Molaetsa wa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le Kgwedi, Ngwanatsele 2024
Dithuto tsa ga Jeso Keresete di Motlhofo
Dikinolo
Colombia
Lefoko la Modimo ke thuto e e rutilweng ke Jeso Keresete le baperofeti ba Gagwe. …
… Dithuto tse ke gore tumelo mo go Jeso Keresete, boikotlhao, kolobetso, go amogela neo ya Mowa o o Boitshepo, le go itshoka go ya bokhutlong go segofatsa botlhe bana ba Modimo.
Jaaka re ruta bao ba re ba ratang melawana e, Mowa o o Boitshepo o tlaa re thusa go itse boammaaruri. Ka gore re tlhoka ditlhotlheletso tsa Mowa o o Boitshepo, re tshwanetse go tila dikakanyetso kgotsa diphuthulolo tsa motho tse di fetang go ruta thuto ya boammaaruri.
… Nngwe ya ditsela tse di tsepameng tsa go tila le gone go atumelanale thuto e e seng yone ke go tlhopha go ruta mo go motlhofo. …
Go ruta mo go motlhofo go re letlelela go abelana dithuto tse di bolokang go sa le pele, fa bana ba ntse ba sa kgomiwe ke dithaelo tsa motsietsi tse morago ba tlaa lebaganang le tsone, lebaka pele ga boammaaruri jo ba tlhokang go bo ithuta bo hupetswa ke medumo ya ditlhaeletsanyo, bankane, le ditshokolo tsa bone ka bo bone. …
Jaaka re dira bojotlhe jwa rona go ruta ba re ba ratang ka ga dithuto tsa ga Jeso Keresete, bangwe ba ka nna ba se ke ba tsiboge. Dipelaelo di ka nna tsa tla ka iketlo mo tlhaloganyong ya gago. … O seka wa ineelela mo dipelaelong tseo. Leba kwa Modimong go bona thuso. …
… O tlaa nna tlhaga le bopelotelele. Mme ke gone o ka itse gore o dirile tsotlhe tse o ka di kgonang go thusa bao o ba ratang le bao o ba rapelelang go ralala maiteko a ga Satane a go ba faposa.
© 2024 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Tlhanolo ya Monthly For the Strength of Youth Message, November 2024. Tswana. 19345 763