2021
Jeso a Ithuta mme a Gola
Firikgong 2021


“Jeso a Ithuta mme a Gola,” Friend, Firikgong 2021

Dipolelo tsa dikwalo tse di boitshepo

Jeso a Ithuta mme a Gola

ngwana Jeso

Ditshwantsho ka Apryl Stott

Jeso o ne a tsholwa jaaka ngwana yo monnye. Ke kile ka nna ngwana le nna!

Marea, Josefa, le ngwana Jeso

Marea le Josefa ba thusa go tlhokomela Jeso. Ke mang yo o thusang go ntlhokomela?

Josefa le Jeso yo mmotlana

Jeso o godile ka ditsela tseo ke golang ka tsone. O ne a gola mo botlhaleng. Se se raya gore o ithutile dilo tse dišha.

Jeso yo mmotlana

O ne a gola mo ditebegong. Se se raya gore mmele wa Gagwe o ne wa nna motona.

Jeso yo mmotlana a ithutontsha

O ne a gola mo go ratweng ke Modimo. Se se raya gore O ne a ithuta ka ga Rara wa Legodimo. O ne a ithuta go rapela. A bala dikwalo tse di boitshepo.

Jeso yo mmotlana le bana ba bangwe

O ne a gola mo go ratweng ke batho. Se se raya gore o dirile ditsala tse dišha. O ne a le pelonomi mo go ba bangwe. O thusitse ba losika la gagwe.

bana mo tshimong

Ke ka thusa tlhaloganyo le mmele wa me go gola. Ke ka ithuta ka Modimo. Ke ka nna tsala e e molemo. Ke tlaa gola ka ditsela tse di molemo, jaaka Jeso a dirile!