Molaetsa wa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Mopitlo 2025
Re tshela jang mo lefatsheng le go “beela fa thoko dilo tsa lefatshe le”?
The Disciples Whom He Had Chosen [Barutwana Ba A Neng A Ba Tlhophile], ka Casey Childs
Morena o rile. “O tlaa beela kwa thoko dilo tsa lefatshe le, mme o batle dilo tsa le le botoka” (Dithuto le Dikgolagano 25:10). Se ga se reye gore re ikgatholosa matlhoko a rona a tsa senama le di dirisiwa, mme ga go reye gore re baya dipelo tsa rona mo khumong, thata, maemo, kgotsa di tetla tsa lefatshe. Fano ke dingwe tsa melawana e re e rutilweng ka ga go tshela mo lefatsheng:
Baya dilo tsa Modimo pele. “Batla pele bogosi jwa Modimo, le tshiamo ya gagwe” (Mathaio 6:33). Mo dipelong tsa rona le matshelo a rona, Ditaelo tsa Modimo le dikgolagano tsa rona le Ene ke maitlamo a rona.
Batla go ithuta. “Jaaka o ithuta ka ga lefatshe go go dikologa, le gone ithute ka ga Mmoloki. … Fa o ithuta mo gontsi, ke gone mo o ka thusang thata go aga bogosi jwa Modimo le go rotloetsa lefatshe mo go molemo” (For the Strength of Youth: A Guide for Making Choices [2022], 31, 32).
Tiro. “Tiro ke molawana o o botlhokwa wa efangele. E godisa kgolo le go re tlhabolola. … Morena ga a batle fela re tlamela malwapa a rona mme ‘ba diragatse tshiamo e kgolo’ [Dithuto le Dikgolagano 58:27]” (“Employment,” Topics and Questions, Gospel Library).
© 2025 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Tlhanolo ya Monthly For the Strength of Youth Message, March 2025. Tswana. 19628 763