“Baitshepi ba Ya Bophirima,” Tsala, December 2025, 26–28.
Molaetsa wa Tsala wa Kgwedi le kgwedi, Sedimonthole 2025
Baitshepi ba ya Bophirima
Morago ga go swa ga ga Joseph Smith, Brigham Young le Baaposetole ba bangwe ba goga Kereke. Brigham o ne a itse fa Baitshepi ba tshwanetse go tlogela Nauvoo gonne go ne go sa babalesega. Mme Morena o ne a batla ba feleletsa go aga tempele pele.
Fa tempele e siame, dikete tsa Baitshepi tsa dira dikgolagano le Morena mme ba ne ba kanwa jaaka malwapa.
Jaanong e ne e le nako ya go simolola loeto la bone go ya bophirima. Seemo sa bosa se ne se le tsididi, mme batho ba ne ba lwala mme ba tshwerwe ke tlala.
Brigham a rapelela thuso. Morena o ne a re ba tshwanetse go thusana, mme o tlaa ba segofatsa le go ba thusa.
Mosepele o ne o santse o le thata. Batho bangwe ba ne ba swa. Mme ka ntlha ya dikgolagano tsa bone tsa tempele, Baitshepi ba ne ba itse gore ba tlaa bona ba lelwapa lwa bone gape.
Baitshepi ba ntlha ba gorogile mo Salt Lake Valley ka 1847 Fano ba ka obamela Morena le go dira tiro ya Gagwe mo kagisong.
Mo dingwageng, Baitshepi ba bantsi ba goroga le go aga ditempele tse dintsi. Baanamisa efangele ba tsamaya lefatshe lotlhe go ruta efagele ya ga Jeso Keresete. Kereke ya Mmoloki e tsweletse ka go gola, e segofatsa Bana ba ga Rara wa Legodimo gongwe le gongwe.
Tsebe ya go Taka
Ke Ene Lesedi, le Botshelo, le Tsholofelo ya Lefatshe.”
Setshwantsho ka Corey Egbert
O dira eng ka Keresemose go gakologelwa Jeso Keresete?
© 2025 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya thanolo: 6/19. Thanolo ya Monthly Liahona Message, December 2025. Tswana. 19637 763