2024
Morena Jeso Keresete O Tlaa Tla Gape
Ngwanatsele 2024


Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le Kgwedi, Ngwanatsele 2024

Morena Jeso Keresete O Tlaa Tla Gape

Jaanong ke nako ya gore wena le nna re baakanyetse Go Tla ga Bobedi ga ga Morena le Mmoloki wa rona, Jeso Keresete.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, ke lebogela gore Morena o ntshegofaditse gore ke bue le lona.

Mo khonforenseng e, Morena o buile le rona ka batlhanka ba Gagwe. Ke le rotloetsa go ithutontsha melaetsa ya bone. E dirise jaaka tlhatlhobo ya litimase ka ga se se boammaaruri le se e seng jone mo dikgweding tse thataro tse di latelang.

Tshomarelo le go tlhabololwa gwa Tempele ya Salt Lake le mafelo a mangwe mo Temple Square go ntse go tsweletse dingwaga di ka nna tlhano. Diponelopele tsa jaanong di supa gore tiro e e tlaa fetswa fa 2026 a fela. Re lebogela botlhe ba ba berekang mo porojekeng e kgolo e.

Mo dikgweding tse thataro tse di fetileng, re tshwaetse le go tshwaela gape ditempele tse nne mo mafatsheng a matlhano. Magareng ga jaanong le bokhutlo jwa ngwaga, re tlaa tshwaela tse tlhano mo godimo.

Gompieno re itumelela go itsise dithulaganyo tsa go aga ditempele tse 17 tse dingwe. Tsweetswee reetsa ka tshisibalo jaaka ke le itsise mafelo.

  • Juchitán de Zaragoza, Mexico

  • Santa Ana, El Salvador

  • Medellín, Colombia

  • Santiago, Dominican Republic

  • Puerto Montt, Chile

  • Dublin, Ireland

  • Milan, Italy

  • Abuja, Nigeria

  • Kampala, Uganda

  • Maputo, Mozambique

  • Coeur d’Alene, Idaho

  • Queen Creek, Arizona

  • El Paso, Texas

  • Huntsville, Alabama

  • Milwaukee, Wisconsin

  • Summit, New Jersey

  • Price, Utah

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, a le a bona se se diragalang fa pele ga matlho a rona? Ke rapela gore re tlaa seka ra fetwa ke bogolo jwa motsotso o! Morena ka nnete o fefosa tiro ya Gagwe.

Ke eng re aga ditemplele ka lobelo le le iseng le bonwe jaana? Ka go reng? Ka gore Morena o re laetse go dira jalo. Ditshegofatso tsa tempele di thusa go phutha Iseraele mo matlhakoreng otlhe a sesiro. Ditshegofatso tse gape di thusa go baakanya batho ba ba tlaa thusang go baakanyetsa lefatshe Go Tla ga Bobedi ga Morena!

Go Tla ga Bobedi ga Mmoloki.

Jaaka moperofeti Isaia a perofetile, le jaaka go gopodisitswe mo Handel Mesia, fa Jeso Keresete a boa, “kgalalelo ya Morena e tlaa senolwa, le nama yotlhe e tlaa e bona mmogo.”

Mo letsatsing leo “puso e tlaa nna mo magetleng a gagwe: mme leina la gagwe le tlaa bidiwa Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo yo o Maatla, Rara wa bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.”

Jeso Keresete o tlaa busa go tswa bobeding jwa Jerusalema o mogologolo le Jerusalema o Mošha “o o agilweng mo lefatsheng la Amerika.” Go tswa mo mafelong a mabedi a, O tlaa kaela merero ya Kereke ya Gagwe.

Mo letsatsing leo Morena o tlaa itsewe jaaka “Kgosi ya Dikgosi, le Morena wa Barena.” Bao ba ba nang le Ene ba tlaa “bidiwa, le itshenketsweng, le boikanngo.”

Bakaulengwe le bokgaitsadi, jaanong ke nako ya gore wena le nna re baakanyetse Go Tla ga Bobedi ga Morena le Mmoloki wa rona, Jeso Keresete. Jaanong ke nako ya gore re dire borutwana jwa rona ntlha kgolo e e kwa godimo ya rona. Mo lefatsheng le le tletseng dikgoreletsi tse di tseisang sedidi, re ka dira se jang?

Tempele ya Rome Italy.

Kobamelo ya ka metlha mo tempeleng e tlaa re thusa. Mo ntlong ya Morena, re tlhoma mogopolo mo go Jeso Keresete. Re ithuta ka ga Ene. Re dira dikgolagano tsa go Mo sala morago. Re tla go Mo itse. Jaaka re tshegetsa dikgolagano tsa rona tsa tempele, re nna le kamano e e oketsegileng ya thata e e nonotshang ya Morena. Mo tempeleng, re amogela tshireletso mo ditsietsing tsa lefatshe. Re itemogela lorato le le itshekileng la ga Jeso Keresete le Rara wa rona wa Legodimo ka letlotlo le legolo. Re utlwa kagiso le tshepiso ya semowa, kgatlhanong le kgoreletsego ya lefatshe.

