“Jeso a Ithuta mme a Gola,” Friend, Firikgong 2021
Dipolelo tsa dikwalo tse di boitshepo
Jeso a Ithuta mme a Gola
Ditshwantsho ka Apryl Stott
Jeso o ne a tsholwa jaaka ngwana yo monnye. Ke kile ka nna ngwana le nna!
Marea le Josefa ba thusa go tlhokomela Jeso. Ke mang yo o thusang go ntlhokomela?
Jeso o godile ka ditsela tseo ke golang ka tsone. O ne a gola mo botlhaleng. Se se raya gore o ithutile dilo tse dišha.
O ne a gola mo ditebegong. Se se raya gore mmele wa Gagwe o ne wa nna motona.
O ne a gola mo go ratweng ke Modimo. Se se raya gore O ne a ithuta ka ga Rara wa Legodimo. O ne a ithuta go rapela. A bala dikwalo tse di boitshepo.
O ne a gola mo go ratweng ke batho. Se se raya gore o dirile ditsala tse dišha. O ne a le pelonomi mo go ba bangwe. O thusitse ba losika la gagwe.
Ke ka thusa tlhaloganyo le mmele wa me go gola. Ke ka ithuta ka Modimo. Ke ka nna tsala e e molemo. Ke tlaa gola ka ditsela tse di molemo, jaaka Jeso a dirile!
© 2020 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. Printed in USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya Thanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Firikgong 2021. Puo. 17463 763