Molaetsa wa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le Kgwedi, Ngwanatsele 2024
Go Sala Jeso Keresete Morago
Dikinolo
Philippines
Go sala Jeso Keresete morago ga se mokgwa wa nakwana kgotsa wa nako nngwe. Ke maitlamo a tswelelang le tsela ya botshelo e e tshwanetseng go re kaela ka dinako tsotlhe le mo mafelong otlhe. Dithuto tsa Gagwe le sekai sa Gagwe di tlhalosa tsela ya morutwana mongwe le mongwe wa ga Jeso Keresete. …
Ditaelo tsa Modimo di neela maatla a a kaelang le a a tlhomamisang mo matshelong a rona. …
E nngwe ya dithuto tsa Mmoloki wa rona e lebega e tlhoka go gatelelwa thata gape mo diemong tsa malatsi a rona.
E ke nako ya mafoko a mantsi a a bogale le a a utlwisang botlhoko mo dipuisanong tsa phatlalatsa le ka dinako tse dingwe mo malwapeng a rona. …
Ke eng se balatedi ba ga Keresete ba tshwanetseng go se ruta le go se dira mo nakong e ya dipuisano tse di borai? Dithuto le dikai tsa Gagwe e ne e le dife? …
… “Re tlhoka go rata le go dira molemo mo go botlhe. Re tlhoka go tila kganetsanyo mme re nne ba ba letlanyang mo dipuisanong tsa rona tsotlhe. Se ga se reye gore re tlogele melaometheo ya rona le dilo tse re di tsayang di le botlhokwa mme go kgaotsa go tlhasela ba bangwe ka bogale ka ntlha ya tsa bone. Seo ke se Sekao sa rona se se Itekanetseng A se dirileng mo Bodireding jwa Gagwe. Seo ke sekai se A se re beetseng jaaka A ne a re laletsa go Mo sala morago. …
Jaaka balatedi ba ga Keresete, re ruta le go paka ka ga Jeso Keresete, Sekao sa rona se se Itekanetseng. Jaanong a re Mo saleng morago ka go tlogela kganetsanyo. Jaaka re latela melao ya rona e re e ratang mo ditirong tsa phatlalatsa, a re tshwanelweng ke ditshegofatso tsa Gagwe ka go dirisa puo le mekgwa ya ba ba letlanyang. Mo malwapeng a rona le dikamano tse dingwe tsa botho a re tileng se se bogale le se se iletsegang.
© 2024 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Tlhanolo ya Monthly For the Strength of Youth Message, November 2024. Tswana. 19345 763