“Utlwa, Reetsa, mme Ela tlhoko,” For the Strength of Youth, Firi. 2021, 32.
Molaetsa For the Strength of Youth wa Kgwedi le kgwedi, Firikgong 2021
Utlwa, Reetsa, mme Ela tlhoko
Go tswa April 2020 general conference address.
Ditshwantsho ka Guev Design
Lefoko la ntlha go Dithuto le Dikgolagano ke reetsa (bona Doctrine and Covenants 1:1). Go raya “go reetsa ka maikaelelo a go obamela.” Go reetsa go raya go “Mo utlwe”—go utlwa se Mmoloki a se buang mme o be o ela tlhoko kgakololo ya Gagwe. Mo mafokong a mabedi ao—“Mo Utlwe”—Modimo o re neela sekao sa katlego, boitumelo, le boipelo mo botshelong jo. Re tshwanetse go utlwa mafoko a Morena, a reetse le go ela tlhoko se a se re boleletseng!
Re ka ya kae go Mo utlwa?
Re ka ya kwa dikwalong tse di boitshepo. Le gone re ka Mo utlwa mo tempeleng. Le gone re Mo utlwa sentle thata jaaka re itshekisa nonofo ya rona go lemoga ditlhotlheletso tsa Mowa o o Boitshepo. Mme, la bofelo, re Mo utlwa jaaka re ela tlhoko mafoko a baperofeti, balebi, le basenodi.
Go tlaa diragala eng fa o ikaelela thata go utlwa, reetsa, le go ela tlhoko se Mmoloki a se buileng le se a Se buang jaanong ka baperofeti ba Gagwe? Ke solofetsa gore lo tlaa segofadiwa ka thata e e oketsegileng go lebagana le thaelo, ditshokolo, le bokoa. Ke solofetsa dikgakgamatso mo dikamanong tsa losika le tiro ya tsatsi le letsatsi. Mme ke go solofetsa gore nonofo ya gago go utlwa boitumelo e tlaa oketsega le fa dikgoberego di oketsega mo botshelong jwa gago.
© 2020 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. Printed in USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya Thanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa For the Strength of Youth ya Kgwedi le kgwedi, Firikgong 2021. Puo. 17463 763