Se ke tsholofetso ya me mo go lona: Mosinki yo o tlhwaafetseng mongwe le mongwe wa ga Jeso Keresete o tlaa Mo fitlhela mo tempeleng. O tlaa utlwa kutlwelobotlhoko ya Gagwe. O tlaa bona dikarabo tsa dipotso tsa gago tse di tshwenyang thata. O tlaa tlhaloganya botoka boitumelo jwa efangele ya Gagwe.

Ke ithutile gore potso e e botlhokwa go feta e re tshwanetseng go e araba ke e: Ke mang kgotsa ke eng se ke tlaa se neelang botshelo jwa me?

Poresidente Nelson e le ngaka ya loaro.

Tshwetso ya me go sala Jeso Keresete morago ke tshwetso e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe tse ke kileng ka di dira. Ka nako ya sekolo sa bongaka, ke nnile le bopaki jwa bomodimo jwa Modimo Rara le Morwae, Jeso Keresete. Fa e sale nako eo Mmoloki wa rona e ntse e le lefika le mo go lone ke agileng botshelo jwa me. Tshwetso eo e dirile pharologanyo yotlhe! Tshwetso eo e dirile ditshwetso tse dintsi tse dingwe motlhofo go gaisa. Tshwetso eo e mphile boikaelelo le tsela. E nthusitse gape go itshokela matsubutsubu a botshelo. Tlaa ke abelane dikai tse pedi:

Sa ntlha, fa mosadi wa me Dantzel a tlhokafala go sa solofelwa, ke ne ke sa kgone go tshwara ope wa bana ba rona. Ke ne ke le foo, ke le nosi, ke utlwile botlhoko thata, mme ke lelela thuso. Ka tebogo, ka Mowa wa Gagwe, Morena o ne a nthuta gore ke eng fa Dantzel wa me yo o rategang a tseetswe gae. Ka go tlhaloganya moo, ke ne ka gomotsega. Mo tsamaong ya nako, ke ne ka kgona go emelana le bohutsana jwa me. Moragonyana, ka nyala mosadi wa me yo o rategang Wendy. E ne e le karolo e e botlhokwa ya sekai sa me sa bobedi.

Fa Wendy le nna re ne re le mo thomong kwa lefatsheng lengwe le le kgakala, magodu a a tshotseng ditlhobolo ba ne ba baya tlhobolo mo tlhogong ya me, mme a goga tirikara. Mme tlhobolo ya seka ya thunya. Mo maitemogelong ao otlhe, matshelo a rona ka bobedi a ne a le mo diphatseng. Mme Wendy le nna ra utlwa kagiso e e ka se ganediweng. E ne e le kagiso “e e fetang go tlhaloganya gotlhe.”

Bakaulengwe le bokgaitsadi, Morena o tlaa le gomotsa le lona! O tlaa le nonotsha. O tlaa le segofatsa ka kagiso, le tota fa gare ga tlhakatlhakanyo.

Morena Jeso Keresete.

Tsweetswee reetsa tsholofetso e ya ga Jeso Keresete mo go lona: “Ke tlaa nna mo letsogong la lona la moja le mo molemeng wa lona, mme Mowa wa me o tlaa nna mo dipelong tsa lona, mme baengele ba me ba le dikaganyeditse, go le tshegetsa.”

Ga gona tekanyetso mo bokgoning jwa Mmoloki go go thusa. Pogisego ya Gagwe mo go sa tlhaloganyesegeng kwa Gethsemane le kwa Calvary e ne le ya gago! Tetlanyo ya Gagwe ya bosakhutleng ke ya gago!

Ke go rotloetsa gore o ineele nako mo bekeng nngwe le nngwe—botshelo jwa gago jotlhe—go oketsa go tlhaloganya ga gago ya Tetlanyo ya ga Jeso Keresete. Pelo ya me e utlwela botlhoko ba ba nweleletseng mo sebeng mme ba sa itse gore ba ka tswa jang. Ke lelela ba ba sokasokanang mo semoweng kgotsa ba ba rwalang merwalo e megolo ba le nosi ka gore ga ba tlhaloganye se Jeso Keresete a se ba diretseng.

Jeso Keresete o itseetse tsa gago dibe, a gago matlhoko, ya gago kutlobotlhoko, le a gago makoa. Ga o tlhoke go a rwala o le nosi! O tlaa go itshwarela fa o ikwatlhaya. O tlaa go segofatsa ka se o se tlhokang. O tlaa fodisa mowa o o dintho wa gago. Jaaka o itshwaraganya le Ene, merwalo ya gago e tlaa nna motlhofo. Fa o dira le go tshegetsa dikgolagano tsa go sala Jeso Keresete morago, o tlaa bona gore metsotso e e botlhoko ya botshelo jwa gago ga e nnele ruri. Dipogisego tsa gago di tlaa “komediwa mo boitumelong jwa ga Keresete.”

