2025
Yo Modimo e Seng Ene
Go Nonofo ya Banana Phatwe 2025


Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa Go Nonofo ya Banana, Phatwe 2025

Yo Modimo e Seng Ene

Boammaaruri jo bo 5 ka ga Rara wa rona wa Legodimo

Re ka ithuta mo gontsi ka ga yo Modimo e leng ene fa re tlhaloganya yo e seng Ene.

pente le borashe jwa pente

Setshwantsho ka Camila Gray

Nngwe e e kgolo ya ditshegofatso tsa Tsosoloso ke gore Modimo gape o itshenotse le mokgwa wa Gagwe jaaka Rara wa Legodimo o o lorato. Mme nako tse dingwe re na le dikakanyo le megopolo ka ga Modimo tse tota di seng boammaaruri. Fa go diragala, re ka ithuta mo gontsi ka ga se Modimo e leng sone ka go tlhaloganya se A seng sone.

Modimo ga se mongwe yo o sa tlwaelesegang mo bogosing kwa kgakala, kgakala.

Ke Rara wa rona, yo o gakgamatsang go feta le e leng rre yo o gaisang botlhe wa lefatshe yo o ka mo akanyang. Le ntswa re ka se gakologelwe botshelo jwa rona jwa pele le Ene, o a re itse ka bongwe e bile gotlhelele. O na le mmele o o itekanetseng wa nama le marapo, mme re mo setshwanong sa Gagwe.

Fa o sokola go akanya gore Modimo ntse jang, go na le sekai se se itekanetseng: Morwa wa Gagwe, Jeso Keresete. Keresete o rile “ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo: ga go na motho ope yo o tlang kwa go Rara, fa e se ka nna. Fa lo ne lo nkitsile, lo ka bo lo itsile le ene Rara” (Johane 14:6–7). Ka mafoko a mangwe, fa re batla go itse gore Rara wa Legodimo o ntse jang, re ka ithuta ka gore Jeso Keresete o ntse jang! Ba itekanetse mo kutlwanong ya maikaelelo a bone.

Modimo ga se yo o tshwaregileng thata mo a ka tlhokang go go thusa.

Ka nnete, go go thusa go nna le botshelo jo bosakhutleng ke tiro ya Gagwe le kgalalelo ya Gagwe. O tebelelo ya Gagwe ya #1! Ga a tlamiwe ke nako ka tsela e re tlamiwang ke nako ka yone. Fitlhelela kwa go Ene ka thapelo nako nngwe le nngwe. Ke gone o reetse ka ditsela tse dintsi tse a arabang ka tsone.

Modimo ga se mongwe yo o go pateletsang go Mo sala morago.

Mogolwane Dale G. Renlund wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o kile a ruta, “Maikaelelo a ga Rara wa Legodimo mo botsading ga se go batla gore bana ba Gagwe ba dire se se siameng; ke go batla bana ba Gagwe ba itshenkela go dira se se siameng mme kwa bofelong ba tshwane le Ene.” O tlaa go laletsa, go go gakolola, le go go ruta boammaaruri, mme ga A kake a tlosa boikgethelo jwa gago ka go go pateletsa go Mo sala morago.

Modimo ga se mongwe yo o lekang go go tshwara o dira sengwe se se phoso gore A ka go atlhola.

Ke gone, jaaka Mogolwane Patrick Kearon wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi a e beile, “Modimo ga a kgaotse go go latela,” go raya gore ga a na go itlhoboga go leka go go thusa go boela kwa go Ene. O itse gore rotlhe ka tlholego re tlaa lebagana le dilo tse di thata fa re dira diphoso. Ke gone o re neela tsela ya gore re ntlafadiwe mo sebeng le go bona nonofo ka Tetlanyo ya Morwa wa Gagwe.

Modimo ga se mongwe yo o emetseng gore o “lekane” kgotsa “o itekanele” pele fa A ka go rata.

Lorato la Gagwe mo go wena ga le fele. O a go rata jaanong, jaaka o sa itekanela jaana! Poresidente Jeffrey R. Holland, Poresidente o o Emetseng wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, o neetse tlhaloso e e maatla ka ga boaammaaruri jo: “‘Tlaya jaaka o ntse,’ Rara yo o lorato o raya mongwe le mongwe wa rona, mme a tlatse, ‘Se ikaelele go nna jaaka o ntse.’ Re a nyenya le go gakologelwa gore Modimo o ikaeletse go re dira go feta jaaka re akanya re ka nna.” Ka lorato le le itekanetseng le kgothatso, Rara wa Legodimo o leka go re thusa go nna jaaka Ene le go amogela tsotlhe tse a nang le tsone, kgato e le nngwe ka nako.

Yo Modimo e leng Ene

Tsela e e siameng ya go itse Rara wa Gago wa Legodimo ke go tswelela o nna le maitemogelo le Ene. Jang? Ithute ka ga Ene le Morwa wa Gagwe go tswa mo dikwalong tse di boitshepo le mafoko a baperofeti ba ba tshelang. Mo Rapele. Go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe. Dirisa nako e e didimetseng, ya gago go Mo obamela kwa kerekeng, mo tempeleng, le mo mafelong a mangwe a a boitshepo. Dira le go tshegetsa dikgolagano le Ene. O tlaa go thusa go itse gore Ke mang le ka fa A ikutlwang ka teng ka wena.

Dintlha

  1. Bona Dithuto le Dikgolagano 130:22.

  2. Bona For the Strength of Youth: A Guide for Making Choices (2022), 23.

  3. Bona Moše 1:39.

  4. Dale G. Renlund, Oct. 2018 general conference (Ensign kgotsa Liahona, Nov. 2018, 104).

  5. Patrick Kearon, Apr. 2024 general conference (Ensign, Motsheganong 2024, 87).

  6. Jeffrey R. Holland, Apr. 2017 general conference (Ensign kgotsa Liahona, May 2017, 51).