2025
Jane Manning o tsaya loeto go ya kwa Nauvoo
Phalane 2025


“Jane Manning o tsaya loeto go ya kwa Nauvoo,” Tsala, Phalane 2025, 26–28.

Molaetsa wa Tsala wa kgwedi le kgwedi, Phalane 2025

Jane Manning o tsaya loeto go ya kwa Nauvoo

Monna a kolobetsa Jane Manning mo lefelong le le kwa ntle

Kwa Jane Manning a neng a nna teng, batho bangwe ba ne ba sa mo tseye sentle ka ntlha ya mmala wa letlalo la gagwe. Letsatsi lengwe, o ne a utlwa moanamisa efangele a ruta. Go ise go ye kae o ne a kolobediwa.

Jane le ba lelwapa la gagwe ba eme mo lotshitshing gaufi le mokoro

Lelwapa la gaabo Jane le lone le ne la kolobediwa. Botlhe ba ne ba batla go nna le Baitshepi kwa Nauvoo. Ka jalo ba simolola loeto lwa bone.

Jane le ba lelwapa la gagwe ba tshotse dikgetsana mme ba lebile mokoro o tsamaya mo nokeng

Lelwapa la gaabo Jane le ne le batla go tsamaya ka mokoro mo karolong ya loeto, mme ba ne ba se na madi a a lekaneng. Ka jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya ka dinao dimaele di le 800 (dikilometara di le 1 300).

Jane le ba lelwapa la gagwe ba tsamaya ka ditlhako tse di onetseng le diaparo tse di seretse

Ba ne ba tshwanelwa ke go kgabaganya molatswana o o boteng le go robala kwa ntle mo serameng. Mme ba ne ba ikemiseditse go fitlha kwa Nauvoo. Ba ne ba itumedisa ka go opela fa ba ntse ba tsamaya ka dinao.

Jane o phuthela leoto la monna ka se bofa dintho

Lelwapa la gaabo Jane le ne la tsamaya ka dinao go fitlhelela ditlhako tsa bone di fela mme dinao tsa bone tsa gobala. Mme fa ba ne ba rapela Modimo gore a ba thuse, O ne a fodisa dinao tsa bone.

Setlhopha sa batho se lebile Jane le mosadi yo o tshwereng ngwana yo o lwalang

Ba ne ba thusa batho ba ba neng ba kopana le bone mo tseleng. Ba ne ba bo ba thusa go fodisa ngwana yo o lwalang ka ntlha ya tumelo ya bone.

Jane a atla Emma Smith le Joseph Smith a nyenya

Kgabagare, Jane le ba lelwapa la gagwe ba goroga kwa Nauvoo! Fa Joseph Smith a utlwa tsotlhe tse ba fetileng mo go tsone, o ne a raya Jane a re, “Modimo a go segofatse. O mo gare ga ditsala jaanong.”

Tsebe ya go Taka

Jeso o batla ke rata mongwe le mongwe.

Tsebe ya go taka PDF ya bana ba babedi ba ntse mmogo mo setulong

Setshwantsho ka Corey Egbert

O supa jang lorato mo go ba bangwe?