Ga go sa le gale ebile ga go thari gore o nne morutwana o ineetseng wa ga Jeso Keresete. Ka jalo o tlaa itemogela gotlhelele ditshegofatso tsa Tetlanyo ya Gagwe. Le gone o tlaa dira ka natla thata mo go thuseng go phutha Iseraele.

Go Tla ga Bobedi ga ga Jeso Keresete.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, mo letsatsing le le tlang, Jeso Keresete o tlaa boela lefatsheng jaaka Mesia wa meleniale. Jaanong gompieno ke le bitsa go tshwaela gape Jeso Keresete matshelo a lona. Ke le bitsa go thusa go phutha Iseraele o o phatlaletseng le go baakanyetsa lefatshe Go Tla ga Bobedi ga Morena. Ke le bitsa go bua ka ga Keresete, go paka ka ga Keresete, go nna le tumelo mo go Keresete, le go ipela mo go Keresete!

Tlang kwa go Keresete le “lo Mo ntshetse [mowa] otlhe wa lona”. Se ke sephiri go botshelo jwa boitumelo!

Se se gaisang se santse se tlaa tla, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, ka gore Mmoloki o tla gape! Se se gaisang se santse se tlaa tla ka gore Morena o fefositse tiro ya Gagwe. Se se gaisang se santse se tlaa tla jaaka re lebisa ka gotlhe dipelo tsa rona le matshelo a rona kwa go Jeso Keresete.

Ke supa tshupo ya me e e masisi gore Jeso Keresete ke Morwa Modimo. Ke morutwana wa Gagwe. Ke motlotlo go nna motlhanka wa Gagwe. Ka Go Tla ga Bobedi gwa Gagwe, “kgalalelo ya Morena e tlaa senolwa, mme nama yotlhe e tlaa e bona mmogo.” Letsatsi leo le tlaa bo le tletse ka boitumelo mo basiaming!

Ka thata ya dilotlele tsa boperesiti tse di boitshepo tse ke di tshwereng, ke bolela boammaaruri jo mo go lona le mo lefatsheng lotlhe! Mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.

Dintlha

  1. Tshwaelo gape ya Tempele ya Manti Utah (President Russell M. Nelson, April 21); Urdaneta Philippines Temple (President Dallin H. Oaks, April 28); Puebla Mexico Temple (Elder Gerrit W. Gong, May 19); Taylorsville Utah Temple (Elder Gerrit W. Gong, June 2); Cobán Guatemala Temple (Elder Dale G. Renlund, June 9); Salta Argentina Temple (Elder D. Todd Christofferson, June 16); Layton Utah Temple (Elder David A. Bednar, June 16); Pittsburgh Pennsylvania Temple (Elder Dieter F. Uchtdorf, September 15); Mendoza Argentina Temple (Elder Ronald A. Rasband, September 22).

  2. Tempele ya San Pedro Sula Honduras (Phalane 13); Salvador Brazil Temple (Phalane 20); Deseret Peak Utah Temple (Ngwanaetsele 10); Casper Wyoming Temple (Ngwanaetsele 24); Tallahassee Florida Temple (Sedimonthole 8).

  3. Bona Dithuto le Dikgolagano 88:73.

  4. Isaia 40:5; bona le gone George Frideric Handel “And the Glory of the Lord,” The Messiah, ed. T. Tertius Noble (1912), 16–18.

  5. Isaia 9:6.

  6. Bona Sekaria 14:4–7; Dithuto le Dikgolagano 45:48–66; 133:19–21; bona le gone Mika 4:2: “Mme molao o tlaa tsamaela pele go tswa mo Sione, le lefoko la Morena go tswa Jerusalema.”

  7. Mekwalana ya Tumelo 1:10; bona le gone Ethere 13:3–10; Dithuto le Dikgolagano 84:2–4.

  8. Tshenolo 19:16; Tshenolo 17:14.

  9. Bona Alema 34:32.

  10. O ka ikutlwa go re, jaaka Amone, “ke mang yo o ka galalelang thata mo Moreneng? … Bonang, … ga ke kake ka bua karolo e nnye e ke e utlwang” (Alema 26:16).

  11. Bona Helamane 5:12.

  12. Bafilipi 4:7.

  13. Dithuto le Dikgolagano 84:88.

  14. Bona Alema 7:11–12; bona le gone Luke 4:18.

  15. Bona Alema 7:12.

  16. Bona Pesalema 147:3; Jakobe 2:8.

  17. Bona Mosia 24:14.

  18. Alema 31:38.

  19. Bona 2 Nefi 25:26.

  20. Omoni 1:26.