“Tlolaganyo,” Tsala, Moranang 2026, 46–48.
Molaetsa wa Tsala wa Kgwedi le Kgwedi, Moranang 2026
Tlolaganyo
Moše o ne a ya kwa go Faro mme a mo kopa gore a golole makgoba a Baiseraele. Faro o ne a gana. Morena a romela dibetso kwa Egepeto, mme Faro o ne a ntse a re nnyaa.
Morena o rile O tlaa romela petso ya bofelo. Ngwana wa leitibolo wa lelwapa lengwe le lengwe kwa Egepeto o ne a tlaa swa. Mme fa Baiseraele ba ne ba ka latela ditaelo tsa Gagwe, sebetso se ne se tlaa ba feta.
Morena o boleletse Baiseraele go ntsha kwana e tonanyana e e itekanetseng setlhabelo mme ba tshase madi a kwana fa godimo ga mabati a bone.
Sebetso sa tla. Maitibolo otlhe a Baegepeto a ne a swa, go akaretsa le morwa Faro. Mme maitibolo a Baiseraele a ne a bolokiwa gonne a ne a utlwa Morena.
Faro o ne a bolelela Moše le Baiseraele gore ba tswe kwa Egepeto. Mme Faro o ne a galefile. Ene le mophato wa gagwe ba ba lelekile.
Baiseraele ba ne ba thibelela kwa Lewatleng le Lehibidu. Fa ba bona Baegepeto ba tla, ba ne ba tshoga. Moše o rile Morena o tla ba sireletsa.
Moše o ne a tsholetsa thobane ya gagwe, mme Morena a kgaoganya lewatle. Baiseraele ba ne ba kgabaganya mo mmung o o omileng.
Fa Baiseraele ba setse ba sireletsegile kwa moseja ga lewatle, metsi a ne a fologa mme a nwetsa masole. Baiseraele ba ne ba gololesegile kgabagare.
Tsebe ya go Taka
Jeso Keresete o tsoseditswe Nna.
Ditshwantsho ka Audrey Day. E ka kopololwa go dirisiwa mo Kerekeng fela.
Ke eng se o ka se dirang go gopola Jeso Keresete ka Paseka eno le ngwaga otlhe?
© 2026 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Monthly The Friend Message, April 2026. Tswana. 20062 763