2025
Kgolegelo ya Liberty
Motsheganong 2025


“Kgolegelo ya Liberty,” Friend, Phatwe 2025, 26–28.

Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le Kgwedi, Phatwe 2025

Kgolegelo ya Liberty

Matlo a a sha le banna ba ba galefileng ka ditlhobolo

Batho ba bantsi mo Missouri ba ne ba sa rate Baitshepi. Mmusi o ne a romela masole go dira gore ba tsamaye.

Monna mo pitseng a supa Joseph Smith ka tšhaka

Masole a tshwara Joseph Smith le baeteledipele ba bangwe ba Kereke. Bosigo bongwe, badisa ba ne ba tshega ka dilo tse di maswe tse ba di dirileng go Baitshepi.

Joseph Smith ka dikeetane mo malenganeng a gagwe, a eme ka dinao le go bua le banna

Joseph a ema mme a goa, “Didimalang!” O ne a bua ka thata ya Modimo. Badisa ba ne ba re a ba itshwarele mme ba emisa go bua.

Joseph Smith le banna ba bangwe mo Kgolegelong ya Liberty ba lebega ba sa itumela le go sitwa

Kgabagare, Joseph le ditsala tsa gagwe ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong e e mo motseng o bidiwa Liberty. Kgolegelo e ne e le tsididi, e le nnye, le lefifi. Ba ne fela ba na le lotlhaka go robala mo go lone. Dijo tse ba neng ba di neetswe di ne tsa ba dira gore ba lwale.

Joseph Smith a lela mme monna a mo gomotsa

Joseph o ne a tshwenyegile ka ga Baitshepi. Mme o ne a sa kgone go dira sepe go ba thusa.

Joseph Smith a khubame go rapela mo kgolegelong

Joseph a rapela thata. O ne a botsa fa Modimo a lebetse ka ga ene le maloko a Kereke.

Joseph Smith a khubame mo kgolegelong, a lebeletse kwa godimo kwa marang a letsatsi a tlhabang ka fensetere e e nnye

Modimo a araba thapelo ya ga Joseph. Mme a re, “Morwaake, kagiso e nne go mowa wa gago.” Modimo a bolelela Joseph gore dikgwetlho tsa gagwe di ne di ka se ke di nnele ruri mme di tlaa mo direla molemo. O solofeditse gore o tlaa nna le Joseph “ka metlha le metlha” (Dithuto le Dikgolagano 121:7, 46).

Tsebe ya go Taka

Ke ka Nna Jaaka Lesedi mo go ba Bangwe

Tsebe ya go taka ya ditiragalo tsa ntlo ya lesedi, letshitshi le le matlapa, le sekepe mo lewatleng

Setshwantsho ka Corey Egbert

O sekai se se molemo jang mo go ba bangwe?