“Noa le Areka,” Friend, Tlhakole 2026, 46–48.
Molaetsa wa Friend wa Kgwedi le kgwedi, Tlhakole 2026
Noa le Areka
Noa le lelwapa lwa gagwe ba ne ba obamela Morena. Batho ba bangwe botlhe ba ne ba le bosula thata. Morena o ne a bolelela Noa gore morwalela o ya go khurumetsa lefatshe fa batho ba sa ikwatlhaye.
Noa a bolelela batho gore Morena o a ba rata e bile o batla gore ba ikwatlhaye le go nna le tumelo mo go Jeso Keresete. Ba ne ba sa reetse.
Morena o ne a bolelela Noa gore a age sekepe se segolo se se bidiwang areka. Areka e ne e tlaa boloka lelwapa lwa ga Noa ka nako ya morwalela.
Lelwapa lwa ga Noa le ne la tsenya dijo mo arekeng. Morena o ne a romela diphologolo tsa mefuta yotlhe di le pedi go Noa gore a di tsenye mo arekeng. Ka jalo pula ya simolola go na.
Pula e nele malatsi a le 40 le masigo a le 40. Morwalela o ne wa khurumetsa lefatshe, fela jaaka Morena a ne a tlhagisitse.
Lelwapa lwa ga Noa le diphologolo tsotlhe tse di mo arekeng tsa kokobala ka pabalesego mo metsing.
Fa morwalela o sena go fela, areka e ne ya ema mo mmung o o omileng. Noa le lelwapa lwa gagwe ba ne ba lebogela Morena go ba babalela. Morena a solofetsa gore ga a kitla a tlhola a tlisa morwalela gape mo lefatsheng. O ne a romela motshe wa godimo e le segopotso sa tsholofetso ya Gagwe.
Tsebe ya go Taka
Go Sala Morago Moperofeti wa Morena Go Tlaa Ntshegofatsa
Setshwantsho ka Audrey Day
O ka dira eng go sala morago moperofeti?
© 2026 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Monthly Friend Message, February 2026. Tswana. 19927 763