2025
Go aga Nauvoo
Motsheganong 2025


“Building Nauvoo,” Friend, Lwetse 2025, 26–28.

Monthly Friend Message, September 2025

Go aga Nauvoo

Baitshepi ba Pele ba ba neng ba nna mo ditanteng go bapa le dintshing tsa Noka ya Mississippi

Mmoloki o ne a bolelela Baitshepi go phuthegela mo lefelong le lesha. E ne e le gaufi le noka e kgolo, koo lefatshe le neng le le metsi e bile le le seretse. Le ne le sa lebege e le lefelo le le siameng la go aga toropo. Mme Moperofeti Joseph Smith o ne a itse gore ka thuso ya Morena, ba ka le dira lentle.

Monna a rwele dikgong mo legetleng, pitse le kolotsana tse di nang le dilwana tsa go aga, le matlo a dikgong
Joseph Smith le banna ba bangwe ba baya ditena fa ba ntse ba aga ntlo

Baitshepi ba ne ba dira ka natla go le dira lefelo le le siameng la go nna. Joseph o ne a bitsa toropo Nauvoo, se se rayang “lefelo le lentle.”

Joseph Smith a supa lefelo mo thoteng la tempele

Morena o ne a batla Baitshepi ba Gagwe ba aga tempele mo Nauvoo. Batho ba ne ka bonako ba simolola go dira.

Joseph Smith a ruta Baitshepi ba bangwe mo ntlong

Morena o ne a na le ditshegofatso tse dikgolo go di neela batho ba gagwe. Mo tempeleng, ba ne ba tlaa dira dikgolagano, kgotsa ditsholofetso tse di kgethegileng, le Morena. Ba ne ba tlaa ithuta gape ka togamaano ya ga Rara wa Legodimo ya boitumelo ya bana ba Gagwe botlhe.

Tempele ya Nauvoo e e weditsweng

Baitshepi ba ne ba dira ka natla go aga tempele. Go ne ga tsaya nako e telele, mme ba ne ba itumeletse go ithuta ka ga ditsholofetso tse di kgethegileng tse Morena a neng a di ba tsholetse mo tempeleng ya Gagwe.

Tsebe ya go Taka

Tempele Ke Ntlo ya Morena

Tsebe ya go taka ya Tiro ya tempele PDF

Setshwantsho ka Corey Egbert

O ikutlwa jang fa o bona tempele?