1993 e ne e le pele ga go nna teng le go ama ga megala ya maranyane, maranyane, le inthanete.
Mo puisong ya gagwe, ya setlhogo sa “The Voice of the Spirit,” (“Lentswe la Mowa”), Poresidente Faust o ne a tlhagisa: “Mo tshikeng ya lona le tlaa thibelwa ke mantswe a mantsi a le bolelela ka fa le ka tshelang ka teng, ka fa le ka kgotsofatsang maikutlo, ka fa le ka nnang le gone gotlhe. Le tlaa nna le mananeo a a ka nnang makgolo a matlhano a setshwantsho sa motshikinyego mo menwaneng ya lona. Go tlaa nna le mefuta yotlhe ya tsa maranyane, dikgokaganyi tsa dibala makgolo, tsa melaetsa, le tsa dikgang; go tlaa bo go na le kanamiso ya maranyane, go amogela ga tsa lefaufau, le dipuisanyo tsa maranyane tse di tlaa le tlhakatlhakanyetsang ka melaetsa. … Lentswe le lo tswanetseng go le ithuta ke lentswe la Mowa.”
Poresidente Boyd K. Packer (1924–2015), Poresidente ya Baaposetole ba ba Lesome le bobedi, o rutile ka lentswe le lesesane le le kokobetseng la Mowa mo go boleleng maitemogelo a ga John Burroughs, wa tsa tlholego, jaaka a ne a tsamaya le ditsala mo phakeng e e neng e tletse ka batho. Fano ke mafoko a ga Poresidente Packer:
“Mo godimo ga modumo wa botshelo jwa toropo [Rre Burroughs] a utlwa molodi wa nonyane.
“A ema mme a reetsa! Bao ba neng ba na le ene ba ne ba ise ba e utlwe. A shebasheba. Ga gona ope yo o e lemogileng.
“Ga mo tshwenya gore mongwe le mongwe o ne a sa utlwe sengwe se se monate jalo.
“A tsaya madi a tshipi mo kgwatlheng ya gagwe mme a a dikolosa mo phefong. A itaya fa fatshe ka go dikologa, go se modumo go na le modumo wa nonyane. Mongwe le mongwe a leba; seo ba kgona go se ultwa!
“Go thata go kgaoganya go tswa mo medumong yotlhe ya motseletsele wa dikoloi tsa toropo molodi wa nonyane. Mme lo ka o utlwa. O ka o utlwa motlhofo fa o ka ikatisetsa go o reetsa.”
Dithuto tsa ga Poresidente Packer tsa Mowa o o Boitshepo di diragetse ka 1979, nako e botshelo bo neng bo didimetse le modumo wa lefatshe o neng o se bogale go na le jaanong.
Poresidente Nelson o rutile, “Fa o reetsa ka kelotlhoko go ditshwaelo mo maranyaneng go na le go reetsa ditlhotlheletso tsa Mowa, ke gone o itsenya mo kotsing ya semowa.”
Poresidente Faust a re, “Fa re ka reetsa lentswe la Mowa, le rona re tswanetse go bula ditsebe tsa rona, go lebisa leitlho la tumelo go motswedi wa lentswe, le go lebelela ka tlhomamo kwa legodimong.”
Lentswe le la Mowa le tla mo go gotlhe tlhaloganyo ya rona le maikutlo a rona. “Ke tlaa go bolelela mo tlhaloganyong ya gago le mo pelong ya gago, ka Mowa o o Boitshepo, o o tlaa tlang mo go wena le go nna mo pelong ya gago.” (Dithuto le Dikgolagano 8:2). Reetsa peloi ya gago—kgapetsa kgapetsa tshenolo e simolola koo.
Ka nako ya go etela Girls’ Home Boys’ Town Complex kwa Markina City, Philippines, ka Tlhakole 2024, Mogolwane Andersen o rutile batho ba ba botlana gore ke bana ba Modimo: O a le rata. E bile o ka ikuela kwa go Ene. O tlaa utlwa dithapelo tsa gago.”
