Go Nonofo ya Banana
A o Batla go Itumela le go Feta? Leka Malebogo
Go Nonofo ya Banana Tlhakole 2026


Molaetsa wa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le Kgwedi, Tlhakole 2026

A o Batla go Itumela le go Feta? Leka Malebogo

Fa botshelo jwa gago bo tletse ka diphetogo, malebogo a ka go thusa go tlhoma mogopolo mo bomolemong le go nna ka tsholofelo.

motho ka fa tlase ga maru a pula le motho a dikaganyeditswe ke dinonyane le dirurubele le dithunya

Ditshwantsho ka Maggie Stephenson

Ga o kitla o itumela go feta ka fa o lebogang ka teng.”

Fela jaaka mafoko a nopolo go tswa Mogolwane Gary B. Sabin wa ba ba Masome a Supa a akantsha, gore o itumetse go le kana kang go tlhotlhelediwa ka tlhamalalo ke gore o leboga go le kana kang. Go a utlwala—fa o leboga, o tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng go na le tse di sa siamang.

Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha botshelo bo tsamayang jaaka re bo rulagantse. Diphetogo tse di sa solofelwang di ka dira gore o tshwenyege thata mo maikutlong, o hutsafale, kgotsa o kgobege marapo go na le go itumela. Mme fa dilo di le thata, go leboga go ka go thusa gore o nne ka tsholofelo. Leka ditsela tseno tse tharo tsa go tlisa malebogo a a oketsegileng mo botshelong jwa gago.

1. Batla tse di Molemo

Nako e ntsi, go thata go nna le malebogo fa o ikutlwa o kare o tlhaela sengwe. Mme ke masego afe a o ka nnang wa a itlhokomolosa fa o tlhoma mogopolo mo go se o se nang sone go na le mo go se o nang le sone?

Fa o ntse o batla dilo tse di molemo mo botshelong jwa gago, ka tsamao ya nako go tlaa nna motlhofo go di bona.

2. Bontsha Tebogo go Moabi

Fa o bala masego a o nang le one, o se ka wa lebala gore a tswa kae.

Go lebogela Rara wa rona wa Legodimo dimpho tsa Gagwe—go akaretsa mpho ya Morwa wa Gagwe—go oketsa thato ya gago le tumelo mo go Ene. Poresidente D. Todd Christofferson, Mogakolodi wa Bobedi mo Boporesidenteng jwa Ntlha, le ene o ne a tlhalosa, “Go ikutlwa le go bontsha malebogo go Modimo … go tsenya maikutlo a bosha jo bo itumedisang mo kobamelong,” go go tlisetsa boitumelo le nonofo le go thusa bopaki jwa gago go nna jo bo tlhomameng.

3. Tlhoma Mogopolo mo Togamaanong ya ga Rara wa Legodimo

Go sena pelaelo, go nna motho yo o lebogang ga go reye gore o itlhokomolose dilo tse di thata mo botshelong kana gore o nne o itumetse ka dinako tsotlhe. Tota le Jeso Keresete o ne a utlwa le go amogela botlhoko (bona Alema 7:11; Dithuto le Dikgolagano 19:18–19). Khutsafalo ke karolo e e tlwaelesegileng mo nameng.

Mme le fa go ka nna jang, go na le sengwe se se sa fetogeng: togamaano ya kutlwelobotlhoko ya ga Rara wa Legodimo. Kutsafalo yotlhe le botlhoko jo o bo itemogelang mo botshelong di tlaa baakanngwa ka ntlha ya ga Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe (bona Tshenolo 21:4).

Mogolwane Dieter F. Uchtdorf wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o tlhalositse “Go leboga ka dinako tsa mathata ga go reye gore re itumelela maemo a re leng mo go one. Go raya gore ka matlho a tumelo re leba go fitisa dikgwetlho tsa rona tsa letsatsi leno.”

Dintlha

  1. Gary B. Sabin, Oct. 2023 general conference (Liahona, Nov. 2023, 58).

  2. D. Todd Christofferson, Apr. 2025 general conference (Liahona, Motsheganong 2025, 77).

  3. Dieter F. Uchtdorf, “Grateful in Any Circumstances,” Apr. 2014 bokopano jwa kakaretso (Ensign kgotsa Liahona, Motsheganong 2014, 76).