2025
Re itseng ka ga badisa kwa Keresemoseng ya ntlha?
Go Nonofo ya Banana Sedimonthole 2025


Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Sedimonthole 2025

Re itseng ka ga badisa kwa Keresemoseng ya ntlha?

mosetsanyana

Badisa, ka Brian Call

Re itse dilo di se kae ka ga badisa kwa Keresemoseng ya ntlha.

Ba ne ba le gaufi le Bethelehema. Badisa ba ne ba le “mo lefatsheng le le tshwanang” kwa botsalong jwa ga Keresete bo diragaletseng teng (Luke 2:8). Ebile ba ne ba kgona go goroga kwa Bethelehema ka maoto fa a ne a santse a le gone ne kwa (bona Luke 2:15–16).

Ba ne ba dira tiro ya bone. Badisa ba ba ne “ba nna mo nageng, ba disitse ba tlhokometse letsomane la bone bosigo” (Luke 2:8). E ne e le badisa ba ba molemo le boikanyego, jaaka mmoloki—a Modisa yo o Molemo (bona Johane 10:11, 14).

Ba ne ba itse diperofeso tsa ga Mesia Kgabagare ba ne ba itse se moengele a neng a bua ka sone fa a bega ka go tsholwa ga ga “morena Keresete” (Luke 2:11), Mesia yo go perofetilweng ka ene bogologolo.

Ba ne ba na le tlhoafalo e kgolo. Fa moengele a ba bolelela ka ga “losea … le le robaditsweng mo bojelong” (Luke 2:12), ba ne ba “itlhaganela” go Mmona (Luke 2:16).

Ba ne ba abelana dikgang tse di molemo. Ba “itsise kwa moseja“ se ba se utlwileng le go se bona mabapi le molaetsa wa moengele ka ga go tsholwa ga ga Jeso (Luke 2:17).

Ba leboga le go baka Modimo. Morago ga tshotlhe tse, “ba bowa, ba galaletsa le go baka Modimo go tsotlhe dilo tse ba di boneng le go di utlwa” (Luke 2:20).