Rapela ka Pelo e e Dumelang
Dikarabo le maikutlo ga di patelediwe. Re a rapela re bo re leta ka pelo e e dumelang. Dikarabo tse dingwe ga dina di tla mo botshelong jo, mme go basiami, Morena ka metlha o tlaa romela kagiso ya Gagwe (bona Johane 14:27). Dikarabo gantsi di tla fa re rapelela go thusa ba ba re dikologileng. Dinako tse dingwe, di tla “sekao mo sekaong, kaelo mo kaelong;” (Dithuto le Dikgolagano 98:12).
Lentswe la Legodimo le ka tla mo go rona go sa solofelwa nako tse dintsi le mo mafelong a a sa solofelwang, mme re lemoga bontsi jwa ditshono mo mafelong a a didimetseng le mafelo a boitshepo. Mo go kokobeleng ga dithapelo tsa me maphakela thata le go tlhatlhanya, Ke bona ditshegofatso tse di sa tlwaelesegang. Go bala dikwalo tse di boitshepo mo go sa kgoreletsweng, letsatsi le letsatsi, ga mong, gwa tlwaelo nako tse dingwe, go tlisa lentswe la Mowa mo dipelong tsa rona jaaka molelo dinako tse dingwe.
Nako tse dingwe, maikutlo a tlhamaletse go tswa mo go se re se balang, mme nako tse dingwe, se re se tlhatlhanyang go tlisa karabo go kgwetlho e e farologanyeng. Gakologelwa mafoko a ga Mogolwane Robert D. Hales: “Fa re batla go bua le Modimo, re a rapela. Mme fa re batla a bua le rona, re senka dikwalo tse di boitshepo.”
Jaaka modumo le dikgoreletsi tsa lefatshe di re dikologa, Morena o kaela baperofeti ba Gagwe go aga ditempele tse dintsi ntsi. Mo dintlong tse tsa Morena, fa re tlogela dikgwetlho tsa rona kwantle mme re tsena le dithapelo tsa rona le matshwenyego, re rutwa boammaaruri jwa bosakhutleng.
Ngwaga o o fetileng, Poresidente Nelson o re neetse tsholofelo e e tlhomologileng: Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, fano ke tsholofetso ya me. Ga go sepe se se tlaa le thusang thata go tshwara ka thata thobane ya tshipi go feta go obamela mo tempeleng kgapetsa kgapetsa fa diemo di letla. Ga go sepe se se tlaa go sireletsang thata jaaka o kopana le meuwane ya lefifi ya lefatshe. Ga go sepe se se tlaa tiisang bopaki jwa gago jwa Morena Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe kgotsa go tlhaloganya togamaano e e galalelang ya Modimo mo gontsi. Ga go na sepe se se tlaa lapolosang mowa wa gago thata ka nako ya botlhoko. Ga gona sepe se tlaa bulang magodimo thata. Sepe!”
Khonforense ya kakaretso nngwe le nngwe e tlisa tlalaletso e ntsi ya ditshegofatso. Mo kgweding e e tlang ya Moranang, gape, re tlaa kopana mo khonforense ya kakaretso go utlwa lentswe la Morena. Re tla mo khonforenseng ya kakaretso re rapetse le go ipaakanya. Go mongwe le mongwe wa rona, go na le matshwenyego le dipotso tse di tlhwaafetseng. Re tla go shafatsa tumelo ya rona mo go Mmoloki, Jeso Keresete, le go nonotsha bokgoni jwa rona jwa go gana thaelo. Re tlela go rutwa go tswa kwa godimo. Ke go solofetsa gore jaaka o ipaakanya le go tla ka thapelo go dikarolo tsa khonforense ya kakaretso, o tlaa utlwa dikarabo tsa matshwenyego a gago, mme o tlaa itse gore “seatla sa legodimo” se mo go wena.
Nna le tumelo gore Rara wa Legodimo o bua le wena. Gontse jalo! A tumelo ya gago mo go Ene le Morwa wa Gagwe yo o Rategang e go thuse go kgaola sesiro le go amogela lentswe la ga Rara. Ke paka gore O teng le go go rata go gaisa jaaka mafoko a ka bua.
© 2025 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Tlhanolo ya Monthly Liahona Message, March 2025. Tswana. 19605 763