Molaetsa wa Go Nonofo ya Banana wa kgwedi le kgwedi, Phalane 2025
Ke ka ntlha ya eng fa Morena a na le Kereke?
Boikaelelo jwa Kereke ya ga Keresete ke “go kgontsha batho ka bongwe le malwapa go thusa Modimo mo go diragatseng tiro ya Gagwe ya poloko le ya kgalalelo ya bosakhutleng.” Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo e thusa “go tshwaneledisa bana ba [Modimo] tlhatlogo e e kwa godimo ya kgalalelo, e leng kgalalelo ya bosakhutleng kgotsa botshelo jo bo sa khutleng.”
“Mmoloki … o ne a laela [Kereke] go diragatsa maikaelelo a Gagwe—go rera efangele ya Gagwe, go neela ditao le dikgolagano tsa Gagwe, le go dira gore go kgonege gore ka thata ya Gagwe a re siamise le go re itshepisa.”
Maloko a Kereke a kgona go bona thata le ditshegofatso tsa ga Jeso Keresete ka taolo ya boperesiti le dinotlele, dikgolagano le ditao, kaelo ya seperofeso, dikwalo tse di boitshepo, le setšhaba sa Baitshepi.
Kereke gape e laetswe: “Tsogang lo phatsime go ya pele, gore lesedi la lona e nne mokgele wa ditšhaba” (Dithuto le Dikgolagano 115:5).
Maloko a Kereke a leka go “phatsima” ka go tshela efangele, go laletsa botlhe go amogela efangele, go kopanya malwapa go ya bosakhutleng, le go tlhokomela bahumanegi le batlhoki. Se ke tiro ya Modimo ya poloko le kgalalelo ya bosakhutleng.
© 2025 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Go Nonofo ya Banana wa kgwedi le kgwedi, Phalane 2025. Tswana. 19624 763