Tsala
Atame le Efa
Firikgong 2026 Tsala


“Atame le Efa,” Tsala, Firikgong 2026, 46–48.

Molaetsa wa kgwedi le kgwedi wa Tsala Firikgong 2026

Atame le Efa

Atame le Efa mo Tshimong ya Etene le diphologolo

Atame le Efa e ne e le bana ba ntlha ba ga Rara wa Legodimo go nna mo lefatsheng. Ba ne ba nna mo Tshimong ya Etene.

Setlhare sa botshelo

Modimo a letla gore ba je leungo la setlhare sengwe le sengwe ntleng ga se le sengwe. Fa ba a ja go tswa mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula, ba ne ba tshwanetse go tswa mo tshimong mme kgabagare ba swe. Mme Satane a ba aketsa. O ne a re fa ba a ja leungo, ba tlaa itse molemo le bosula mme ga ba na go swa.

Efa a tsaya leungo go tswa mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula

Efa o ne a itlhophela go ja leungo.

Diatla tsa ga Efa di fitisa leungo kwa diatleng tsa ga Atame

Ke gone a neela Atame lengwe la leungo go ja. Le gone le ene a itlhophela go le ja.

Atame le Efa ba iphitlhile mo sekgweng fa Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba iponatsa

Modimo le Jeso Keresete ba ba etela, mme Atame le Efa ba ne ba tshogile mme ba iphitlha. Modimo a botsa fa ba jele leungo go tswa mo setlhareng.

Atame le Efa ba apere matlalo mme ba tswa mo  Tshimong ya Etene

Atame le Efa ba re ba jele leungo. Jaanong ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela Tshimo ya Etene. Mme Modimo o ne a na le lenaneo. Jaanong ba ne ba itse tshiamo go tswa mo bosuleng mme ba ka nna le bana.

Atame le Efa le lelwapa la bone

Atame le Efa ba solofetsa go obamela ditaelo tsa Modimo. Ba ithuta mo gontsi ka ga Morwa Modimo, Jeso Keresete. Ba ne ba itumetse gonne O tlaa thusa lelwapa la bone go boela go Modimo.

Tsebe ya go Taka

Jeso o tlhodile Lefatshe

Tsebe PDF

Setshwantsho ka Audrey Day

Ke dife dilo tse o di ratang tse Keresete a di bopileng?