Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa Go Nonofo ya Banana, Phatwe 2025
Yo Modimo e Seng Ene
Boammaaruri jo bo 5 ka ga Rara wa rona wa Legodimo
Re ka ithuta mo gontsi ka ga yo Modimo e leng ene fa re tlhaloganya yo e seng Ene.
Setshwantsho ka Camila Gray
Nngwe e e kgolo ya ditshegofatso tsa Tsosoloso ke gore Modimo gape o itshenotse le mokgwa wa Gagwe jaaka Rara wa Legodimo o o lorato. Mme nako tse dingwe re na le dikakanyo le megopolo ka ga Modimo tse tota di seng boammaaruri. Fa go diragala, re ka ithuta mo gontsi ka ga se Modimo e leng sone ka go tlhaloganya se A seng sone.
Modimo ga se mongwe yo o sa tlwaelesegang mo bogosing kwa kgakala, kgakala.
Ke Rara wa rona, yo o gakgamatsang go feta le e leng rre yo o gaisang botlhe wa lefatshe yo o ka mo akanyang. Le ntswa re ka se gakologelwe botshelo jwa rona jwa pele le Ene, o a re itse ka bongwe e bile gotlhelele. O na le mmele o o itekanetseng wa nama le marapo, mme re mo setshwanong sa Gagwe.
Fa o sokola go akanya gore Modimo ntse jang, go na le sekai se se itekanetseng: Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete. Keresete o rile “ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo: ga go na motho ope yo o tlang kwa go Rara, fa e se ka nna. Fa lo ne lo nkitsile, lo ka bo lo itsile le ene Rara” (Johane 14:6–7). Ka mafoko a mangwe, fa re batla go itse gore Rara wa Legodimo o ntse jang, re ka ithuta ka gore Jeso Keresete o ntse jang! Ba itekanetse mo kutlwanong ya maikaelelo a bone.
Modimo ga se yo o tshwaregileng thata mo a ka tlhokang go go thusa.
Ka nnete, go go thusa go nna le botshelo jo bosakhutleng ke tiro ya Gagwe le kgalalelo ya Gagwe. O tebelelo ya Gagwe ya #1! Ga a tlamiwe ke nako ka tsela e re tlamiwang ke nako ka yone. Fitlhelela kwa go Ene ka thapelo nako nngwe le nngwe. Ke gone o reetse ka ditsela tse dintsi tse a arabang ka tsone.
Modimo ga se mongwe yo o go pateletsang go Mo sala morago.
Mogolwane Dale G. Renlund wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o kile a ruta, “Maikaelelo a ga Rara wa Legodimo mo botsading ga se go batla gore bana ba Gagwe ba dire se se siameng; ke go batla bana ba Gagwe ba itshenkela go dira se se siameng mme kwa bofelong ba tshwane le Ene.” O tlaa go laletsa, go go gakolola, le go go ruta boammaaruri, mme ga A kake a tlosa boikgethelo jwa gago ka go go pateletsa go Mo sala morago.
Modimo ga se mongwe yo o lekang go go tshwara o dira sengwe se se phoso gore A ka go atlhola.
Ke gone, jaaka Mogolwane Patrick Kearon wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi a e beile, “Modimo ga a kgaotse go go latela,” go raya gore ga a na go itlhoboga go leka go go thusa go boela kwa go Ene. O itse gore rotlhe ka tlholego re tlaa lebagana le dilo tse di thata fa re dira diphoso. Ke gone o re neela tsela ya gore re ntlafadiwe mo sebeng le go bona nonofo ka Tetlanyo ya Morwa wa Gagwe.
Modimo ga se mongwe yo o emetseng gore o “lekane” kgotsa “o itekanele” pele fa A ka go rata.
Lorato la Gagwe mo go wena ga le fele. O a go rata jaanong, jaaka o sa itekanela jaana! Poresidente Jeffrey R. Holland, Poresidente o o Emetseng wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, o neetse tlhaloso e e maatla ka ga boaammaaruri jo: “‘Tlaya jaaka o ntse,’ Rara yo o lorato o raya mongwe le mongwe wa rona, mme a tlatse, ‘Se ikaelele go nna jaaka o ntse.’ Re a nyenya le go gakologelwa gore Modimo o ikaeletse go re dira go feta jaaka re akanya re ka nna.” Ka lorato le le itekanetseng le kgothatso, Rara wa Legodimo o leka go re thusa go nna jaaka Ene le go amogela tsotlhe tse a nang le tsone, kgato e le nngwe ka nako.
Yo Modimo e leng Ene
Tsela e e siameng ya go itse Rara wa Gago wa Legodimo ke go tswelela o nna le maitemogelo le Ene. Jang? Ithute ka ga Ene le Morwa wa Gagwe go tswa mo dikwalong tse di boitshepo le mafoko a baperofeti ba ba tshelang. Mo Rapele. Go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe. Dirisa nako e e didimetseng, ya gago go Mo obamela kwa kerekeng, mo tempeleng, le mo mafelong a mangwe a a boitshepo. Dira le go tshegetsa dikgolagano le Ene. O tlaa go thusa go itse gore Ke mang le ka fa A ikutlwang ka teng ka wena.
© 2025 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Monthly For the Strength of Youth Message, August 2025. Tswana. 19616 763