Go Nonofo ya Banana
Tlolaganyo ya Rona—Sakaramente
Go Nonofo ya Banana Mopitlo 2026


Molaetsa wa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le Kgwedi, Mopitlo 2026

Ekesodo 12

Tlolaganyo ya Rona—Sakaramente

Go na le sengwe se tshwanang gareng ga Tlolaganyo ya bogologolo le sakaramente sa rona sa beke le beke.

mosetsanyana

Ditshwantsho ka Alyssa Tallent

Pele ga Baiseraele ba bogologolo ba ne ba ka tlogela bokgoba jwa bone kwa Egepeto, ba ne ba kopiwa go sala morago ditaelo tse di kgethegileng go tswa mo Moreneng gore moengele yo o senyang a ba tlhokomele, kgotsa a ba tlolaganye (bona Ekesodo 12). Fa ba sena go tswa kwa Egepeto, Baiseraele ba ne ba tsena mokete ngwaga le ngwaga, o bidiwa Tlolaganyo, go gakologelwa jaaka Morena a golotseng batho ba Gagwe ba kgolagano.

Mo bekeng ya Gagwe ya botselo jwa nama, Jeso Keresete o ne a le kwa sejong sa Tlolaganyo. Re bitsa sejo seo Selalelo sa Bofelo. Mmoloki o ne a dirisa tiragalo eo go simolosa sekao sa sakaramente, se re se tsenang beke le beke. (Bona Mathaio 26:26–28; Luke 22:19–20; Dithuto le Dikgolagano 20:77, 79.)

Tse ke ditlhale tse di tshwana gareng ga Tlolaganyo ya ntlha, Sejo sa Morena sa Maitseboa, le sakaramente sa gompieno tse di ka re thusang go gakologelwa kgololo ka ntlha ya Mmoloki.

foreime ya lebati kwa Tlolaganyong
Selalelo sa Bofelo
Senkgwe le metsi tsa sakaramente

Senkgwe

Tlolaganyo: Mo malatsing a le supa, Baiseraele ba ne ba ja senkgwe se se neng se sa bedisiwa (se se sepiti go dirwa ebile se sa tlhaselwe motlhogo ke mouta le go bola).

Selalelo sa Bofelo: Jeso Keresete o segofaditse a bo a kgaoganya senkgwe se se sa bedisiwang sa Tlolaganyo, mme A se fa barutwana. O ba laese gore ba se je mo kgakololong ya mmele wa Gagwe, O neng a itse gore o tlaa kgaogangwa ka nakwana, le go tlhokafala mme o tshoge gape.

Sakaramente: Re ja senkgwe mo kgakologelong ya mmele wa ga Jeso Keresete.

Jeso Keresete ke Senkgwe sa Botshelo. Ka ntlha ya Tsogo ya Gagwe, rotlhe re tlaa tsoswa ka mebele e e itekanetseng, e e ka se senngweng, e e sa sweng. O re golola mo lesong.

Madi a Kwana

Tlolaganyo: Kwana ya Tlolaganyo e ne e le kwana e e se nang selabe, e e nang le ngwaga o le mongwe. E ne e bolawa, le madi a yone a tsewa mo sekotlolong. Isopa (setlhatsana) e ne e tsenngwa mo sekotleleng mme e dirisiwa go gasa madi mo foreiming ya lebati la ntlo. Se e ne e le sesupo sa kwa ntle se se neng se supa batho ba Morena ba kgolagano gore ba tlolaganngwe ke moengele yo o senyang gore ba gololwe go tswa mo bokgobeng kwa Egepeto.

Selalelo sa Bofelo: Jeso Keresete o dirisitse mofine go supa madi a Gagwe. O laetse barutwana ba Gagwe go o nwa mo kgakololong ya madi a Gagwe, a a tlaa ba tshololelwang gore itshwarelwa dibe le e le karolo ya kgolagano e ntsha.

Sakaramente: Re nwa metsi go gakologelwa madi a ga Jeso Keresete.

Jeso Keresete ke Kwana ya Modimo. Madi a Gagwe a ne a tshololwa jaaka A bogela dibe le makoa a rona. Madi a Gagwe—setlhabelo sa Gagwe—se a re phepafatsa. O re golola mo boleong.