“Makawana a Batlhabani” Friend, Phatwe 2024, 26-27
Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Phatwe 2024
Makawana a batlhabani
Ditshwantsho ka Andrew Bosley
Batho ba Amone le bo morwarraagwe ba neng ba ba ruta ba ne ba batla go sala morago Jeso Keresete. Ba ne ba katela dibetsa tsa bone a bo ba solofetsa Modimo gore ga ba kitla ba lwa gape.
Mme gone foo ka pela ba ne ba tlhoka go babalela malwapa a bone. Borraabone ba ba neng ba katetse dibetsa ba ne ba sa batle go roba tsholofetsong e ba neng ba e dirile le Modimo. Jaanong bana ba bone ba ne ba ipaakanyetsa go ya go lwa boemong jwa bone. Ba ne ba bidiwa makawana a batlhabani a a dikete tse pedi Makawana go raya “botlana.”
Makawana a batlhabani ba ne ba iseba lwe mo ntweng go le pele. Mme bommaabone ba ne ba ba thusitse go ipaakanya a bo ba ba ruta go ikanya Modimo.
Ba tlhophile Hilamene gore e nne moeteledipele wa bone. Ba pelokgale, gape Modimo o ba thusitse. Botlhe ba ne ba golagetse, mme ba ne ba thusana. Modimo o ne a tlotlomatsa tumelo ya bone, jalo botlhe ba ne ba tshela!
Tsebe ya go Taka
Dibuka tse di boitshepho di ka nthusa ka dinako tsotlhe
Setshwantsho ka Adam Koford
Ke polelo e fe ya buka e e boitshepo e o e ratang?
© 2024 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe ko USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Tsala wa kgwedi le kgwedi, Phatwe 2024. Tswana. 19290 763