“Moše Moperofeti,” Tsala, Mopitlo 2026, 46–48.
Molaetsa wa Tsala wa Kgwedi le Kgwedi, Mopitlo 2026
Moše Moperofeti
Moše o ne a le Moiseraele, mme o godisitswe ke morwadia Faro kwa Egypt. Moše o ne a sa itumela ka gore Baegepeto ba ne ba tshwenya Baiseraele mme ba ba dira bakgoba ba bone.
Letsatsi lengwe Moše a bona Moegepeto a betsa Moiseraele. Moše o ne a sireletsa Moiseraele.
Fa Faro a utlwa, o ne a batla go bolayaMoše, mme Moše a sia go tswa mo Egepeto.
Moše o ne a tla kwa lefelong le bidiwa Midian, kwa a kopaneng le mosadi a bidiwa Zipporah. Ba ne ba nyalana mme ba nna le bana.
Fa a ntse a nna kwa Midian, Moše o ne a bona setlhatsana se se neng se tshwere molelo, mme molelo wa seka wa fisa setlhatsana. Morena a bonala mo molelong A bua le Moše.
Morena o ne A re o itse gore Baiseraele ba ne ba boga kwa Egepeto. O ne a laela Moše go boela kwa Egepeto go bolelela Faro gore a golole Baiseraele. Morena o ne A re o tlaa thusa Moše go golola Baiseraele le go ba gogela kwa lefelong la tsholofetso.
Tsebe ya go Taka
Ke Ka Nna Pelontle go Ba Bangwe
Ditshwantsho ka Audrey Day. E ka kopololwa go dirisiwa mo Kerekeng fela.
O ka dira eng beke e gore o nne pelontle?
© 2026 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Monthly Friend Message, March 2026. Tswana. 19938 763